2 Samuele 13 - Sechuana Tlhaping Moffatt Bible 1890(TSN1890)

KHAOLO 13.

1MI ga rihala morago ga mouo, Abesalome moroa Davide a na le khantsarie eo moiñtle, eo leina ya gague e le le Tamare; mi Amenone moroa Davide a mo rata.

2Mi Amenone a pitlagañoa, mi a ipoborisetsa Tamare khantsarie; gone a le lekharebe; mi e le le thata mo maitloñ a Amenone go mo riha señue.

3Mi Amenone a na le tsala, eo leina ya gague e le le Yonadabe moroa Shimee mogolu oa Davide: mi Yonadabe e le le monona eo o tlalehileñ thata.

4Mi a mo raea, Uena moroa khosi, u kuruahaletseñ ka mesho mesho? a ga u kitla u ’mpulelela? Mi Amenone a mo raea, Ki rata Tamare, khantsaria Abesalome nnake.

5Mi Yonadabe a mo raea, Itelege ha bolaoñ yoa gago, mi u ipoborise, mi ere rago a tla go gu bona, u mo ree, A ko a Tamare khantsariake a tle a ’nyese liyo, a bakanye liyo ha pele ga me, gore ki bone, ki ye mo atleñ sa gague.

6¶ Mi Amenone a itelega a ipobo-risa: mi erile khosi e tla go mona, Amenone a raea khosi, A ko a Tamare khantsariake a tle, a rihe liñkhue tse ri papetla li tu ha pele ga me, gore ki ye mo atleñ sa gague.

7Mi Davide a romela go Tamare kua gae, a re, Ea yana kua tluñ ea Amenone mogoluu, u makanyetse liyo.

8Mi Tamare a ea kua tluñ ea Amenone mogoluue; mi a bo a itelegile. Mi a tsaea boruyo, a bo ruba, a riha liñkhue tse ri papetla ha pele ga gague, a besa tse ri papetla.

9Mi a tsaea pane, a li thela ha pele ga gague; mi a gana go ya. Mi Amenone a re, Coisañ banona botle go ’na. Mi banona ba coa go ena botle.

10Mi Amenone a raea Tamare, Lere liyo mo tluñ ea teñ, gore ki ye mo atleñ sa gago. Mi Tamare a tsaea tse ri papetla tse o la a li riha, a li isa kua tluñ ea teñ go Amenone mogoluue.

11Mi erile a li mo atametsa, gore a ye, a mo cuara, a mo raea, Khantsariaka, eintlo u lale le ’na.

12Mi a mo araba, a re, Nyaea, ’nkholule, u si ’nkatise, gone ga goa cuaneloa go rihoa yalo mo Bayesereleñ: u si rihe totsahalo e.

13Mi ’na, ki tla isa litloñ tsa me kae? mi uena, u tla na yaka moñue oa balotsana ba Bayeserela. Mi a ko u bue le khosi; gone ga e kitla e ’nthiba go uena.

14Mi a gana go retsa koru ea gague; mi ka a le thata go ena, a mo katisa, a lala nae.

15¶ Mi Amenone a mo ila ka kilo e kholu bogolu, gone kilo e a mo ila ka eona, e le le kholu bogolu go lorato lo o la a mo rata ka lona. Mi Amenone a mo raea, Nanoga, u ee.

16Mi Tamare a mo raea, Ga go na kaha u ’ntelekañ ka gona: boshula yo, bo bogolu go yo boñue yo u bo ’ntihileñ. Mi a gana go mo retsa.

17Mi a bitsa lekau ya gague ye le mo rihelañ, mi a re, Entsetsa eo kua eintle go ’na, mi phekalega secualo morago ga gague.

18Mi a na le tunika ea mebala mentsi go ena: gone bomoroaria khosi ba e leñ makharebe ba le ba apara yalo. Mi motlañka oa Amenone a mo isa kua eintle, mi a phekalega secualo morago ga gague.

19¶ Mi Tamare a baea molora mo tlogoñ ea gague, a gagola tunika ea mebala mentsi e e le le go ena, mi a latsa atla sa gague mo tlogoñ ea gague, a eta a khayayega.

