Lipesalema 49 - Sechuana Tlhaping Moffatt Bible 1890(TSN1890)

PESALEM 49.¶ Pesalem ea bana ba ga Korahe, go Mooperi eo mogolu.

1UTLUAÑ ye, lona merahe eotle; retsañ, lona lotle baagi ba lehatsi;

2Ba botlana le bagoluane, bahumi, le balala mogo.

3Molomo oa me o tla bua botlale; mi khakologelo ea pelu ea me e tla na tlaloganyo.

4Ki tla sekegela tsebe ea me seheleñ; ki tla rarabolola huku ya me ya basaitsioeñ mo harepeñ.

5Ki tla bo ki boihelañ mo metleñ ea boshula; mogañ tsiamololo ea baba ba koko ba me e ’ntikanyeletsañ?

6Ba ba ikanyañ likhumo tsa bona, le go ipelahalela mo bogoluñ yoa mahumo a bona,

7Ga ope oa bona eo o ka gololañ ñoana oa ga rague ka gope, le esiñ go mo nela Morimo serekololo:

8(Gone serekololo sa moea oa gague se thata bogolu; mi ga se kake sa hitleloa ka bosina bokhutlo.)

9Ki gona ga go ope eo o ka tselañ ka go bisa go khutla, gore a si bone go bola.

10Gone o bona ha matlale a shua; lesilo le yeona, le eo o sinañ tlaloganyo, ba hela, mi ba tlogelela ba bañue lithoto tsa bona.

11Khopolo tsa teñ tsa bona, li re, matlu a bona a tla sala ka bosina bokhutlo; le maago a bona mo tsikatsikeñ; le maina a bona a belahaloa mo lehatsiñ.

12Leha gontse yalo bathu ga ba sale mo tlotloñ; ba cuana le tse ri tserileñ tse ri helañ.

13Mokhua o oa bona, ki bosilo yoa bona; mi ba ba ba rularañ ba nateheloa ki mahuku a bona. Sela.

14Ba larioa yaka liñku mo bobipoñ; loshu lo tla ba hurisa; mi basiami ba tla na le taolo mo go bona mo moshoñ: boiñtle yoa bona bo nyelela, bobipo ki boago yoa bona.

15Mi Morimo o tla golola moea oa me mo thateñ ea bobipo; gone o tla ’ncula. Sela.

16Si boihe, ha moñue a huma; mogañ khalalelo ea eintlu e na kholu.

17Gone ga a kake a ea le sepe mo loshuñ loa gague; khalalelo ea gague ga e kitla e hologela morago ga gague.

18Leha a la tsegahatsa moea oa gague ka a sa tserile; mi leha bathu ba gu baka, ka u itihela molemo;

19O tla ea kua boagoñ yoa bo‐rague; ba ba si kitlañ ba bona leseri ka bosina bokhutlo.

20Mothu eo o leñ mo tlotloñ, mi a sina tlaloganyo, o cuana le tse ri tserileñ tse ri nyelelañ.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help