1MI ga rihala ka re sina ikhaoganya nabo, ra ea, ra siamela Koso, le tsatsi ye leñue kua Roda, mi go coa hoñ, ra ea kua Patara;
2Mi ka re bona shepa se se coañ Fenikia, ra tsena go shona, mi ra coelela.
3Mi ka re sina bona Kupero, ra se heta mo atleñ sa molema, mi ra ea kua Siria, mi ra hitla Tsura; gone shepa se le se tla laololoa gona.
4Mi ka re bona barutoa, ra tlola gone malatsi a seven; ba ba reileñ Paulo ka Moea gore a si ka a gata mo Yerusalema.
5Mi go rihala re sina tlola malatsi auo, ra coa, mi ra coelela pele; mi botle ba re bulerisetsa kua ntle ga motse, ka basari le bana; mi ra khubama ha lintsiñ tsa leoatle, ra rapela.
6Mi ka re sina rumerisanya, ra ea mo shepeñ; mi bona ba boela kua magaeñ a bona.
7Mi erile re sina uetsa loeto lo lo coañ Tsura, ra hitla Petolemai, mi ka re sina rumerisa bakauleñue, ra tlola nabo tsatsi le leñue.
8Mi eare ka mosho, rona ba re leñ shomo ya ga Paulo ra coa gona, mi ra hitla Kaisarea; mi ra tsena mo tluñ ea ga Filipo oa moevangeli, eo e le le moñue oa ba seven, mi ra tlola nae.
9Mi yana eo, a na le bomoroarie ba for, makharebe, a a bulelañ tihahalo.
10¶ Mi ka re tlola malatsi mantsi gona, ga tla moperofeti moñue a coa mo Yuda, eo o birioañ Agabu.
11Mi a tla go rona, a tsaea moitlamo oa ga Paulo, mi a ikholega liatla le linao, a re, Moea oa Boitsepho oa re yalo, Bayuda ba Yerusalema ba tla golega yalo monona eo moitlamo o e leñ oa gague, mi ba tla mo nela mo atleñ tsa bahaitene.
12Mi ka re sina utlua lilo tse, ra mo rapela le ba helo hoñ, gore a si ee kua Yerusalema.
13Mi Paulo a araba, Lo rihañ ka lo lela le go thuba pelu ea me? gone ki iketleleritse esiñ go golegoa gosi, mi le gona go shuela leina ya ga Yesu Morena mo Yerusalema.
14Mi erile a gana go gakololoa, ra khutla, ra re, A go rihale thato ea Morena.
15Mi morago ga malatsi aouo, ra iketletsa, mi ra ea kua Yerusalema.
16Mi ga ea le rona bañue ba barutoa ba Kaisarea, mi ba ea le moñue eo o birioañ Nasone oa Kupero, morutoa oa mocohe, eboñ eo re tla nañ mo tluñ ea gague.
17Mi eare re hitla Yerusalema bakauleñue ba re cula ka boitumelo.
18Mi ka motla o moñue, Paulo a ea le rona go Yakobo; mi bagolu botle ba bo ba le gona.
19Mi ka a sina ba rumerisa, a ba bulelela ka thulaganyocotle tse Morimo o li rihileñ ka tihelo ea gague mo bahaiteniñ.
20Mi ka ba utlua yalo, ba galaletsa Morena, mi ba mo raea, Ua bona, mokauleñue, bokai yoa bathousanda ba Bayuda ba ba rumelañ; mi botle ki batloahaleri ba molao.
21Mi ba bulelecoe ga gago, ha u ruta Bayuda botle ba ba mo bahaiteniñ, gore ba tenoe ki Moshe, u re, ba si ise banyana boguera, le esiñ go tsamaea yaka mekhua ea molao.
22Ana go rihoeñ? Bontsi bo cuanetse go tla mogo; gone bo tla utlua ha u tlile.
23Ki gona, riha se re se gu raeañ: Re na le banona ba for ba ba ikaneñ;
24Ba tsee, mi u itsephe nabo, mi u lehe nabo, gore ba ipeole litlogo, gore botle ba itse, ha go si sepe sa tse ba li bulelecoeñ tsa gago; mi ha le uena u tsamaea ka thulaganyo, u buluka molao.
25Mi re kuarile kaga bahaitene ba ba rumelañ, ra khutla ha ba si kitla ba buluka tse lintseñ yalo, ha e si go ipuluka mo liloñ tse ri shupeloañ merimo ea liseto, le mo mariñ, le mo go tse ri betoañ, le mo khokahaloñ.
26Eriha gona Paulo o tsaeañ banona, mi a iitsephisa le bona ka tsatsi le leñue, mi a tsena mo tempeleñ, a shupa ha malatsi a boitsephisho a rihaharicoe, a na gona ga tla ga tsamaea cupelo ea shupeloa moñue le moñue oa bona.
27Mi erile malatsi a seven a batlile go heta, Bayuda ba Asia ba mona mo tempeleñ, ba tlotleletsa bathu botle, mi ba latsa liatla go ena,
28Mi ba bitsa, Lona banona ba Yeserela, tlañ lo thuse: Eo ki ena monona eo o rutañ ntla cotle go nyatsa bathu, le molao, le helo ha; mi bogolu go tse, o lerile le Bagerika mo tempeleñ, mi o itsekolotse helo ha ga boitsepho.
29(Gone erile pele ba bona Terofimo oa Moefesia nae mo motseñ, eo ba itlomañ Paulo a mo isitse mo tempeleñ.)
30Mi motse otle oa na mo khuruegoñ, mi bathu ba tabogela mogo; mi ba cuara Paulo, mi ba mo gogela kua ntle ga tempela; mi yalo meyako ea kopeloa ka bonako.
31Mi ka ba batla go molaea, ga tla pulelo go mogolu oa leshumo ya batlabani, ha Yerusalema otle o le mo tlakanyoñ;
32Eo o akohañ a tsaea batlabani le basenturi, mi ba tabogela tlatse go bona; mi ka ba bona eo mogolu le batlabani ba khutla go betsa Paulo.
33Mi eo mogolu a atamela a mo cula, mi a laola gore a golegoe ka liketen li tu; mi a botsa gore ki mañ, le se o se rihileñ?
34Mi bañue ba bontsi ba bitsa señue, mi ba bañue se sele; mi erile ka a sa kake a itse tlomamo ka ntla ea khuruego, a laola go mo isa mo kagoñ ea batlabani.
35Mi ka a hitla mo bopalamoñ, ga rihala a belegoa ki batlabani, ka ntla ea pitlagano ea bathu;
36Gone bontsi yoa bathu bo sala morago, bo bitsa, Mo tlose.
37Mi yana ka Paulo a tla isioa mo kagoñ ea batlabani, a raea eo mogolu, A ki taolo go ’na go bua nau? Mi a re, A u itse Segerika?
38A ga u Moegepeto eo, eo o la a riha khuruo pele ga metla enu, mi ua gogela babolai ba for thousanda kua gareganaga?
39Mi Paulo a re, Ki monona oa Moyuda, oa Tareso, motse oa Kilikia, moagi oa motse o o sa nyatsegeñ; mi kia gu rapela, ’nteseletsa go bua le bathu ba.
40Mi ka a sina mo leseletsa, Paulo a ema mo bopalamoñ, a goetla bathu ka seatla. Mi ka go sina na tirimalo e kholu, a bua nabo ka puo ea Seheberu, a re,
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.