1MORIMO, u ne boicuarelo go ’na, gone mothu o batla go ’mmetsa; o ’nkhatisa ka go tlabana ka gale.
2Baba ba me ba rata go ’mmetsa ka tsatsi yeotle; gone bantsi ba tlabana le ’na ka bopeluumpe, Mogorimo oa bogorimo bogolu.
3Motla o ki boihañ ka ona, ki tla gu ikanya.
4Ki tla baka mo Morimoñ, eboñ mo hukuñ ya ona, ki ikanya Morimo; ga ’nkitla ki boiha se nama e tla se ’ntihañ.
5Ba shokamisa mahuku a me ka gale; megopolo ea bona e emalana le ’na go ’ntiha boshula.
6Ba phuthega ka bosaitsioeñ, ba lebela likhato tsa me, yaka ba ba lebelelañ go tlosa botselo yoa me.
7A ba tla tsaba ka eintla ea tsiamololo ea bona? Morimo riga bathu mo bogaleñ yoa gago.
8U barile litimelo tsa me; tsenya likeleri tsa me mo boteleñ ea gago; a ga li mo bukeñ ea gago?
9Eriha gona baba ba me ba tla boelañ kua morago, mogañ ki bitsañ. Kia itse mo, gone Morimo o mo eintleñ ea me.
10Ki tla baka mo Morimoñ, eboñ mo hukuñ ya ona; ki tla baka mo go Yehova, eboñ mo hukuñ ya gague.
11Ki ikanya Morimo, ga ’nkitla ki boiha se mothu o tla se ’ntihañ.
12Morimo, maikano a gago a mo go ’na; ki tla gu ruela ka boitumelelo.
13Gone u golotse moea oa me mo loshuñ; a ga u kitla u buluka nao tsa me go khocoa, gore ki tsamaee ha pele ga Morimo mo seriñ ya batseri?
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.
