1NEBUKADENETSARE khosi, go bathu botle, le merahe, le lipuo, ba ba nntseñ mo hatsiñ yeotle: A kagisho e lo intsihalele.
2E le molemo go ’na go bonatsa licupo le likhakhamaco tse Morimo oa gorimorimo o li ’ntihetseñ.
3Licupo tsa ona li kholu yañ! mi likhakhamaco tsa ona li thata yañ! bogosi yoa ona ki bogosi yo bo sa khutleñ, mi pusho ea ona e mo tsikatsikeñ cotle.
4¶ ’Na, Nebukadenetsare, ki le ki le mo boikhucoñ mo tluñ ea me, ki galalegile mo palisoñ ea me:
5Ka bona toro e e ’mpoitsañ, mi megopolo mo bolaoñ yoa me, le lipontsisho tsa tlogo ea me, tsa ’nthera.
6Ki gona ki le ka laola go lere matlale aotle a Babelona ha pele ga me, gore a ’nkitsise phuthololo ea toro.
7Ereha gona go tlañ liñaka, le balepi ba maru, le Bakaledia, le baloi: mi ka bulela toro ea me ha pele ga bona; mi ga ba ka ba ’nkitsise phuthololo ea eona.
8Mi ga bohelo, ga tla Daniele ha pele ga me, eo leina ya gague e leñ Beleteshatsare, kaha ineñ ya morimo oa me, eo moea oa merimo ea boitsepho o go ena: mi ka bulela toro ha pele ga gague, ka re,
9¶ Beleteshatsara, mogolu oa liñaka, ere ka ki itse ha moea oa merimo ea boitsepho o go uena, mi ga go na se se sa itsioeñ se se gu retelelelañ, ’mpulelela lipontsisho tsa toro ea me tse ki li bonyeñ, le phuthololo ea cona.
10Lipontsisho tsa tlogo ea me mo bolaoñ yoa me ki tse; Ka bona, mi bona, gole setlare gare ga lehatse, mi bogorimo yoa shona bo le bogolu.
11Setlare se sa gola, mi sa thatahala, mi bogorimo yoa shona bo hitlela legorimo, mi sa bonoa le kua sekhutloñ sa lehatse yeotle:
12Makakaba a shona a la a le maiñtle, le louñuo loa shona logolu, mi gole liyo tsa botle go shona: tse ri tserileñ tsa naga li li na le moroti tlatse ga shona, mi linunyane tsa legorimo tsa nna mo kaleñ tsa shona, mi nama eotle ea yesioa ka shona.
13Ka bona mo lipontsishoñ tsa tlogo ea me mo bolaoñ yoa me, mi bona, moleberi, eboñ moitsephi, a hologa mo legorimoñ;
14A bitsa thata, mi a bua yalo Remañ setlare, mi khaolañ likala tsa shona, tlotlorañ makakaba a shona, halatsañ mauñuo o shona: a tse ri tserileñ li tloge tlatse ga shona, le linunyane mo kaleñ tsa shona:
15Leha gontse yalo, lesañ thito ea mecoe ea shona mo mbuñ, e na le mohiri oa tsipi le khotlo, mo loremeñ loa naga; mi a e koloberioe ka monyo oa legorimo, mi a kabelo ea eona e ne le tse ri tserileñ mo morogoñ oa lehatse:
16A pelu ea eona e hetoge, gore e si ne ea bothu, mi a pelu ea se se tserileñ e e neoe; mi a metla e seven e hete ka eona.
17Tiho e, e ka boikaelelo yoa baleberi, mi topo ka lehuku ya baitsephi: gore batseri ba itse ha Mogorimorimo a busa mo magosiñ a bathu, mi a a naea ba o ba ratañ, mi a a laorisetsa bathu ba nyatsego.
18Toro e, ’na Nebukadenetsare khosi, ki e bonye. Mi yana, Beleteshatsara, bulela phuthololo ea eona, ka gone matlale aotle a bogosi yoa me ga a nonoha go ’nkitsise phuthololo: mi uena u nonohile; gone moea oa merimo ea boitsepho o go uena.
19¶ Ereha gona Daniele, eo leina ya gague e leñ Beleteshatsare, o ga-khamarioañ ka oura moñue, mi megopolo ea gague ea mo rera. Khosi ea bua, ea re, Beleteshatsara, a toro, khotsa phuthololo ea eona, e si gu rere. Beleteshatsare a araba a re. Morena oa me, a toro e ne go bairi ba gago, le phuthololo ea eona go baganetsi ba gago.
