Ekesodo 15 - Sechuana Tlhaping Moffatt Bible 1890(TSN1890)

KHAOLO 15.

1EREHA gona Moshe le bana ba Yeserele ba opelelañ Yehova sehela se, mi ba bua ba re, Ki tla opelela Yehova, gone o gorisicoe bogolu: o rigetse pitse le moepalami mo leoatleñ:

2Yehova ki thata ea me le sehela, mi o rihegile puluko ea me: ko ona Morimo oa me, ki gona ki tla o galaletsañ; ko ona Morimo oa ga rre, mi ki tla o gorisa.

3Yehova ki monona oa tlabano: Yehova ki leina ya gague.

4O rigetse cariota tsa ga Faroe, le entua ea gague mo leoatleñ: mi balaori ba gague ba ba tlaocoeñ ba noetse mo Leoatleñ ye le Hubiru.

5Mateñ a ba khurumetsa: ba noetse mo mateñeñ yaka leincue.

6Atla se se siameñ sa gago Yehova, se galalericoe mo thateñ: mi atla se se siameñ sa gago, Yehova, se rabantse maba.

7Mi u ribegeritse baganetsi ba gago ka bogolu yoa bonatla yoa gago: u entsitse bogale yo bo hisañ yoa gago, yo bo ba nyeleritseñ yaka lirine.

8Mi metse a la a phuthoa meköa ki purulo ea maroha a eñko ea gago; meroalela ea ema ea tsepalala yaka moköa; mateñ a gatsela mo peluñ ea leoatle.

9Maba a re, Ki tla khonatela, ki tla hitlela, ki tla aba thopo, keleco ea me e tla khorisioa ke bona; ki tla shomola caka ea me, atla sa me se tla ba senya.

10U lu ua burula ka pheho ea gago, leoatle ya ba khurumetsa: ba thabuetse yaka loda mo metseñ a a bonatla.

11Yehova, mañ eo o cuanañ nau mo merimoñ? mañ eo o cuanañ nau? u khalalelo mo itsephoñ, le poitsego mo lipakoñ, u riha likhakhamaco.

12U lu ua otlolola atla sa gago se se siameñ, lehatsi ya ba metsa.

13U lu ua goga bathu ba u ba rekolotseñ ka bopelunomi yoa gago: ua ba isa boagoñ yoa gago yoa boitsepho ka thata ea gago.

14Bathu ba tla utlua ba huruioa: tlakaselo e tla tsegetsa banni ba Palesetina.

15Ereha gona khosana tsa Edoma li tla reregañ; thoromo e tla tsegetsa linatla tsa Moaba; banni botle ba Kanana ba tla tlapologa.

16Therego le poiho li tla oela go bona; ba tla ririmala yaka leincue ka bogolu yoa cogo ya gago Yehova, e tsamaea bathu ba gago ba khabaganye, e tsamaea bathu ba khabaganye ba u ba rekileñ.

17U tla ba lere teñ, u ba tloma mo thabeñ ea boshua yoa gago, heloñ ha u go itihetseñ go na boago yoa gago, Yehova; helo ga boitsepho, ha atla tsa gago, Morena, li go tlomileñ.

18Yehova o tla busa ka bosakhutleñ le bosina bokhutlo.

19Gone pitse tsa ga Faroe le licariota tsa gague, le bapalami ba gague, ba tsenye mo leoatleñ, mi Yehova a ba a lere metse a leoatle gorimo ga bona, mi bana ba Yeserele ba sepela mo komeleloñ gareñ ga leoatle.

20¶ Mi Miriame moperofeti oa sesari, khantsaria Arone, a tsaea timberela mo atleñ sa gague; mi basari botle ba coa ba mo sala morago ka litimberela le ka lipino.

21Mi Miriame a ba araba, Opelelañ Yehova, gone o gorisicoe bogolu: o rigetse pitse le moepalami mo leoatleñ.

22¶ Mi Moshe a tlatlosa Boyeserela kua Leoatleñ ye le Hubiru, mi ba ea bogareñganaga yoa Shura; mi ba ea ka malatsi a teri mo bogareñganaga, mi ba sa bone metse.

23¶ Mi erile ba hitla mo Mara, ba sa kake ba noa metse a Mara, gone a le bogalaka: ki gona leina ya gona le birioañ Mara.

24Mi bathu ba ñoñoregela Moshe, ba re, Re tla noañ?

25Mi a biletsa go Yehova, mi Yehova a montsa setlare, mi a se latlela mo metsiñ, mi metse a na botse. Hoñ a ba laolela taeo le tsiamisho, mi a ba leka gona,

26Mi a re, Ere ha lo retsa koru ea ga Yehova Morimo oa lona ka tloahalo, le go riha se se thokhameñ mo maitloñ a gague, le go sekegela tsebe tsa lona taolo tsa gague, le go tsegetsa taeo tsa gague cotle, ga ’nkitla ki lo bela epe ea lipobolo tse ki li beileñ mo go Baegepeto: gone ki Yehova mohorisi oa lona.

27¶ Mi ba hitla mo Elima, ha mecoeri e tueleve ea metse e gona, le tlare tsa mekolane li sevente: mi ba tlaolela gona ha metseñ.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help