Daniele 1 - Sechuana Tlhaping Moffatt Bible 1890(TSN1890)

KHAOLO 1.

1NEBUKADENETSARE khosi ea Babelona a hitla Yerusalema, a o tlasela, ka ñuaga oa bo‐teri oa pusho ea ga Yehoyakime khosi ea Yuda.

2Mi Morena a tsenya Yehoyakime khosi ea Yuda mo atleñ sa gague, le lilo tse riñue tsa ntlu ea Morimo: mi a li isa kua hatsiñ ya Shinara, mo tluñ ea morimo oa gague; mi a tsenya lilo tseuo mo tluñ ea lohumo ea ntlu ea morimo oa gague.

3¶ Mi khosi ea bua le Ashepenase mogolu oa likala tsa eona, gore a lere bañue ba bana ba Yeserela, le ba losika loa bogosi, le ba likhosana;

4 Eboñ makau a a sinañ bokoa, a a maiñtle go leyoa, a na le tlaloganyo ea botlale yotle, le go itse botlale, le go itse kico, le a a nonohileñ go ema mo palisoñ ea khosi, a a ka rutoañ lokualo le puo ea Bakaledia.

5Mi khosi ea a laolela kabelo ea liyo tsa khosi ka tsatsi le tsatsi, le ga boyaloa yo e bo noañ; go a gorisa ka nyaga li teri, gore a eme ha pele ga khosi bokhutloñ yoa cona.

6Mi Daniele, le Hananie, le Mishaele, le Asarie, e le le ba bona ba bana ba Yuda.

7Mi mogolu oa likala a ba sha maina: mi a sha Daniele leina ya Beleteshatsare; le Hananie, ya Shaderake; le Mishaele, ya Meshake; le Asarie, ya Abede‐negoe.

8¶ Mi Daniele a ikaelela mo peluñ ea gague ha a si kitla a iitsekolola ka kabelo ea liyo tsa khosi, le esiñ ka boyaloa yo e bo noañ: ki gona o lopañ mogolu oa likala gore a si iitsekolole.

9Mi Morimo oa naea Daniele pelunomi le mautluelo botluku ha pele ga mogolu oa likala.

10Mi mogolu oa likala a raea Daniele, Kia boiha khosi morena oa me, e e lo laoletseñ liyo le noo: gone e ko e bonelañ lihatlogo tsa lona li tlonya bogolu go makau a mophato oa lona? yalo lo ko lo latuhatsa tlogo ea me khosiñ.

11Ereha gone Daniele o raeañ Meletsare, eo mogolu oa likala o mo laorisetseñ Daniele, le Hananie, le Mishaele, le Asarie, a re,

12A ko u leke batlañka benu, ka malatsi a ten; mi a ba re nee merogo go e ya, le metse go a noa.

13Ereha gona a ponalo tsa rona li bonoe ha pele ga gago, le ponalo ea makau a a yeleñ kabelo ea liyo tsa khosi: mi u rihe le batlañka benu kaha u tla bonañ ka gona.

14Mi a ba utlua mo seoñ se, a ba leka ka malatsi a ten.

15Mi malatsi a ten a sina heta, liponalo tsa bona tsa bonoa li liñtle, le nonno mo nameñ bogolu go makau aotle a a yeleñ kabelo ea liyo tsa khosi.

16Yalo Meletsare a tlosa kabelo ea liyo tsa bona, le boyaloa yo ba ko ba bo noa; mi a ba naea merogo.

17¶ Mi Morimo oa naea makau a for a, kico le tlaloganyo mo lokualoñ lotle le botlale: mi oa naea Daniele tlaloganyo ea lipontsisho le litoro cotle.

18Mi malatsi a sina heta a, khosi e le ea re ba lerioe ka aona, mogolu oa likala a ba isa ha pele ga Nebukadenetsare.

19Mi khosi ea bua nabo; mi gole go si ka ga bonoa ope mo botleñ yaka Daniele, le Hananie, le Mishaele, le Asarie: mi ba ema ha pele ga khosi.

20Mi kaga lilo cotle tsa botlale le tlaloganyo, tse khosi e li ba boletsañ, ea ba bona ba sita ga ten liñaka le balepi ba linaleri botle ba ba mo bogosiñ yoa eona.

21Mi Daniele a nna le go ea ñuageñ oa ntla oa Korese khosi.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help