1BELESHATSARE khosi a rihela bagoluane ba uan thousanda ba gague moletlo o mogolu, mi a noa boyaloa ha pele ga ba thousanda ba.
2Beleshatsare ka a sa leka boyaloa, a laola gore lilo tsa gouda le selevera li leroe, tse Nebukadenetsare rague o la a li ntsa mo tempeleñ e e le le kua Yerusalema; gore khosi le bagoluane ba eona, le basari ba eona, le bagariñuana ba eona, ba noele go cona.
3Ereha gona go leroeñ lilo tsa gouda tse ri tsa entsioa mo tempeleñ ea ntlu ea Morimo kua Yerusalema; mi khosi, le bagoluane ba eona, le basari ba eona, le bagariñuana ba eona, ba noela go cona.
4Ba noa boyaloa, ba baka merimo ea gouda, le ea selevera, le ea khotlo, le ea tsipi, le ea logoñ, le ea leincue.
5Ga coa menuana ea atla sa mothu ka oura ouo, ea kuala mo sebategoñ sa lomota loa paliso ea khosi go lebagana le setlomo sa lobone: mi khosi ea bona ntla ñue ea seatla se se kualañ.
6Ereha gona therimogo ea khosi e khuatahalañ, mi megopolo ea eona ea e rera, mi litokololo tsa mañkopa e eona tsa repa, mi mañuole a eona a ndana.
7Mi khosi ea bitsa thata, gore balepi ba linaleri, le Bakaledia, le baloi ba lerioe. Mi khosi ea bua, ea raea matlale a Babelona, Leha e le mañmañ eo o tla buisañ lokualo lo, le go ’nkitsise phuthololo ea lona, o tla apesioa porepura, a na le keten ea gouda mo thamoñ ea gague, mi o tla na mobusi oa bo‐teri oa bogosi.
8Ereha gona matlale a khosi aotle a tlañ: mi a sa nonohe go buisa lokualo, le esiñ go itsise khosi phuthololo ea lona.
9Ereha gona Beleshatsare khosi e reregañ segolu, mi therimogo ea gague ea khuata go ena, mi bagoluane ba gague ba gakhamarioa.
10Mi khosi ea sesari ea tsena mo tluñ ea moletlo ka mahuku a khosi, le bagoluane ba eona: mi khosi ea sesari ea bua ea re, Khosi, u tsele ka bosakhutleñ: a megopolo ea gago e si gu rere, mi a therimogo ea gago e si khuate:
11Go monona mo bogosiñ yoa gago eo moea ea merimo e e itsephileñ o go ena: gone gole ga bonoa go ena leseri, le tlaloganyo, le botlale, yaka botlale yoa merimo, ka malatsi a ga rago; ki gona Nebukadenetsare khosi rago o la a mo laorisa go na mogolu oa liñaka, le balepi ba linaleri, le Bakaledia, le baloi;
12Ka moea o o sitañ, le kico, le tlaloganyo, le phuthololo ea litoro, le ponaco tsa linyoaba, le go khololola malepa, tseuo tsa bonoa go ena, eboñ go Daniele eouo, eo khosi e le ea mitsa Beleteshatsare: a yana Daniele a birioe, mi o tla itsise phuthololo.
13¶ Ereha gona go leroeñ Daniele ha pele ga khosi. Mi khosi ea bua ea raea Daniele, A u Daniele, eo e leñ oa bana ba bacuaroi ba Yuda, ba rre khosi o la a ba ntsa mo Yudeñ?
14Ki utluile kaga gago, ha moea oa merimo o le go uena, le leseri, le tlaloganyo, le botlale yo bo sitañ, li bonoa go uena.
15Mi yana matlale, le balepi ba linaleri, ba le ba lerioe ha pele ga me, gore ba buise lokualo lo, le go ’nkitsise phuthololo ea lona: mi ga ba nonohe go itsise phuthololo ea mahuku a:
16Mi ki utluile ga gago, ha u nonohile go ntsa liphuthololo, le go khololola malepa: yana ha u nonohile go buisa lokualo lo, le go ’nkitsise phuthololo ea lona, u tla apesioa porepura, le keten ea gouda mo thamoñ ea gago, mi u tla na mobusi oa boteri oa bogosi.
17¶ Ereha gona Daniele o arabañ ha pele ga khosi, a re, A lineo tsa gago li ne go uena, mi naea eo moñue lituelo tsa gago; leha gontse yalo ki tla buisetsa khosi lokualo, ki e itsise phuthololo.
18Khosi, Morimo oa gorimorimo o lo oa naea Nebukadenetsare rago bogosi, le bogolu, le tlotlego, le khalalelo:
19Mi bathu botle, le merahe, le lipuo, ba roroma, ba boitsioa ha pele ga gague, ka bogolu yo o bo mo neileñ: a bolaea ba o ratañ go ba bolaea: mi a tserisa ba o ratañ go ba tserisa; a gorisa ba o ratañ go ba gorisa, a katisa ba o ratañ go ba katisa.
20Mi erile pelu ea gague e gorisioa, le moea oa gague o thataharioa mo kakahaloñ, a holosioa teroneñ ea gague ea bogosi, mi tlotlego ea gague ea tlosioa go ena:
21Mi a lelekoa mo baneñ ba bathu; mi pelu ea gague ea rihoa yaka ea tse ri tserileñ, le bonno yoa gague bo le bo na le liesela tse ri tlaga: ba mo hurisa morogo yaka likhomu, mele oa gague oa koloberioa ka monyo oa legorimo; ea tsamaea a itse ha Morimo oa gorimorimo o busa mo magosiñ a bathu, a o a laorisañ ba o ba ratañ.
22Mi uena, Beleshatsara, moroaue, ga ua ka ua katisa pelu ea gago, leha u itsile cotle tseuo.
23Mi u ikhoriseritse Morena oa legorimo; mi ba lerile lilo tsa ntlu ea gague ha pele ga gago, mi uena, le bagoluane ba gago, le basari ba gago, le bagariñuana ba gago, ba noetse boyaloa go cona; mi lo bakile merimo ea selevera le ea gouda, le ea khotlo, le ea tsipi, le ea logoñ, le ea leincue, e e sa boneñ, le esiñ go utlua, le go itse: mi Morimo o, moea oa gago o mo atleñ sa ona, le litsela tsa gago li go ona, ga ua ka ua o galaletsa:
24Ki gona ntla ñue ea seatla e romiloeñ ki ona; mi kualo lo loa kualoa.
25¶ Mi lo ki kualo lo lo kuariloeñ, MENE, MENE, TEKELE, UPA-RESINE.
26E ki phuthololo ea mahuku a: MENE; Morimo o barile bogosi yoa gago, oa bo uetsa.
27TEKELE; U lekancoe mo lilekanyoñ tsa pego, mi u bonyoe u le moheho.
28PERESE; Bogosi yoa gago bo khaogancoe, mi bo necoe Bameda le Baperesia.
29Ereha gona Beleshatsare o laolañ, mi ba apesa Daniele porepura, ba baea keten ea gouda mo thamoñ ea gague, mi ba küa ga gague, ha a le mobusi oa bo‐teri oa bogosi.
30¶ Beleshatsare khosi ea Bakaledia a bolaoa ka sigo youo.
31Mi Dariue oa Momeda a tsaea bogosi, a na ekane e le oa linyaga li sekeste tu.
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.