2 Timoteo 2 - Sechuana Tlhaping Moffatt Bible 1890(TSN1890)

KHAOLO 2.

1KI gona, uena moroaka, na thata mo tsegohacoñ e e mo go Keresete Yesu.

2Mi lilo tse u li utluileñ mo go ’na ka bashupi bantsi, u li nee banona ba boikanyo, ba ba tla nonohañ go ruta le ba sele.

3Ki gona u icokele tapisho, yaka motlabani eo o molemo oa ga Yesu Keresete.

4Ga go ope eo o tlabanañ a ikhueleile ka lilo tsa botselo yonu; gore a khatle ena eo mo culetseñ tlabanoñ.

5Mi le gona ha moñue a ganela liphenyo, ga a roesioa tlotlo ha a sa ganele yaka taolo.

6Morihi‐tsimo eo o rihañ, a a ne moaberoi oa mauñuo pele.

7Gakologeloa se ki se buañ, mi Morena a gu nee tlaloganyo mo liloñ cotle.

8Gopola ha Yesu Keresete, eo e leñ oa losika loa ga Davide a la a cosioa mo bashuiñ kaha evangelioñ ea me;

9E ki bogiserioañ likholegoñ yaka morihalibe; mi lehuku ya Morimo ga le golegoe.

10Ki gona ki icokelañ cotle ka ntla ea baitseñkeroi, gore le bona ba bone puluko e e mo go Keresete Yesu, le khalalelo e e sa khutleñ.

11Ye ki lehuku ya boikanyo, Gone ha re shule nae, le gona re tla tsela nae;

12Ha re iphapanya, le gona re tla laola nae; ha re mo latola le ena o tla re latola;

13Ha re si boikanyo, ena o boikanyo, ga a kake a itatola.

14U ba goporise ga lilo tseuo, ka go ba laolela ha pele ga Morena, gore ba si ganele kaga mahuku, a a sinañ molemo go sepe, ha e si go thibosa bautlui.

15Tloahala go gu iponatsa u lekiloe Morimoñ, morihi eo o sa tlayoeñ ki litloñ, eo o abelañ lehuku ya boamarure ka go siameñ.

16Mi gana puo tsa boikepo le boithamako, gone li tla totahalela boikepoñ bogolu bogolu.

17Mi huku ya bona, le tla ya yaka porisho; ba Humenaio le Fileto e leñ ba bona;

18Ba ba timecoeñ ki boamarure, ba re, cogo ea bashui e hetile; mi ba thibosa tumelo ea bañue.

19Leha gontse yalo motheo oa Morimo o eme ka tlomamo, mi ka o na le sekano se, Morena oa itse bona ba e leñ ba gague; mi A moñue le moñue eo o bitsañ leina ya ga Keresete, a tlogele tsiamololo.

20Mi mo tluñ e kholu ga go liyana tsa gouda le selevera cosi, mi le cona tsa logoñ le tsa mbu; mi liñue ki tsa tlotlo, mi tse liñue tsa tlotlologo.

21Ki gona ha moñue a iitsephisa mo go tse, o tla na seyana sa tlotlo, se se itsephisicoeñ, se nonohile go rihela morena, se etlelericoe tihoñ cotle tse ri molemo.

22Tsaba le cona likhatlego tsa bokau, mi tabogela tsiamo, le tumelo, le lorato, le kagisho, u na le ba ba bitsañ Morena mo peluñ e e itsekileñ.

23Mi shutela lipoco tsa boithamako, le tse ri sa ruteñ, ka u itse li uñua likhañ.

24Mi motlañka oa Morena a si ganele; mi a ne bopelunomi mo go botle, le nonoho go ruta, le go iphapanya le boshula.

25Ka go ruta ka pelunomi bona ba ba khoreletsañ, ekare khotsa Morimo oa ba naea tlabologo go ipobola boamarure;

26Gore ba be ba coge mo seruñ sa diabolo, se ba le ba cueroe ka shona kaha thatoñ ea gague.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help