1ITUMELELEÑ Yehova, gone o molemo; gone boicuarelo yoa gague bo ka bosina bokhutlo.
2A barekoloroi ba ga Yehova ba bue yalo; ba o ba rekolotseñ mo atleñ sa maba;
3Ba o ba phuthileñ mo mahatsiñ; go coa Iseta le Ueseta, go coa Noretha le Southa.
4Ba ba timelañ mo hatsiñ ya lokhere, ye le borutu, mi ba si ka ba bona motse ope go aga mo go ona;
5Ba le tlala le lenyora, meoea ea bona e iribala mo go bona;
6Hoñ ba biletsa go Yehova mo pogishoñ ea bona, mi a ba golola mo litlaleloñ tsa bona;
7Mi o ba goga ka tsela ea tsiamo; gore ba ee kua motseñ oa boago.
8A ba bakele Yehova molemo oa gague, le litiho tsa gague tse ri gakhamatsañ go bana ba bathu.
9Gone o khorisitse moea o o nyoriloeñ; mi o tlatsa moea o o tlala ka molemo.
10Ba ba agileñ mo hihiñ, le mo murutiñ oa loshu, ba golegiloe ka pogisho le tsipi;
11Gone ba le ba ganela le litaolo tsa Morimo, mi ba cuitla khakololo ea Mogorimo oa bogorimo bogolu;
12Ki gona o loa nolahatsa pelu tsa bona ka tapisho, ga tsamaea ba oa ba sina mothusi;
13Hoñ ba biletsa go Yehova mo pogishoñ ea bona, mi o ba buluka mo litlaleloñ tsa bona;
14O ba entsa mo hihiñ, le murutiñ oa loshu; mi o komaganya kholego tsa bona.
15A ba bakele Yehova molemo oa gague, le litiho tsa gague tse ri gakhamatsañ go bana ba bathu.
16Gone o robagantse likhoro tsa khotlo, mi a remaganya mephakalego ea tsipi liketla.
17Masilo a berioa ka eintla ea litlolo tsa bona, le ka eintla ea litsiamololo tsa bona.
18Meoea ea bona e ila liyo cotle, mi ba atamela khoro tsa loshu;
19Hoñ ba biletsa go Yehova mo pogishoñ ea bona, mi o ba golola mo litlaleloñ tsa bona.
20O roma lehuku ya gague, mi o ba horisa; mi o ba shuabola mo tsenyegoñ tsa bona.
21A ba bakele Yehova molemo oa gague, le litiho tsa gague tse ri gakhamatsañ go bana ba bathu.
22Mi a ba shupele licupelo tsa boitumelelo, le go bulela litiho tsa gague ka turueco.
23Bona ba ba hologelañ go leoatle mo lishepeñ, ba tiho tsa bona li leñ mo metseñ a magolu;
24Ba, ba bona litiho tsa ga Yehova, le likhakhamaco tsa gague mo boteñeñ;
25Gone o laola, mi o cosa moroalela oa pheho, o o culeletsañ lintelo tsa yeona gorimo.
26Ba tlatlogela kua gorimo, ba ba ba hologela mateñeñ; meoea ea bona e tlapololoa ki tlalelo;
27Ba bina ba theekela yaka monona eo o tagiloeñ, mi botlale yotle yoa bona boa siloharioa.
28Hoñ ba biletsa go Yehova mo pogishoñ ea bona, mi o ba entsa mo litlaleloñ tsa bona.
29O hetola moroalela, oa ema oa sisibala, ga tsamaea lintelo tsa ona tsa ririmala.
30Eriha gona ba itumelañ, gone li sisibaricoe, mi o ba gogela boemoñ yoa keleco ea bona.
31A ba bakele Yehova molemo oa gague, le litiho tsa gague tse ri gakhamatsañ go bana ba bathu.
32A ba mo gorise mo phuthegoñ ea bathu; le go mmaka mo phuthegoñ ea bagolu.
33O hetola melapo lokhere; le mecoeri ea metse hatsi ya komelelo;
34Lehatsi ye le uñuañ ya na loubu; ka eintla ea boleo yoa ba ba agileñ mo go yeona.
35O hetola lokhere megobe ea metse, mi hatsi ya komelelo mecoeri ea metse;
36Mi o agisa ba ba tlala gona, gore ba itleletse motse go na boago;
37Mi ba yala masimo, ba tloma masimo a movine, a a ka uñuañ mauñuo ka totahalo.
38Mi o ba tsegahatsa, mi ba intsihala segolu; mi ga o leseletse likhomu tsa bona go intsihologa.
39Gape ba ñotlahala, mi ba nolaharioa ka eintla ea patiko, pogisho, le bohutsana;
40O gorometsa lonyaco mo likhosaneñ, mi o ba timetsa mo hatsiñ ya lokhere ha tsela e sieoñ gona.
41Mi o entsa batloki mo pogishoñ, o ba baea mo heloñ ha go gorimo; mi o riha litsika go na go cuana le lecomane.
42Basiami ba bona mouo, mi ba itumela, mi tsiamololo eotle e tsiba molomo oa eona.
43Leha ele mañmañ eo o tlalehileñ le go ela lilo tse tloko, eo ontseñ yalo o tla tlaloganya tsalano ea lorato ea ga Yehova.
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.