1KI gona, ratañ Yehova Morimo oa lona, lo tsegetse tebelo ea gague, le litaeo tsa gague, le litsiamisho tsa gague, le litaolo tsa gague ka gale.
2Mi itseñ ka yenu: gone ga ki bue le bana ba lona, ba ba le ba sa itse, ba sa bone koatlao ea ga Yehova Morimo oa lona, le bogolu yoa gague, le atla sa gague se se thata, le cogo ya gague ye le otlologileñ,
3Le likhakhamaco tsa gague, le litiho tsa gague, tse o la a li riha gare ga Egepeto, go Faroe khosi ea Egepeto, le mo hatsiñ ya gague yeotle;
4Le se o la a se rihela entua ea Baegepeto, le pitse tsa bona, le cariota tsa bona; le kaha o la a penololela metse a Leoatle ye le Hubiru gorimo ga bona, ka ba lo khonatelela, le kaha Yehova o la a ba hetsa ka gona le ka yenu;
5Le se o la a se lo rihela mo gareñganaga ea tsamaea loa tla heloñ ha,
6Le se o la a se rihela Datane le Abirame, bomoroa Eliabe, moroa Rubene; kaha lehatsi le ya atlamolosa molomo oa yeona, ya ba metsa, le ba matlu a bona, le tenta tsa bona, le loruo lotle lo ba le ba na nalo, gareñ ga Bayeserela botle:
7Mi maitlo a lona a bonye tiho tse ri kholu cotle, tse Yehova o la a li riha.
8Ki gona tsegetsañ taolo cotle tse ki li lo laolelañ ka yenu, gore lo thatahale, le go ea go rua lehatsi, ye lo khabaganyetsañ go yeona go le rua;
9Mi gore lo leletse malatsi mo hatsiñ, ye Yehova o la a le ikanela bo‐rra enu go le ba naea le losika loa bona, lehatsi ye le elañ mashi le linotse.
10¶ Gone lehatsi ye lo eañ go yeona go le rua, ga le cuane le lehatsi ya Egepeto, kua lo coañ gona, kua lo loa yala peu ea lona gona, loa e nosa ka nao tsa lona, yaka tsimo ea merogo:
11Mi hatsi ye lo khabaganyañ go le rua, e le lehatsi ya lithaba le megorogoro, mi le noa metse a pula ea legorimo;
12Lehatsi ye Yehova Morimo oa lona o le tlamelañ; maitlo a ga Yehova Morimo oa lona a go yeona ka gale, go simolola tsimologoñ ea ñuaga le go ea kua khutloñ sa ñuaga.
13¶ Mi go tla rihala, etlare ha lo retsa taolo tsa me ka tloahalo, tse ki li lo laolelañ ka yenu, go rata Yehova Morimo oa lona, le go mo rihela ka pelu tsa lona cotle, le ka meoea ea lona eotle,
14Ereha gona ki tla naeañ pula ea lehatsi ya lona mo motleñ oa eona, pula ea eintla le pula ea khogolamoko, gore lo kokoanye mabele a lona, le boyaloa yoa lona, le loukuane loa lona.
15Mi ki tla naea khomu tsa lona boyañ mo nageñ tsa lona, mi lo tla ya lo khora.
16Mi itiseñ, gore pelu tsa lona li si tsierioe, lo hapoga, lo rihela merimo e sele, lo e obamela;
17Gore bogale yoa ga Yehova bo si lo tukele, mi a cuala legorimo, mi pula e tlokahala, le ombu o si uñue louñuo loa ona, mi lo hela ka bonako mo hatsiñ ya molemo, ye Yehova o le lo naeañ.
18¶ Ki gona baeañ mahuku ua a me mo peluñ tsa lona le mo meoeeñ ea lona, mi lo a hunelele cupo mo atleñ tsa lona, gore a ne mekari gare ga maitlo a lona.
19Mi lo rute bana ba lona, lo bue ga aona, ha lo lula mo matluñ a lona, le lo sepela mo tseleñ, le lo itelega, le lo coga.
20Mi lo a kuale mo mepakuaneñ ea matlu a lona, le mo khoroñ tsa lona.
21Gore malatsi a lona, le malatsi a bana ba lona a intsihale mo hatsiñ ye Yehova o la a le ikanela bo‐rra enu go le ba naea, yaka malatsi a legorimo mo lehatsiñ.
22¶ Gone ha lo tsegetsa taolo tse ki li lo laolelañ ka tloahalo go li riha le go rata Yehova Morimo oa lona, go sepela mo tseleñ tsa gague cotle, le go mo ñaparela;
23Ereha gona Yehova o tla rulolañ merahe eotle e ha pele ga lona, mi lo tla rulola merahe e meima e e thata bogolu go lona.
24Mahelo aotle ua pato tsa nao tsa lona li tla a gatañ, a tla na a lona: moleloane oa lona o tla na go simologa ka bogareganaga le Lebanona, go coa nokeñ, noka ea Euferate, le go ea kua leoatleñ ye le kua moragorago.
25Ga go kitla go na ope eo o tla ikemisañ ha pele ga lona; Yehova Morimo oa lona o tla tsenya cogo ea lona le poiho ea lona mo hatsiñ yeotle ye lo tla le gatañ, yaka o lo reile.
26¶ Bonañ, ki baea tsegahaco le thogo ha pele ga lona ka yenu;
27Tsegahaco, ha lo akela taolo tsa ga Yehova Morimo oa lona, tse ki li lo laolelañ ka yenu:
28Mi thogo, ha lo sa akele taolo tsa ga Yehova Morimo oa lona, mi lo hapoga tsela e ki e lo laolelañ ka yenu, le go sepelela merimoñ e sele, e lo lo sa e itse.
29Mi go tla rihala, Yehova a sina lo isa mo hatsiñ ye lo eañ go le rua, lo bee tsegahaco mo thabeñ ea Gerisima, le thogo mo thabeñ ea Ebala.
30A ga li boseya yoa Yoredane, ha tseleñ e e kua letsatsi le phirimelañ gona, mo hatsiñ ya Bakanana ba ba nntseñ mo sekakeñ, go lebagana le Gilegala ha moterebenteñ oa More?
31Gone lo tla khabaganya Yoredane, go ea go rua lehatsi ye Yehova Morimo oa lona o tla le lo naeañ, mi lo tla le rua, lo nna mo go yeona.
32Ki gona tlokomelañ go riha taeo cotle le litsiamisho, tse ki li baeañ pele ga lona ka yenu.
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.