Nehemie 1 - Sechuana Tlhaping Moffatt Bible 1890(TSN1890)

KHAOLO 1.

1LITIHALO tsa Nehemie moroa Hakalie. Mi ga rihala ka khueri ea Kiseleu, le mo ñuageñ ea bo‐tuente, ka ki le mo Shushana mo palisoñ,

2Ka Hanane, moñue oa bana ba ga rre, a tla, ena le banona bañue ba Yuda: ka ba botsa kaga Bayuda ba ba le ba phela, ba ba setseñ ba bocuaro, le kaga Yerusalema.

3Mi ba ’nthaea, Masalela a bocuaro a a setseñ gona mo khaoloñ ea bogosi ba mo boshuleñ yo bogolu le khobo: le lorako loa Yerusalema lo rutliloe, le likhoro tsa ona li hisicoe ka molelo.

4¶ Mi ga rihala, ka ki utlua mahuku a, ka lula, mi ka lela ka hutsahala ka malatsi mañue, ka riha pisho go ya, ka rapela ha pele ga Morimo oa legorimo,

5Mi ka re, Kia gu rapela, Yehova Morimo oa legorimo, Morimo o mogolu le o o boitsegañ, o o tsegeletsañ bona ba ba o ratañ ba tlokomela taolo tsa ona, kholagano le bopelunomi:

6A yana tsebe ea gago e tlokomele, le maitlo a gago a buruloge, gore u utlue morapelo oa motlañka oa gago, o ki o rapelañ yana ha pele ga gago ka tsatsi le bosigo kaga bana ba Yeserele batlañka benu: mi ki ipobola maleo a bana ba Yeserele, a re a gu leohetseñ: ’na le ba eintlu ea rre re leohile.

7Re b@riseritse rure kaga gago, mi re si ka ra tsegetsa litaolo, le litaeo, le litsiamisho, tse u li re laoletseñ ka Moshe motlañka oa gago.

8Kia gu rapela, gakologeloa lehuku ye u lu ua le laolela Moshe motlañka oa gago, ua re, Ha lo tlola, ki tla lo halatsa mo baeteneñ:

9Mi ha lo boela go ’na, lo tsegetsa litaolo tsa me, lo li riha; leha bañue ba lona ba lelekeloa kua khutloñ sa legorimo, ki tla ba phutha gona, ki ba tlisa go heloñ ha ki go itseñketseñ, go nnisa leina ya me gona.

10Yana ba ki batlañka benu le bathu ba gago, ba u ba rekolotseñ ka nonoho e kholu ea gago, le ka atla sa gago se se thata.

11Morena, kia gu rapela a yana tsebe ea gago e tlokomele morapelo oa motlañka oa gago, le merapelo ea batlañka benu, ba ba eletsañ go boiha leina ya gago: mi kia gu rapela, tsegahatsa motlañka oa gago ka yenu, mi u mo nee mautluelo botluku ha pele ga monona eo. Gone ki le ki le mo-tseleri oa khosi.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help