1MI bana ba ga Rubene le bana ba ga Gade ba le ba na le khomu lintsintsi: mi ka ba bona hatsi ya Yasera, le lehatsi ya Gileada, mi bonañ, helo hoñ e le le helo ga likhomu:
2Mi bana ba ga Gade le bana ba ga Rubene ba ea ba bua le Moshe, le Eleasare moperiseti, le likhosana tsa kokoano, ba re,
3Atarota, le Dibona, le Yasera, le Nimera, le Heshebona, le Eleala, le Shebama, le Nebo, le Beona,
4 Eboñ hatsi ye Yehova o le khemethileñ ha pele ga kokoano ea Bayeserela, ki lehatsi ya likhomu, mi batlañka benu ba na le likhomu:
5Mi ba re, Ha re bonye tsalano mo maitloñ a gago, a hatsi ye, le neloe batlañka benu boshua, mi u si re khabagantse Yoredane.
6¶ Moshe a raea bana ba ga Gade le bana ba ga Rubene, A bana ba ga rra enu ba ea go tlabana, mi lona lo nna hanu?
7Mi lo ñoreisetsañ pelu tsa bana ba Yeserele, gore ba si khabaganyetse mo hatsiñ ye Yehova o le ba neileñ?
8Bo‐rra enu ba le ba riha yalo, ka ki le ka ba roma go coa Kadesha‐barenea go bona lehatsi.
9Gone erile ba hitla mogorogoroñ oa Eshekola, ba bona lehatsi, ba ñoreisa pelu tsa bana ba Yeserele, gore ba si ee mo hatsiñ ye Yehova o la a le ba naea.
10Mi bogale yoa ga Yehova bo le yoa tuka ka motla ouo, mi a ikana, a re,
11Amarure, ga go ope oa banona ba ba ruleñ Egepeto, ba ba nyaga li tuente le kua pele, eo o tla bonañ lehatsi ye ki le ka le ikanela Aberahame, le Yitsake, le Yakobe; gone ga ba ’ntsale morago ka botlalo:
12Ha e si Kalebe, moroa Yefune oa Sekenasa, le Yehoshue moroa Nune: gone ba latetse Yehova ka botlalo.
13Mi bogale yoa ga Yehova yoa tukela Bayeserela, mi a ba timetsa mo bogareñganaga ka nyaga li forte, ea tsamaea kokomana eotle e e le ea shulatsa ha pele ga Yehova, ea nyelela.
14Mi bonañ, lo cogile mo bonnoñ yoa bo‐rra enu, lo intsihalo ea bathu ba boleo, go hela go totisetsa Bayeserela khotelo ea bogale yoa ga Yehova.
15Gone ha lo boea go ena, o tla hela a tlogela Bayeserela mo bogareñganaga; mi lo tla senya bathu botle ba.
16¶ Mi ba mo atamela, mi ba re, Re tla agela khomu tsa rona maraka, le banyana ba rona metse hanu:
17Mi rona ka rosi re tla ea ka kakoho re tlometse ha pele ga bana ba Yeserele, e tsamaea re ba isa heloñ ga bona: mi banyana ba rona ba tla nna mo metseñ e e hemecoeñ ka eintla ea banni ba lehatsi.
18Ga re kitla re boela mo matluñ a rona e tsamaea moñue le moñue oa bana ba Yeserele a rua boshua yoa gague.
19Gone ga re kitla re rua le bona boseyeñ yoa Yoredane, le kua pele; ha boshua yoa rona bo re tletse boseyeñ yonu yoa Iseta ea Yoredane.
20¶ Mi Moshe a ba raea, Ha lo tla riha seo se, ha lo tla ea tlabanoñ lo tlometse ha pele ga Yehova,
21Mi ha lo khabaganya Yoredane lo tlometse lotle ha pele ga Yehova, e tsamaea a rulola baba ba gague ha pele ga gague,
22Le lehatsi le heñoa ha pele ga Yehova: ereha gona lo ka boeañ morago ga mouo, lo sina molatu ha pele ga Yehova, le ha pele ga Bayeserela; mi hatsi ye le tla na boshua yoa lona ha pele ga Yehova.
23Mi ha lo sa rihe yalo, bonañ, lo leohetse Yehova: mi itseñ ha boleo yoa lona bo tla lo hitlela.
24Agela banyana ba lona metse, le liñku tsa lona marakana; mi rihañ yaka se se ruleñ mo melomoñ ea lona.
25Mi bana ba ga Gade le bana ba ga Rubene ba bua le Moshe, ba re, Batlañka ba gago ba tla riha yaka morena oa rona a re laola.
26Banyana ba rona, le basari ba rona, le lithoto tsa rona, le khomu tsa rona cotle, li tla na gona mo metseñ ea Gileada:
27Mi batlañka ba gago ba tla khabaganya, moñue le moñue a tlomeletse entua, ha pele ga Yehova go tlabana, yaka morena oa rona a buile.
28Mi Moshe a laola Eleasare moperiseti, le Yehoshue moroa Nune, le tlogotlogo tsa bo‐rara ba lico tsa bana ba Yeserele kaga bona:
29Mi Moshe a ba raea, Ere ha bana ba ga Gade le bana ba ga Rubene ba khabaganya Yoredane le lona, moñue le moñue a tlomeletse tlabano, ha pele ga Yehova; mi lehatsi le heñoa ha pele ga lona; erehe gona lo ba nelañ boshua hatsi ya Gileada.
30Mi ha ba sa khabaganye le lona ba tlometse, ba tla na barui le lona mo hatsiñ ya Kanana.
31Mi bana ba ga Gade le bana ba ga Rubene ba araba, ba re, Re tla riha yaka Yehova a buile le batlañka ba gago.
32Re tla khabaganyetsa hatsiñ ya Kanana re tlometse ha pele ga Yehova, mi thuo ea boshua yoa rona e e boseyeñ yonu yoa Yoredane e tla na ea rona.
33Mi bana ba ga Gade, le bana ba ga Rubene, le eintla eñue ea loco loa ga Manase moroa Yosefe, Moshe a ba naea bogosi yoa ga Sihone khosi ea Baamora, le bogosi yoa ga Oge khosi ea Bashana, lehatsi, le metse ea yeona mo meleloaneñ, eboñ metse ea lehatsi tikologoñ.
34Mi bana ba ga Gade ba aga Dibona, le Atarota, le Aroera,
35Le Aterota, le Shofana, le Yasera, le Yogebeha,
36Le Beta‐nemera, le Beta‐harana, metse e e hemecoeñ: le marakana a liñku.
37Mi bana ba ga Rubene ba aga Heshebona, le Eleala, le Kireyataima,
38Le Nebo, le Baala‐meona, (e maina a eona e hetoloa,) le Shebema: mi ba bitsa metse e ba e agileñ ka maina a sele.
39Mi bana ba ga Makire moroa Manase a ea Gileada, a o thopa, mi a rulola Baamora ba ba le ba le go ona.
40Mi Moshe a naea Makire moroa Manase Gileada; mi a nna go ona.
41Mi Yaire moroa Manase, a ea a thopa metsana ea ona, mi a e bitsa Havota‐yaira.
42Mi Nobe a ea a thopa Kenata, le metsana ea ona, mi a o bitsa Noba yaka leina ya gague.
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.