1KUBUGA, kubuga, Tsiona, u apare khalalelo ea gago; Yerusalema, motse oa boitsepho, u apare liaparo tsa gago tse liñtle: gone eo o sa guerisioañ, le moitsepholori ga ba kitla ba tlola ba tsena go uena.
2Yerusalema, ikurubatse lorole; namologa, u rule: ikhunolole mo li-kholeñ tsa thamo ea gago, moroaria Tsiona oa mocuaroi.
3Gone go bua yalo Yehova; Yaka lo loa ipapaletsa esiñ sepe, le gona lo tla rekololoa esiñ ka mari.
4Gone go bua yalo Yehova Morena, bathu ba me ba le ba ea Egepeto mo tsimologoñ go tlolatlola gona; mi Baasiria ba ba patikela boheloñ.
5Mi yana, ki na le eñ hanu, go bua Yehova, ka bathu ba me ba ko ba tlosioa esiñ ka sepe? ba ba ba busañ, ba ba goisañ, go bua Yehova; mi leina ya me le khaloa ka gale ka metla eotle.
6Ki gona, bathu ba me ba tla itseñ leina ya me: ki gona, ba tla itseñ mo tsatsiñ yeuo, ha e le ’na mokhobatsi pelu; ’mponañ.
7¶ Li liñtle yañ mo lithabeñ, linao tsa gague eo o bulelañ mahuku a molemo; eo o utluisañ kagisho, eo o bulelañ mahuku a molemo, eo o utluatsañ ga puluko; eo o raeañ Tsiona, Morimo oa gago oa busa.
8Baleberi ba gago ba tla culetsa koru; ba tla opelana ka koru tsa bona; gone ba tla bona ba lebantse maitlo, mogañ Yehova o bañ a lere Tsiona.
9¶ Ponyegañ, lo opelane, lona mahelo a khakhabalo a Yerusalema: gone Yehova o gomoritse bathu ba gague; o rekolotse Yerusalema.
10Yehova o apotse lecogo ya gague ya boitsepho ha pele ga maitlo a merahe eotle; mi khutlo cotle tsa lehatse li tla bona puluko ea Morimo oa rona.
11¶ Hurugañ, hurugañ, coañ gona; si ameñ se se leshue; coañ mo gareñ ga ona; itsekeñ, lona ba lo belegeñ liculo tsa ga Yehova.
12Gone ga lo kitla lo coa ka bonako, leha e le go coelela pele ka tsabo: gone Yehova o tla lo etelela pele; mi Morimo oa Bayeserela o tla na tsimega ea lona.
13¶ Bonañ, motlañka oa me o tla tsegohala; o tla culerioa, a golerioa, a gorisioa segolu.
14Yaka bantsi ba le ba tseañoa ki uena; (ka gone hatlogo sa gague se le sa señoa, bogolu go sa ope mothu, le ponalo ea gague bogolu go ea bomoroa bathu;)
15Yalo o tla khatsa merahe mentsi; likhosi li tla moma melomo ea cona: gone se li se ka tsa se kakanyerioa, li tla se bona; mi se li si ka tsa se utlua, li tla se tlaloganya.
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.