1MI, bakauleñue, ga go tlokahale gore ki lo kualele ga metla le lipaka.
2Gone ka losi loa itse ka botlalo, ha tsatsi ya Morena le tla tla yalo yaka legoru bosigo.
3Gone etlare mogañ ba reñ, Go kagisho, ga go na poitsego; eriha gona tsenyego ea bonako e tla tlañ go bona, yaka pelego e tla mo mosariñ eo o ithueleñ; mi ga ba kitla ba halola.
4Mi lona, bakauleñue, ga lo mo hihiñ, ha tsatsi ye le ka lo hitlela yaka legoru.
5Lona lotle lo bana ba leseri, le bana ba letsatsi; ga re ba bosigo, leha e le ba lehihi.
6Ki gona a re si robaleñ yaka ba bañue; mi a re riseñ, le go na tekano.
7Gone ba ba robalañ, ba robala bosigo; mi ba ba tagiloeñ ba tagiloe bosigo.
8Mi rona ba re leñ ba letsatsi, a re ne tekano, re apare thebe ea sehuba ea tumelo, le ea lorato; lo eona culuhelo ea puluko go na helemeta.
9Gone Morimo go oa re laolela bogaleñ, mi ki go bona puluko ka Yesu Keresete Morena oa rona,
10Eo o re shuetseñ, gore, leha re cogile, khotsa re robetse, re tsele mogo le ena.
11Ki gona gomotsanyañ, mi agelelanañ, yaka le lona lo riha.
12Mi, bakauleñue, rea lo rapela, itseñ bona ba ba rihañ mo go lona, ba ba lo lebalebañ mo Moreneñ, ba ba lo kaelañ;
13Go ba kaea segolu mo loratoñ, ka ntla ea tiho tsa bona mo go lona. Nañ kagisho mo go lona.
14Mi yana, bakauleñue, rea lo rapela, tlagisañ ba ba sa rulaganyeñ, gomotsañ ba ba sa nametsegeñ, thusañ ba ba bokoa; nañ bopelutelele mo go botle.
15Lo bone gore go si ne ope eo o lehelañ eo moñue boshula ka boshula; mi latelañ se se molemo ka gale, mo go lona ka losi, le mo go bona botle.
16Itumeleñ ka gale.
17Rapelañ ka go bisa go khutla.
18Lo itumelele mo liloñ cotle; gone mo, e le thato ea Morimo kaga lona, mo go Keresete Yesu.
19Si timeñ Moea.
20Si nyatseñ lithuto.
21Lekañ lilo cotle; tsegetsañ se se molemo.
22Ithibeñ mo go cotle tse ri cuanañ yaka boshula.
23Mi Morimo oa kagisho ka osi, a o lo itsephise gotle; gore matselo aotle a lona, le meoea, le mebele, e bulukoe, ka go sina molatu, mo go tleñ ga Yesu Keresete Morena oa rona.
24Ona o o lo bitsañ o boikanyo; o le ona o tla riha yalo.
25Bakauleñue, lo re rapelele.
26Rumerisañ bakauleñue botle ka katlo ea boitsepho.
27Kia lo ikanisa ka Morena, gore episetole e, e buiserioe bakauleñue botle ba boitsepho.
28Tsegohaco ea ga Yesu Keresete Morena oa rona e ne le lona. Amena.
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.