1MI ga rihala morago ga mouo, Davide a khemetha Bafiliseta a ba katisa: mi Davide a thopa Metegaama mo atleñ tsa Bafiliseta.
2Mi a khemetha Bamoaba a ba latsa ha hatsi, a ba lekanya ka lori, a lekanya ka linti li tu go bolaea, le go tserisa ka lori lo lo tletseñ lo loñue. Mi Bamoaba ba na batlañka ba ga Davide, ba isa lineo.
3¶ Le Hadadesere moroa Rehobe khosi ea Tsoba, Davide a mo khemetha ka a ea go bosetsa taolo ea gague kua molapoñ oa Euferate.
4Mi Davide a thopa go ena licariota li uan thousanda, le bapalami ba seven hundereda, le balinao ba tuente thousanda: mi Davide a ragola mesiha ea pitse tsa cariota cotle, mi a li sarisetsa licariota li uan hundereda ga cona.
5Mi Basiria ba Damaseka ba ea go thusa Hadadesere khosi ea Tsoba, mi Davide a khemetha ba Basiria banona ba tuente tu thousanda.
6Mi Davide a baea kago tsa tlabano mo Siria oa Damaseka: mi Basiria ba na batlañka ba ga Davide, ba isa lineo. Mi Yehova a buluka Davide gotle kua o eañ gona.
7Mi Davide a tsaea thebe tsa gouda tse li li mo batlañkeñ ba Hadadesere a li isa kua Yerusalema.
8Mi Davide khosi a thopa khotlo e kholu bogolu mo Beta, le mo Berotaia, metse ea Hadadesere.
9¶ Erile Toe khosi ea Hamata a utlua ha Davide a khemethile entua ea ga Hadadesere eotle.
10Ereha gona o romañ Yorame moroaue go Davide khosi go mo rumerisa le go mo tsegahatsa, gone a tlabanye le Hadadesere, a mo khemetha: gone Hadadesere a la a tlabana le Toe. Mi Yorame a isa lilo tsa selevera, le lilo tsa gouda, le lilo tsa khotlo:
11Tse le cona Davide a li tsephela Yehova, le selevera, le gouda tse o la a li tsephela tsa merahe eotle e o la a e katisa;
12Tsa Siria, le tsa Moaba, le tsa bana ba Amone, le tsa Bafiliseta, le tsa Baamaleka, le tsa thopo ea Hadadesere, moroa Rehobe, khosi ea Tsoba.
13Mi Davide a itiha leina, ka a sina boea go khemetha Basiria ba eiten thousanda mo mogorogoroñ oa lecoai.
14¶ Mi a baea kago tsa tlabano mo Edoma; a baea kago tsa tlabano mo Edoma otle, mi Baedoma ba na batlañka ba ga Davide botle. Mi Yehova a buluka Davide gotle kua o eañ gona.
15Mi Davide a busa Bayeserela botle; mi Davide a rihela bathu ba gague botle tsiamisho le tsiamo.
16Mi Yoabe moroa Tseruye a na le taolo mo entueñ; mi Yehoshafate moroa Ahilude e le le mokualeri bogosi;
17Mi Tsadoke moroa Ahitube, le Ahimeleke moroa Abiatare, e le le baperiseti; mi Seraye e le le mokuari;
18Mi Banaye moroa Yehoyade a na le taolo mo Bakereta le Bapeleta; mi bomoroa Davide e le le kala tse ri kholu.
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.