Basiamisi 3 - Sechuana Tlhaping Moffatt Bible 1890(TSN1890)

KHAOLO 3.

1MI e ki eona merahe e Yehova o la a e lesetsa, go leka Bayeserela ka eona, eboñ botle ba ba sa itseñ tlabano epe tsa Kanana;

2Le gona gore kokomana tsa bana ba Yeserele li itse tlabano, eboñ cona tse ri li sa e itse pele.

3Likhosana tsa Bafiliseta li faeve, le Bakanana botle, le Batsidona, le Baheva, ba ba nntseñ mo thabeñ tsa Lebanona, go simolola ka thaba ea Baala‐heremona le kua botsenoñ yoa Hamata.

4Bauo e le le go leka Bayeserela ka bona, gore go itsioe ha ba tla retsa taolo tsa ga Yehova, tse o la a li laolela bo‐rabo ka Moshe.

5¶ Mi bana ba Yeserele ba nna mo Bakananeñ, le mo Baheteñ, le mo Baamoreñ, le mo Bapereseñ, le mo Bayebuseñ.

6Mi ba itsela bomoroaria bona go na basari, mi ba naea bomoroaria bona bomoroa bona, mi ba rihela merimo ea bona.

7Mi bana ba Yeserele ba shulatsa mo maitloñ a ga Yehova, ba lebala Yehova Morimo oa bona, mi ba rihela Bobaala le Boashetarota.

8Ereha gona bogale yoa ga Yehova bo tukelañ Bayeserela, mi a ba bapatsa mo atleñ sa Kushana‐rishataime khosi ea Mesopotamia: mi bana ba Yeserele ba rihela Kushana‐rishataime ka nyaga li eit.

9Mi bana ba Yeserele ba khayayegela go Yehova, mi Yehova a cosetsa bana ba Yeserele mogolori, eo o la a ba golola, eboñ Oteniele moroa Kenase, monna oa Kalebe.

10Mi Moea oa Yehova o lo o le go ena, mi a siamisa Bayeserela, mi a bololela kua tlabanoñ: mi Yehova a tsenya Kushana‐rishataime khosi ea Mesopotamia mo atleñ sa gague; mi atla sa gague se le se le thata go Kushana‐rishataime.

11Mi lehatsi ya na le iketlo ka nyaga li forte. Mi Oteniele moroa Kenase a shua.

12¶ Mi bana ba Yeserele ba hela ba shulatsa mo maitloñ a ga Yehova: mi Yehova a thatahaletsa Bayeserela Egelone khosi ea Moaba, ka ba le ba shulatsa mo maitloñ a ga Yehova.

13Mi a iphuthela Baamona le Baamaleka, mi a bolola a khemetha Bayeserela, mi ba rua motse oa mekolane.

14Mi bana ba Yeserele ba rihela Egelone khosi ea Bamoaba ka nyaga li eiten.

15Mi bana ba Yeserele ba khayayegela go Yehova, mi Yehova a ba cosetsa mogolori, eboñ Ehude moroa Gere moroa Yemine, monona eo la le molema: mi bana ba Yeserele ba isa go Egelone khosi ea Moaba neo ka ena.

16Mi Ehude a itihela caka ea ma-yetla a tu, ea bolele yoa kubeta; mi a e cuala kaha seropeñ sa gague se se siameñ ha tlatse ga aparo tsa gague.

17Mi a isetsa Egelone khosi ea Moaba neo: mi Egelone e le le monona eo o nonneñ bobe.

18Mi erile a sina uetsa go mo naea neo, a bosa bathu ba ba le ba belege neo.

19Mi ena ka esi a boea kua licuancoñ tse ri setiloeñ tse ri kua Gilegala, mi a re, Khosi ki uena, ki na le señue sa bosaitsioeñ go uena, mi ea re, Ririmala. Mi botle ba ba emeñ naeo ba coa go eona.

20Mi Ehude a ea go eona: mi ea bo e rutse mo tluñ ea gorimo ea selemo e e le na naeo ka eosi. Mi Ehude a re, Ki na le huku ya Morimo go uena. Mi ea nanoga mo seruloñ sa eona.

21Mi Ehude a entsa atla sa molema sa gague, a tsaea caka mo ropeñ sa gague se se siameñ, a e shuatla empa ea eona.

22Mi moheñ le ona oa tsena le caka; mi mahura a moha caka, gone a si ka a shumola caka empeñ ea eona, mi ga coa bote.

23Ereha gona Ehude o coañ ka khoro e e kua pele, a mo cualela meyako ea eintlu ea gorimo, a e kopela.

24Erile a sina ea, batlañka ba eona ba tla; mi ba leba, mi bonañ, meyako ea eintlu ea gorimo e kopecoe, mi ba re, Rure e bipile nao tsa eona mo tluñ ea kua teñ.

25Mi ba leta ea tsamaea ba tlayoa ki litloñ: mi bonañ, e si ka ea bula meyako ea eintlu ea gorimo; ereha gona ba tsaeañ sekopelo, ba e kopolola: mi bonañ, morena oa bona a oetse ha hatsi, a shule.

26Mi Ehude a phela ka ba le ba riega: mi a heta licuanco tse ri setiloeñ, mi a phelela Seirata.

27Mi ga rihala ka a tla, a letsa terompeta mo thabeñ tsa Eferaima, mi bana ba Yeserele ba hologa nae mo lithabeñ, le ena ha pele ga bona.

28Mi a ba raea, ’Ntatelañ: gone Yehova o tsentse Bamoaba baba ba lona mo atleñ tsa lona. Mi ba hologa nae, mi ba kaba matsibogo a Yoredane eintleñ ea Moaba, mi ba si ka ba lesa ope go khabaganya.

29Mi ba khemetha banona ba Moaba ekane e le ba ten thousanda, ba matlaba botle, banona ba bonatla, mi go si ka ga phela monona ope.

30Mi Bamoaba ba katiserioa mo taoloñ ea Bayeserela ka tsatsi yeuo. Mi lehatsi ya iketla ka nyaga li eite.

31Mi morago ga gague ea na Shamegare moroa Anate, eo o la a khemetha banona ba sekes hundereda ba Bafiliseta ka tsama ea khomu: mi le ena a golola Bayeserela.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help