Bagalatia 3 - Sechuana Tlhaping Moffatt Bible 1890(TSN1890)

KHAOLO 3.

1MASILO ki lona Bagalatia! lo loiloe emañ, gore lo si utlue boamarure; lona ba Yesu Keresete o la a beiloe pele ka tsenogo ha pele ga maitlo a lona, a bapoleloa ha gare ga lona?

2Se, shosi se, ki rata go se ithuta mo go lona, A le bonye Moea ka tiho tsa molao, khotsa ka theco ea tumelo?

3A lo masilo yalo? ka lo simolotse ka Moea, yana a lo rihiloe botlalo ka nama?

4A lo bogetse lipogisho li lintsi yalo lehela? ha e le lehela.

5Mi yalo eo o lo tlamelañ ka Moea, le eo o rihañ likhakhamaco mo go lona, a o riha tse ka tiho tsa molao, khotsa ka theco ea tumelo?

6Yaka Aberahame o la a rumetse Morimo, mi e lea baleloa tsiamo go ena.

7Ki gona, tlaloganyañ ha bona ba tumelo e le bana ba ga Aberahame.

8Mi lokualo ka lo bonela pele ha Morimo o tla siamisa bahaitene ka tumelo, lo si bolo rerela Aberahame evangelio, loa re, Merabe eotle e tla tsegoharioa mo go uena.

9Ki gona yalo, ba tumelo ba tsegoharioa le Aberahame oa morumeri.

10Gone, botle ba tiho tsa molao ba mo thogakoñ. Gone go kuariloe, Go rogakoa moñue le moñue eo sa neñ mo go cotle tse ri kuariloeñ mo bukeñ ea molao, go li riha.

11Mi goa bonatsega ha go si ope eo o ka siamisioañ ki molao ha pele ga Morimo; gone, Mosiami o tla tsela ka tumelo.

12Mi molao ga si oa tumelo; mi, Mothu eo o rihañ lilo tse o tla tsela ka cona.

13Keresete o re rekolotse mo thogakoñ ea molao, a rihoa thogako mo bonnoñ yoa rona; gone go kuariloe, Go rogakiloe moñue le moñue eo o pegiloeñ mo logoñyeñ;

14Gore letsego ya ga Aberahame le tle bahaiteniñ ka Keresete Yesu; gore re bone pulelelo‐pele ea Moea, ka tumelo.

15Bakauleñue, ki bua kaha mokhueñ oa mothu, Leha e le kholagano ea mothu, ha e tlomamisicoe, ga go ope eo o e nyeletsañ, khotsa go e oketsa.

16Mi yana lipulelelo‐pele li rihecoe Aberahame le losika loa gague. Ga o re, mo litsikeñ, yaka tsa tse lintsi; mi yaka ga ñue hela, Le mo losikeñ loa gago, eo e leñ Keresete.

17Mi ki bua ye, Kholagano e e le tlomamisioa pele ki Morimo mo go Keresete, ga ea nyelerioa ka molao, o o tlileñ morago ga linyaga li for hundereda le terte, go phepisa pulelelo‐pele.

18Gone ha boshua e le yoa molao, e tla bo e si yoa pulelelo‐pele; mi Morimo o bo netse Aberahame ka pulelelo‐pele.

19Ki gona, molao ki oañ? O okelericoe ka ntla ea litlolo, go tlo go tsamaee losika lo tle, lo pulelelo‐pele e le e lo rihecoe, mi e laolecoe ki baengele, mo atleñ sa motseriganyi.

20Mi yana motseriganyi, ga si eo o buelelañ moñue, mi Morimo o moñue hela.

21A molao o emelana le lipulelelo‐pele tsa Morimo? A go si ne yalo; gone ha molao o lo necoe o o thata go tserisa, e ko rure tsiamo e le ka molao.

22Mi lokualo lo khutlisitse botle mo boleoñ, gore pulelelo‐pele ka tumelo ea ga Yesu Keresete, e neoe bona ba ba rumelañ.

23Mi erile tumelo e si e tle, re le re kopelecoe mo molaoñ, mi ra bo re cualelecoe tumelo e e tla bonatsioañ.

24Ki gona molao e le le kala ea moruti oa sekole, go re lere go Keresete, gore re siamisioe ki tumelo.

25Mi yana ka tumelo e tlile, ga re tlole re le mo kaleñ ea sekole.

26Gone lotle lo bana ba Morimo ka ntla ea tumelo mo go Keresete Yesu.

27Gone lona lotle ba lo bapetisericoeñ mo go Keresete, lo apere Keresete.

28Ga go Moyuda khotsa Mogerika, ga go mogolegoi, khotsa eo o golocoeñ, ga go monona, khotsa mosari: gone lotle lo bañue hela mo go Keresete Yesu.

29Mi ha lo le mo go Keresete, yalo lo losika loa ga Aberahame, le ba boshua kaha puleleloñ‐pele.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help