1AU, u kabo u le ’nnake eo o amuleñ mabele a ga mme! ki gona ’nko ki gu bona mo mileñ, ’nko ki gu atla; mi ’nko ki si ka ka nyarioa.
2’Nko ki gu goga, ki gu isa kua tluñ ea ga mme, mi u ko u ’nthuta: ’nko ki gu nosa ka boyaloa yo bo pekancoeñ yoa boyaloa yoa ligeranata tsa me.
3Atla sa gague sa molema se kua tlatse ga tlogo ea me, mi atla sa gague se se siameñ se ’ntlamparela.
4Lona bomoroaria Yerusalema, kia lo ikanisa, gore lo si cose, le esiñ go kubula morati oa me e tsamaee a khatloe.
5¶ E mañ eo, eo o coañ mo bogareñganaga, a ikaega mo moratiñ oa gague? Ki le ka gu cosa tlatse ga mesi-terona: mago o la a gu beelela gona: ena eo o gu tsetseñ, a gu beelela gona.
6¶ ’Mpaea yaka sekanelo mo peluñ ea gago, yaka sekanelo mo cogoñ ya gago: gone lorato lo thata yaka loshu; mi lehuha le bolalome yaka phupu; magala a yeona ki magala a molelo, le khabu e e lailañ.
7Metse mantsi a sa kake a tima lorato, le gona melapo ga e kake ea lo hupetsa: leha moñue a ko a nela lorato lithoto tsa eintlu ea gague cotle, o ko a nyalelerioa rure.
8¶ Re na le khantsaria rona eo motlana, mi a sina mabele: re tla rihelañ khantsaria rona mo tsatsiñ ye o tla locoañ ka yeona?
9Ha a le lorako, re tla aga paliso ea selevera go ena: mi ha a le moyako, re tla mo rikolosa ka limati tsa mosedara.
10Ki lorako, mi mabele a me a cuana le liturio: ki gona ki bonyeñ kagisho mo maitloñ a gague.
11Solomone a na le tsimo ea movina kua Baala‐hamona; a e laleletse baleberi tsimo ea movina; moñue le moñue a tlisetsa louñuo loa eona liselevera li uan thousanda.
12Tsimo ea movina ea me e ki nañ naeo, e ha pele ga me: Solomona, liselevera li uan thousanda ki tsa gago, mi li tu hundereda ki tsa baleberi ba louñuo loa eona.
13Uena eo o nntseñ mo masimoñ, lilekane li tlokomela koru ea gago: u e ’nkutluse.
14¶ Morati oa me, akoha u tle, mi u ne yaka tsephe khotsa kukamana mo lithabeñ tsa lilo tsa loñko.
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.
