Bahebera 2 - Sechuana Tlhaping Moffatt Bible 1890(TSN1890)

KHAOLO 2.

1KI gona re cuanetseñ go tsatsia bogolu lilo tse re li utluileñ, gore e si re khotsa ra li lebala ka motla ope.

2Gone ha lehuku ye le builoeñ ki baengele le le tlomame, mi setlolo señue le señue le go bisa go utlua, li tsa bona tuelo ea tsiamo;

3Re tla tsaba yañ, ha re lebala puluko e kholu e? e e simolocoeñ go reroa ki Morena, mi re e tlomamisericoe ki bona ba ba mo utluileñ;

4Morimo le ona oa shupa ga bona, ka licupo le likhakhamaco, lo litiho tse ri thata li sele, le lineo tsa Moea oa Boitsepho, kaha thatoñ ea ona.

5Mi lehatse ye le tlañ ye re buañ ga yeona, ga oa le nela mo taoloñ ea baengele.

6Mi moñue o itsise mo heloñ goñue, a re, Mothu ki eñ, eo u mo gopolañ; khotsa moroa mothu eo u mo lekolañ?

7U mo ñotlile bo botlana bogolu go baengele; u mo roesitse ka khalalelo le tlotlo, mi u mo emisitse go laola tiho tsa atla tsa gago.

8Lilo cotle, u li beile tlatse ga nao tsa gague. Mi yana ka o beile lilo cotle mo taoloñ ea gague, ga oa tlogela sepe se se siñ mo taoloñ ea gague. Mi yana ga re e si re bone lilo cotle li le mo taoloñ ea gague;

9Mi rea bona Yesu eo o ñotliloeñ bo botlana bogolu go baengele, a roesioa ka khalalelo le tlotlo ka go utlua loshu, ka a sina utluela botle loshu ka tsegohaco ea Morimo.

10Gone go cuanetse ona, o lilo cotle li nelañ ona, le o lilo cotle li leeoñ ka ona, ka o gogela bana bantsi khalaleloñ, go gorisetsa khalaleloñ ena Mogogi eo o mogolu oa puluko ea bona, ka lipogisho.

11Gone, eo o itephisañ, le ba ba itsephisicoeñ, ki ba moñue hela botle; mi ga a tlayoe ki litloñ go ba bitsa bakauleñue ka ntla ea mouo,

12A re, Ki tla bulelela bakauleñue ba me leina ya gago, mi ki tla gu opelela pako gare ga ekelesia.

13Mi gape, Ki tla mo ikanya. Mi gape, Bona, ’na, le bana ba Morimo o ba ’nneileñ.

14Mi ereka bana e le baaberoi ba nama le mari, le ena ka esi o itseetse ga aona, gore a mo nyeletse ka loshu, ena eo o la a na le thata ea loshu, eboñ diabolo;

15Le go golola bona ba ba le ba le mo popegoñ ea kholego ka ntla ea poiho ea loshu, mo tseloñ yotle yoa bona.

16Gone amarure ga a thuse baengele ka gope, mi o thusa losika loa ga Aberahame.

17Ki gona e le le cuanelo gore a ne yaka bakauleñue ba gague mo liloñ cotle, gore a ne moperiseti eo mogolu oa boicuarelo le boikanyo, mo liloñ tse e leñ tsa Morimo, go ruanyetsa libe tsa bathu.

18Gone ka a la a bogisioa a raeloa, o nonohile go thusa ba ba raecoeñ.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help