1MORIMO, utlua pico ea me, ela morapelo oa me tloko.
2Ki gu bitsa ki le kua khutloñ sa lehatsi, ka pelu ea me e nyelerioa ki bohutsana. ’Nkhogela kua lehikeñ ye leñ gorimo bogolu go ’na.
3Gone u lu le botsabelo yoa me, turio e e thata ea me, ha pele ga maba.
4Ki tla aga mo taberenakeleñ ea gago ka bosina bokhutlo; ki tla tsabela mo murutiñ oa liphuka tsa gago. Sela.
5Gone, Morimo, u utluile maikano a me; u ’nneile boshua yoa bona ba ba boihañ leina ya gago.
6U tla oketsa malatsi a khosi ka malatsi; linyaga tsa eona li tla na mo tsikatsikeñ.
7E tla sala ha pele ga Morimo ka bosina bokhutlo; itleletsa boicuarelo le boamarure, gore bo e buluke.
8Ki gona yalo ki tla opelelañ leina ga gago lipako ka bosina bokhutlo, gore ki lehe maikano a me ka tsatsi le tsatsi.
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.
