Yesaye 31 - Sechuana Tlhaping Moffatt Bible 1890(TSN1890)

KHAOLO 31.

1GO latlega bona ba ba hologelelañ thusho Egepetoñ; le go ikaega lipitse, le go ikanya licariota ka li le lintsi; le bapalami ka ba le thata bogolu; mi ba sa lebe Moitsephi oa Bayeserela, le esiñ go batla Yehova.

2Leha gontse yalo, le ena o tlalehile, mi o tla lere boshula, mi ga a kitla a bosa mahuku a gague: mi o tla nanogela ntlu ea bashulatsi, le thusho ea ba ba siamololañ.

3Gone Baegepeto, ki bathu, esiñ Morimo; le lipitse tsa bona nama, esiñ moea; etlare mogañ Yehova o tla otlololañ atla sa gague, mothusi o tla khocoa, mi mothusioi o tla oa, mi ba tla hela mogo botle,

4Gone Yehova o ’ntheile yalo, Yaka tau le lerumeri li karetlela thopo ea cona, mogañ bontsi yoa barisi ba bo-loricoeñ, ga li kitla li reroa ki khoele-lo ea bona, le esiñ go cosioa ki morumo oa bona: Yehova oa lintua o tla hologa yalo go tlabanela thaba ea Tsiona, le thabana ea eona.

5Yaka linunyane li elama, gontse yalo, Yehova o tla hemela Yerusalema; a o hemela le go o golola, a o rekegela le go o shuatola.

6¶ Boelañ go ena, eo bana ba Yeserela ba tenegile segolu go ena.

7Gone mo tsatsiñ yeuo, moñue le moñue o tla latla licuanco tsa merimo tsa gague tsa selevera, le licuanco tsa merimo tsa gague tsa gouda, tse atla tsa lona li li rihetseñ boleo.

8¶ Mi Moasiria o tla oa esiñ ka caka ea monona; mi caka ea eo, eo esiñ mothu, e tla mo nyeletsa: o tla tsaba ha pele ga caka, mi ligañka tsa gague li tla khetha.

9Mi o tla tamalalela go hikeñ ya gague ka poiho, mi likhosana tsa gague li tla reroa ki banera, go bua Yehova, eo, molelo oa gague o mo Tsiona, le ntlu ea gague ea peseco e mo Yerusalema.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help