1LEHUKU ye le ya rihalela Yeremie, ye le coañ go Yehova, ka Tsedekie khosi a roma Pashure moroa Melekiye go ena, le Tsefanye moperiseti moroa Maseye, ba re,
2¶ A ko u re boletse Yehova; gone Nebukadenetsare khosi ea Babelona o tlabana le rona; ekare khotsa Yehova a re rihela kaha likhakhamacoñ tsa gague cotle, gore a tloge go rona.
3¶ Ereha gona Yeremie o ba raeañ Lo bue yalo le Tsedekie:
4Go bua yalo Yehova Morimo oa Bayeserela: Bonañ, ki tla bosa libolao tsa tlabano tse ri mo atleñ tsa lona, tse lo tlabanañ le khosi ea Babelona, le Bakaledia ka cona, ba ba lo tlaselañ kua ntle ga lithako, mi ki tla ba phuthela ha gare ga motse o.
5Le ’na ka ’nosi ki tla tlabana le lona ka atla se se otlologileñ, le ka cogo ye le thata, le ka bogale, le ka bocarara, le ka yayarego e kholu.
6Mi ki tla khemetha banni ba motse o, eboñ bathu le likhomu: ba tla shua ka pesetelense e kholu.
7Mi morago ga mouo, go bua Yehova, ki tla tsenya Tsedekie khosi ea Yuda le batlañka ba gague, le bathu mo atleñ sa ga Nebukadenetsare khosi ea Babelona, ki tsenya le ba ba sarisicoeñ ki pesetelense, le caka, le loshekeri mo motseñ o, mo atleñ tsa baba ba bona, le mo atleñ tsa bona ba ba batlañ botselo yoa bona: mi o tla ba khemetha ka boyetla yoa caka; ga a kitla a ba tlomogela pelu, le esiñ go rekegela, le esiñ go utluela botluku.
8¶ Mi u ree bathu ba, Go bua yalo Yehova: Bonañ, ki baea tsela ea botselo, le tsela ea loshu ha pele ga lona
9Eo o salañ mo motseñ o tla shua ka caka, le loshekeri, le pesetelense: mi eo o coañ a oela go Bakaledia ba ba lo tlaselañ, o tla tsela, mi botselo yoa gague bo tla na thopo go ena.
10Gone ki tla bela motseñ o hatlogo sa me go shulatsa, mi esiñ go lemohatsa, go bua Yehova: o tla tseñoa mo atleñ sa khosi ea Babelona, mi e tla o hisa ka molelo.
11¶ Mi kaga ba ntlu ea khosi ea Yuda, u re, Utluañ lehuku ya ga Yehova:
12Lona ba ntlu ea ga Davide, go bua yalo Yehova: Ganelelañ tsiamisho ka kakoho, mi gololañ eo o thopiloeñ mo atleñ sa mopatiki, gore bogale yoa me bo si coe yaka molelo, yoa tuka, mi go si na ope eo o ka o timañ, ka ntla ea boshula yoa tiho tsa lona.
13Bonañ, ki emelelanye nau, uena monni oa mogorogoro, le oa lehika ya loboa, go bua Yehova; lona ba lo reñ, E mañ eo o tla hologelañ go rona? khotsa e mañ eo o tla tsenañ mo mannoñ a rona?
14Mi ki tla lo khopolola kaha louñuoñ loa tiho tsa lona, go bua Yehova: mi ki tla cuba molelo mo sekhueñ sa ona, mi o tla nyeletsa cotle tse ri tikologoñ ea ona.
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.