2 Litihalo 22 - Sechuana Tlhaping Moffatt Bible 1890(TSN1890)

KHAOLO 22.

1MI banni ba Yerusalema ba riha Ahasie moroa eona eo motlana khosi boemoñ yoa eona: gone bonokuane yo bo le yoa tla, le Baarabia mo botlaoleloñ bo bolaile bo‐mogolue botle. Mi Ahasie moroa Yehorame khosi ea Yuda a busa.

2Ahasie a simolola go busa ka a le oa nyaga li forte tu, mi a busa mo Yerusalema ka ñuaga o le moñue. Leina ya mague e le le Atalie moroaria Omere.

3Le ena a sepela mo tseleñ tsa ba eintlu ea Ahabe: gone mague e le le mogakolori oa gague, go ikepa.

4Mi a shulatsa mo maitloñ a ga Yehova yaka ba eintlu ea Ahabe: gone ba bo ba le bagakolori ba gague morago ga loshu loa rague, go mo gakololela mo tsenyegoñ.

5Le gona a sepela mo khakololoñ ea bona, mi a bolola le Yehorame moroa Ahabe khosi ea Bayeserela go tlabana le Hasaele khosi ea Siria kua Ramota‐gileada: mi Basiria ba kuenisa Yehorame.

6Mi a boea go horisioa kua Yisereëla, gone a na le likuenisho tse ba li mo kuenisitseñ kua Rama, ka a tlabana le Hasaele khosi ea Siria. Mi Asarie moroa Yehorame khosi ea Yuda, a ea go bona Yehorame moroa Ahabe kua Yisereëla, gone a bobola.

7Mi katakelo ea Ahasie e le le ea Morimo, ka a ea go Yehorame: gone a sina hitla a bolola le Yehorame go khatlantsa Yehue moroa Nimeshe, eo Yehova o mo tloritseñ go khaola ba eintlu ea Ahabe.

8Mi ga rihala ka Yehue a sekisa ba eintlu ea Ahabe, a bona likhosana tsa Yuda, le bomoroa bana ba rague Ahasie, ba ba rihelañ Ahasie, mi a ba bolaea.

9Mi a batla Ahasie, mi ba mo cuara; (gone a shubiloe mo Samaria,) mi ba mo tlisa go Yehue: mi ba sina molaea ba mo hitla: gone, ba re, O moroa Yehoshafate eo o la a batla Yehova ka pelu ea gague eotle. Mi ba eintlu ea Ahasie ba bo ba sina nonoho go itsegeletsa bogosi.

10¶ Mi erile Atalie ma Ahasie a bona ha moroaue a shule, a nanoga a herisa losika lotle loa bogosi, loa ba eintlu ea Yude.

11Mi Yehoshabeate moroaria khosi, a tsaea Yoashe moroa Ahasie, a mo ucua mo go bomoroa khosi ba ba bolailoeñ, a mo tsenya le mootli oa gague mo tluñ ea borobalo. Mi Yehoshabeate moroaria Yehorame khosi, mosari oa Yehoyade moperiseti, (gone e le le khantsaria Ahasie,) a mo shubela Atalie, gore a si molaee.

12Mi a na nabo a shuyoa mo tluñ ea Morimo ka nyaga li sekes: mi Atalie a busa lehatsi.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help