1MI Abimeleke moroa Yerubaale a ea go Shekema go bo‐malomague, a bua le bona, le sika lotle loa ba eintlu ea ra mague, a re,
2A ko lo bue mo tsebeñ tsa beñ ba Shekema botle, lo re, Lo lemohaleloa ki gohe? ha bomoroa Yerubaale botle ba ka busa, ba e leñ banona ba sevente, khotsa monona a le moñue a lo busa? Le gona gakologeloañ ha ki le sapo ya lona, le nama ea lona.
3Mi bo‐malomague ba bua ga gague mo tsebeñ tsa beñ ba Shekema botle ka mahuku aotle ua: mi pelu tsa bona tsa ea le Abimeleke; gone ba re, O ñoana rra rona.
4Mi ba mo naea liselevera li sevente mo tluñ ea Baala‐berite; mi a laletsa banona ba boithamako le ba bokaka ba ba mo salañ morago.
5Mi a ea kua tluñ ea rague kua Ofera, a bolaea bomoroa Yerubaale bana ba rague, banona ba sevente mo hikeñ le leñue: leha gontse yalo Yotame moroa Yerubaale eo motlana, a lesioa; gone o la a icuba.
6Mi ga phuthega beñ ba Shekema botle, le ba eintlu eotle ea Milo, mi ba ea ba riha Abimeleke khosi, ha moterebenteñ o o emeñ ha go Shekema.
7¶ Mi ba se bulelela Yotame, mi a ea a ema ha tloreñ ea thaba ea Gerisima, a culetsa koru ea gague, a bitsa, a ba raea, Lona beñ ba Shekema lo ’nthetse, gore Morimo o lo retse.
8Litlare li tsa coa tsa ea go tloletsa khosi: mi tsa raea motluare, U re buse.
9Mi motluare oa li raea, A ’nko ki tlogela bonono yoa me yo ba bakañ Morimo le bathu ka yona ka ’na, go ea go laola litlare?
10Mi litlare tsa raea mofeige, Eintlo, u re buse.
11Mi mofeige oa li raea, A ’nko ki tlogela botse yoa me, le louñuo loa molemo loa me, go ea go laola litlare?
12Mi litlare tsa raea movina, Eintlo u re buse.
13Mi movina oa li raea, A ’nko ki tlogela boyaloa yoa me, yo bo itumerisañ Morimo le bathu, go ea go laola litlare?
14Mi tlare cotle tsa raea mokaikai, Eintlo u re buse.
15Mi mokaikai oa raea litlare, Ha lo ’ntloletsa khosi ea lona ka boamarure, tlañ, lo tsabele kua morotiñ oa me: mi ha go sa na yalo, a molelo o coe mokaikai, o nyeletse mesedara ea Lebanona.
16Ki gona yana, ha lo rihile ka boamarure le ka thokhamo, ka lo rihile Abimeleke khosi, mi ha lo rihetse Yerubaale le ba eintlu ea gague seiñtle, go mo rihela kaha cuaneloñ ea atla tsa gague;
17(Gone rare o lo tlabanetse, mi o lo itatletse botselo yoa gague, a lo golola mo atleñ tsa Bamidiana:
18Mi lo cogetse ba eintlu ea rare ka yenu, lo bolaile bomoroaue ba sevente mo hikeñ le leñue, mi lo rihile Abimeleke, moroa lelata ya gague, khosi ea beñ ba Shekema, ka a le ñoana rra lona;)
19Ki gona ha lo rihile ka boamarure le ka thokhamo le Yerubaale, le ba eintlu ea gague ka yenu, itumeleleñ Abimeleke, le ena a a lo itumelele:
20Mi ha go sa na yalo, a molelo o coe go Abimeleke, o nyeletse beñ ba Shekema, le ba eintlu ea Milo: mi a molelo o coe go beñ ba Shekema, le ba eintlu ea Milo, o nyeletse Abimeleke.
21Mi Yotame a ñuega a tsaba, a ea kua go Bera, a nna gona, ka eintla ea ga Abimeleke ñoana‐rague.
22¶ Mi Abimeleke a busa Bayeserela ka nyaga li teri.
23Mi Morimo oa isa moea oa boshula gare ga Abimeleke le beñ ba Shekema; mi beñ ba Shekema ba rihela Abimeleke ka bonoñoane:
24Gore tsenyo, e e rihecoeñ bomoroa Yerubaale ba sevente e tle, le mari a bona a beoe Abimeleke ñoana‐rabo, eo o ba bolaileñ; le beñ ba Shekema ba ba mo tlotleleritseñ mo polaoñ ea bana ba rague.
25Mi beñ ba Shekema ba mela balaleri ha tloreñ tsa lithaba, mi ba tlakola botle ba ba hetañ ka tsela e: mi ga buleleloa Abimeleke.
26Mi ga tla Gale moroa Ebede le bana ba rague, mi ba ea go Shekema: mi beñ ba Shekema ba mo ikanya.
27Mi ba coela mo maoteñ, mi ba hula masimo a bona a mevina, ba gatisa mauñuo, ba opela lihela, ba tsena mo tluñ ea morimo oa bona, ba ya ba noa, ba hutsa Abimeleke.
28Mi Gale moroa Ebede a re, Abimeleke e mañ, mi Shekema eñ, ha re ka mo rihela? A ga si ena moroa Yerubaale? le Sebule kala ea gague? Rihelañ banona ba Hamore ra Shekema: gone re ka mo rihelelañ?
