1PAULO, le Silevano, le Timoteo, go ekelesia ea Batesaloni e e mo Morimoñ Rra, le mo go Yesu Keresete Morena: Tsegohaco e ne le lona, le kagisho e e coañ Morimoñ Rra ecu, le Yesu Keresete Morena.
2Rea itumelela Morimo ka gale ka ntla ea lona lotle, re lo gopola mo merapeloñ ea rona;
3Re gopola ka go bisa go khutla tiho ea tumelo ea lona, le tihelo ea lorato, le bopelutelele yoa culuhelo mo go Yesu Keresete Morena oa rona, ha pele ga Morimo le Rra ecu;
4Ka lona bakauleñue ba ba rategañ, lo itse boitseñkelo yoa lona Morimoñ.
5Gone evangelio ea rona e le le mo go lona, esiñ ka mahuku hela, e le le mo thateñ, le mo Moeeñ oa Boitsepho, le mo kitsishoñ e kholu; yaka lo itse kaha re le rentse ka gona mo go lona ka ntla ea lona.
6Mi lo loa na balateri ba rona, le ba Morena, ka lo lo cutse lehuku mo pogishoñ e kholu, ka boitumelo yoa Moea oa Boitsepho;
7Ga tsamaea loa na likao go bona botle ba ba rumelañ mo Makedonia, le Akaia.
8Gone lehuku ya Morena le rule go lona ya tumela esiñ mo Makedonia le Akaia gosi; mi le gona tumelo e lo rumelañ Morimoñ ka eona, e halaletse mo maheloñ aotle, ga tsamaea re si ka ra tlola re itsise sepe.
9Gone le bona ba bulela ga rona ka bosi, kaha go tsena ga rona mo go lona go le gontse ka gona; le kaha lo loa tlabologela Morimoñ lo coa merimon ea liseto ka gona, go rihela Morimo o o tserileñ le oa amarure;
10Le go lebelela Moroa ona a coa mo magorimoñ, eo o lo oa mo cosa mo bashuiñ, eboñ Yesu, eo o re gololañ mo bogaleñ yo bo tla tlañ.
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.