20Mi Abesalome mogoluue, a mo raea, A Amenone mogoluu o la a na le uena? mi yana, khantsariaka, u ririmale: ki mogoluu; u si tsegetse seuo ka pelu. Mi Tamare a nna, mi a tlogecoe boyosiñ mo tluñ ea Abesalome mogoluue.

21¶ Erile Davide khosi a utlua lilo tseuo cotle a tuka segolu.

22Mi Abesalome a si ka a bua moemo khotsa boshula le Amenone mogoluue: gone Abesalome a ila Amenone, gone o la a katisa khantsarie.

23¶ Mi ga rihala nyaga li tu li sina heta, Abesalome a na le babeoli liñku kua Bala‐hatsora, o o ha go Eferaima: mi Abesalome a bitsa bomoroa khosi botle.

24Mi Abesalome a ea kua khosiñ mi a re, Bona yana, motlañka oa gago o na le babeoli liñku; a ko a khosi le batlañka ba eona ba ee le motlañka oa gago.

25Mi khosi ea raea Abesalome, Nya, moroaka, a re si ee yana rotle, gore re si gu imahatse. Mi a e emelela: mi ea gana go ea, mi ea mo tsegahatsa.

26Mi Abesalome a re, Ha go sa na yalo, a ko a Amenone ’nkholu e a ee le rona. Mi khosi ea mo raea, O tla bo a elañ le uena?

27Mi Abesalome a e emelela, mi ea lesa Amenone le bomoroa khosi botle go ea.

28Mi Abesalome a laola makau a gague, a re, Lo tlokomele ha pelu ea Amenone e natehetse ka boyaloa, mi ere ki lo raea, Daeañ Amenone; erehe gona lo molaeañ, si boiheñ: ’na, a ga kia lo laola? thatahalañ, mi lo gañka-hale.

29Mi makau a Abesalome a rihela Amenone yaka Abesalome a la a laola. Ereha gona bomoroa khosi ba nanoga botle, mi moñue le moñue a palama mo muleñ ea gague, a tsaba.

30¶ Mi ga rihala ka ba sa le mo tseleñ, ga tla phuku go Davide, ga tua, Abesalome o khemethile bomoroa khosi botle, mi go si ka ga sala moñue oa bona.

31Mi khosi ea nanoga ea gagola aparo tsa eona, mi ea inamalatsa ha hatsi; mi batlañka ba eona le bona ba ema ka aparo tsa bona li gagocoe.

32Mi Yonadabe moroa Shimee mogolu oa Davide, a bua, a re, A morena oa me a si gopole ha ba bolaile makau aotle, eboñ bomoroa khosi; Amenone o shule a le osi: gone seo se se le sa laoloa ki molomo oa Abesalome, le ka tsatsi ye o la a katisa Tamare khantsarie ka yeona.

33Ki gona a khosi morena oa me e si se tsegetse ka pelu, go gopola ha bomoroa khosi ba shule botle: gone Amenone o shule a le esi.

34Mi Abesalome a tsaba. Mi lekau ye le labelañ ya culetsa maitlo a yeona, mi a señka, mi bonañ, ga bo go tla bathu bantsi ha mhapheñ oa thaba morago ga yeona.

35Mi Yonadabe a raea khosi, Bona, bomoroa khosi ba etla: go rihetse kaha hukuñ ya motlañka oa gago.

36Mi ga rihala, a sina uetsa go bua, bonañ, bomoroa khosi ba goroga, mi ba culetsa koru tsa bona ba lela: mi le eona khosi le batlañka ba eona botle ba lela ka telo e kholu bogolu.

37¶ Mi Abesalome a tsaba, mi a ea go Talemae, moroa Amihude, khosi ea Geshura. Mi Davide a hutsahalela moroaue ka malatsi aotle.

38Mi Abesalome a tsaba, a ea Geshura, mi a na nyaga li teri gona.

39Mi Davide a tlologeleloa go coela go Abesalome: gone a gomorioa kaga Amenone, ecua a shule.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help