29Au, eintla bathu ba, ba ko ba le mo atleñ sa me! ’nko ki tlosa Abimeleke. Mi a raea Abimeleke, Totisa ntua ea gago, mi u bolole.
30¶ Mi Sebule molaori oa motse a utlua mahuku a Gale moroa Ebede, mi bogale yoa gague yoa tuka.
31Mi a romela Abimeleke baroñoi ka bosaitsioeñ, a re, Bona, Gale moroa Ebede le bana ba rague ba tsile Shekema; mi bona, ba gu tlotleleletsa ba motse o.
32Ki gona u coge ka bosigo, uena, le bathu ba u nañ nabo, mi u lalele mo nageñ.
33Mi go tla rihala mo moshoñ ka letsatsi le tlaba, u phakele u phagelele motse o: mi bona, ha ena le bathu ba o nañ nabo ba gu bololela, ereha gona u ba rihañ kaha atleñ sa gago se bonañ ka gona.
34¶ Mi Abimeleke a coga le bathu botle ba o nañ nabo ka bosigo, mi ba lalela Shekema ka mashomo a for.
35Mi Gale moroa Ebede a coa a ema ha moyakoñ oa khoro ea motse: mi Abimeleke a nanoga le bathu ba o nañ nabo, mo taleloñ.
36Mi ka Gale a bona bathu, a raea Sebule, Bona, bathu ba hologa ka tlora tsa lithaba. Mi Sebule a mo raea, U bona moroti oa lithaba, ua re bathu.
37Mi Gale a hela a bua, a re, Bona, go hologa bathu ka gare ga lehatsi, mi shomo ye leñue le tla ka tsela oa moterebenta oa Meonenima.
38Mi Sebule a mo raea, Yana molomo oa gago o kae, o u lu ua re ka ona, Abimeleke e mañ ha re ka mo rihela? Bauo a ga si bathu ba u ba nyaritseñ? A ko u bolole yana, u tlabane le bona.
39Mi Gale a bolola ha pele ga beñ ba Shekema, a tlabana le Abimeleke.
40Mi Abimeleke a mo konatelela, mi a tsaba ha pele ga gague, mi ga oa bontsi le ba ba kuenisicoeñ go ea kua moyakoñ oa khoro.
41Mi Abimeleke a nna kua Aruma: mi Sebule a leleka Gale, le bana ba rague, gore ba si nne mo Shekema.
42Mi ga rihala ka mosho, bathu ba coela kua nageñ; mi ba bulelela Abimeleke.
43Mi a tsaea bathu a ba lomolola mashomo a le teri, mi a lalela kua nageñ; mi a leba, mi bonañ, bathu ba bolola mo motseñ; mi a ba cogela a ba khemetha.
44Mi Abimeleke le leshomo ye o nañ nayeo, ba phagelela, mi ba ema ha moyakoñ oa khoro ea motse: mi mashomo a tu a mañue a phagelela botle ba ba le ba le kua nageñ, a ba khemetha.
45Mi Abimeleke a tlasela motse o ka tsatsi yeuo yeotle; mi a thopa motse, a bolaea bathu ba ba leñ go ona, a rutla motse, a o yala ka lecoai.
46¶ Mi ka beñ ba turio ea Shekema botle ba utlua yalo, ba tsena mo heloñ ga thata mo tluñ ea Beririte morimo.
47Mi ga buleleloa Abimeleke, ha beñ ba turio ea Shekema botle ba iphuthiloe.
48Mi Abimeleke a tlatlogela kua thabeñ ea Tsalemona, ena le bathu ba o nañ nabo botle; mi Abimeleke a tsaea selepe mo atleñ sa gague, a rema kala mo litlareñ, a e culetsa, a e kaba ha ruliñ ya gague, a raea bathu ba o nañ nabo, Se lo bonyeñ ki se riha, lo akohe, lo rihe yaka ’na.
49Mi bathu botle le bona ba rema, moñue le moñue kala ea gague, ba sala Abimeleke morago, ba li baea ha heloñ ga thata, ba cuba kago e e thata ka molelo ka cona, mi yalo bathu ba turio ea Shekema ba shua botle, ekane e le le banona le basari ba uan thousanda.
50¶ Mi Abimeleke a ea kua Tebetsa, mi a itlaolelela Tebetsa, a o thopa.
51Mi gabo gole turio e e thata kua teñ ga motse, mi banona le basari botle ba tsabela go eona, eboñ beñ botle ba motse, mi ba e ikhoseletsa; mi ba palama mo tlomeshoñ ea turio.
52Mi Abimeleke a hitla turio a e tlasela, mi a atamela moyako oa turio, go e cuba ka molelo:
53Mi mosari moñue a rigela lophatlo loa lolala mo tlogoñ ea Abimeleke, mi a phatlakanya gata loa gague.
54Ereha gona o akohañ a bitsa lekau, mokaberi libolao oa gague, a le raea, Shomola caka ea gago, mi u ’mpolaee, gore ba si bue ga me, ba re, O bolailoe ki mosari. Mi lekau ya gague ya mo phololetsa, mi a shua.
55Mi ka banona ba Bayeserela ba bona ha Abimeleke a shule, ba ea moñue le moñue kua heloñ ga gague.
56¶ Mi Morimo oa bosetsa Abimeleke boshula yoa gague, yo o la a bo rihela ba eintlu ea rague, ka go bolaea bana ba rague ba sevente:
57Le boshula yotle yoa banona ba Shekema, Morimo oa bo bosetsa kua tlogoñ tsa bona: mi thogo ea Yotame moroa Yerubaale ea hitla go bona.
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.