20Setlare se u se bonyeñ, sa gola, mi sa thatahala, se bogorimo yoa shona bo hitletseñ legorimo, mi sa bonoa mo hatsiñ yeotle;
21Se makakaba a shona a la a le maiñtle, le mauñuo a shona a magolu, mi liyo tsa botle li le go shona; mi tse ri tserileñ tsa naga li tsa nna tlatse ga shona, mi linunyane tsa legorimo tsa na le manno mo kaleñ tsa shona:
22 Setlare seuo ki uena khosi; u gorile mi u thatahetse: gone bogolu yoa gago bo gorile, mi yoa hitla kua legorimoñ, mi pusho ea gago e kua khutloñ sa lehatse.
23Mi ere ka khosi e bonye moleberi, eboñ moitsephi, a hologa mo legorimoñ, a re, Remañ setlare se, se senyeñ; leha gontse yalo, lesañ thito ea mecoe ea shona mo mbuñ, e na le mohiri oa tsipi le khotlo, mo loremeñ loa naga; mi a e koloberioe ka monyo oa legorimo, mi a kabelo ea eona e ne le tse ri tserileñ tsa naga, e tsamaee metla e seven e hete ka eona:
24Khosi, e ki eona phuthololo, mi boikaelelo ki yo yoa Mogorimorimo, yo bo tletseñ khosi morena oa me:
25Eboñ, ba tla gu leleka mo bathuñ, mi bonno yoa gago bo tla na le tse ri tserileñ tsa naga, mi ba tla gu hurisa morogo yaka likhomu, mi u tla koloberioa ka monyo oa legorimo, mi metla e seven e tla heta ka uena, e tsamaea u itse ha Mogorimorimo a busa mo magosiñ a bathu, a a naea ba o ba ratañ.
26Mi ere ka ba laola go lesa thito ea mecoe ea setlare; bogosi yoa gago bo tla gu tlomamiserioa, u sina itse ha magorimo a busa.
27Ki gona, khosi, a khakololo ea me e gu natehele, mi garola libe tsa gago ka tsiamo, le litsiamololo tsa gago ka go utluela bahumanegi botluku; ekare khotsa go ka na go leletsa kagisho ea gago.
28¶ Cotle tseuo tsa hitla go Nebukadenetsare khosi.
29 Gone khosi ea bua ka bokhutlo yoa likhueri li tueleve ka e sepela mo palisoñ ea bogosi yoa Babelona,
30E re, O a ga si Babelona o mogolu, o ki o agetseñ ntlu ea bogosi ka thata ea nonoho ea me, go tlotla khalalelo ea me?
31Ga oa koru mo legorimoñ, ka lehuku yeuo le sa le mo molomoñ oa khosi, ea re, Nebukadenetsara, khosi, ua reoa: Bogosi bo tlogile go uena.
32Mi ba tla gu leleka mo bathuñ, mi bonno yoa gago bo tla na le tse ri tserileñ tsa naga: ba tla gu hurisa morogo yaka likhomu, mi metla e seven e tla heta ka uena, e tsamaea u itse ha Mogorimorimo a busa mo magosiñ a bathu, a a naea ba o ba ratañ.
33Lehuku ye ya rihahalerioa Nebukadenetsare ka oura ouo: mi a lelekoa mo bathuñ, a hula morogo yaka likhomu, mi mele oa gague oa koloberioa ka monyo oa legorimo, ea tsamaea meriri ea gague ea gola yaka liphaha tsa lenoñ, le linala tsa gague yaka tsa linunyane.
34¶ Mi metla e sina heta, ’na, Nebukadenetsare, ka culeletsa maitlo a me kua legorimoñ, mi tlaloganyo ea me ea boela go ’na, mi ka baka Mogorimorimo, ka haka ka galaletsa eo o tselañ le ka bosakhutleñ, eo pusho ea gague e leñ pusho e e sa khutleñ, mi bogosi yoa gague bo mo tsikatsikeñ:
35Mi banni ba lehatse botle ba kaioa bosisepe: mi o riha kaha thatoñ ea gague mo ntueñ ea legorimo, le mo banniñ ba lehatse: mi ga go ope eo o tla thibañ atla sa gague, leha e le go mo raea, U rihañ?
36Tlaloganyo ea me ea boela go ’na ka baka louo; le tlotlego ea bogosi yoa me, le khalalelo ea me le phatsimo ea me tsa boela go ’na; le bagakolori ba me le bagoluane ba me ba ’mpatla; mi ka tlomamisioa mo bogosiñ yoa me, mi bogolu yo bo sitañ yoa khalalelo yoa bo okelerioa go ’na.
37Mi ’na, Nebukadenetsare, ki baka, ki gorisa, ki galaletsa khosi ea legorimo, gone tiho tsa eona ki tsa boamarure cotle, le litsela tsa eona tsiamisho: mi e nonohile go katisa bona ba ba sepelañ ka bopeluumpe.
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.