1MI ka bona ka Kuana e sina kanolola kano señue sa likano, mi ka utlua señue sa tse ri tserileñ li for, se re, yaka ekete tumo ea maru, Tla u bone.
2Mi ka bona, mi bonañ, pitse e cueu; mi eo o e palameñ a na le bora; mi a necoe seroalo sa bogosi; mi a coelela a henya, gore a henye.
3Mi ka a sina kanolola kano sa botu, ka utlua se se tserileñ sa bo‐tu, se re, Tla u bone.
4Mi ga coa pitse e ñue e hubiru; mi eo o e palameñ a necoe taolo go tlosa kagisho mo lehatsiñ, gore ba bolaane; mi a necoe caka e kholu.
5Mi ka e sina kanolola kano sa bo‐teri, ka utlua se se tserileñ sa bo‐teri se re, Tla u bone. Mi ka bona, mi bonañ, pitse e ncu; mi eo o e palameñ a na le selekanyo sa pego mo atleñ sa gague.
6Mi ka utlua koru ha gare ga tse ri tserileñ li for, e re, Selekanyo sa mabele señue ka dinara, le lilekanyo tsa barele li teri ka dinara; mi u si senye loukuane le boyaloa.
7Mi ka e sina kanolola sekano sa bo‐for, ka utlua koru ea se se tserileñ sa bo‐for, e re, Tla u bone.
8Mi ka leba, mi bonañ, pitse e tsetla; mi leina ya eo o e palameñ e le le Loshu, mi Bobipo bo mo setse morago. Mi ba necoe thata go bolaea ntla ea bo‐for ea lehatse, ka caka, le ka tlala, le ka loshu, le ka libatana tsa lehatse.
9Mi ka e sina kanolola kano sa bo‐faev, ka bona ha tlatse ga aletara, meoea ea bona ba ba bolailoeñ ka ntla ea lehuku ya Morimo, le ka ntla ea cupo e ba le ba na naeo;
10Mi ba bitsa ka koru e kholu, ba re, Go lele yañ, Morena, boitsepho le boamarure, a ga u sekise ua busholoseletsa mari a rona mo go bona ba ba agileñ mo lehatsiñ?
11Mi moñue le moñue a necoe liaparo tse ri cueu; mi ba reiloe gore ba tle ba ikhutse ka motla o mo khutsanyane, go tlo go tsamaee palo ea batlañka ka bona le bakauleñue ba bona, ba ba tla bolaoañ yaka bona, e tlarioe.
12Mi ka bona ka e sina kanolola sekano sa bo‐sekes, mi, bonañ, gole gole thoromo e kholu ea lehatse; mi letsatsi ya na lencu yaka letsela ya khetse ea boboea, mi khueri ea na yaka mari.
13Mi naleri tsa legorimo tsa oela ha hatse, yaka tlare sa mofeige se urubatsa bogotu yoa shona, ereha se urabarioa ki pheho e kholu;
14Mi legorimo ya kharametsega yaka momeno o o menagañoañ; mi thaba cotle le likiri tsa tloga ha mannoñ a cona.
15Mi khosi tsa lehatse, le bagoluane, le bahumi, le balaori ba bathousanda, le bathati, le batlañka botle, le batlomamo botle, ba icuba mo meñoboñ, le mo mahikeñ a lithaba;
16Mi ba raea lithaba, le mahika, ba re, Re oele gorimo, mi re shube ha pele ga sehatlogo sa eo o rutseñ mo seruloñ sa bogosi, le ha pele ga bogale yoa Kuana;
17Gone motla o mogolu oa bogale yoa eona o tlile, mi go ka ema mañ?
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.