Amose 7 - Sechuana Tlhaping Moffatt Bible 1890(TSN1890)

KHAOLO 7.

1YEHOVA Morena o ’mpontsitse yalo; mi bonañ a bopa tsie ka tsimologo ea go tloga ga boyañ yoa morago; mi bonañ, e le le boyañ yoa morago, morago ga litsego tsa khosi.

2Mi ga rihala e sina uetsa go ya morogo otle oa lehatse, ka re, Yehova Morena, kia gu rapela, icuarela: Bayakoba ba tla ema yañ? gone ba botlana.

3Yehova a ikuatlaela mouo: Ga go kitla go na yalo, go bua Yehova.

4¶ Yehova Morena o ’mpontsitse yalo: mi bonañ, Yehova Morena a bitsa go ganela ka molelo, mi oa nyeletsa boteñ yo bogolu, mi oa nyeletsa kabo ñue.

5Mi ka re, Yehova Morena, kia gu rapela, khutla: Bayakoba ba tla ema yañ? gone ba botlana.

6Yehova a ikuatlaela mouo: Le gona ga go kitla go na yalo, go bua Yehova Morena.

7¶ O ’mpontsitse yalo: mi bonañ, Morena a eme ha lorakoñ loa pelumeta, mi pelumeta e le le mo atleñ sa gague.

8Mi Yehova a ’nthaea, Amosa, u bonañ? Mi ka re, Pelumeta. Mi Morena a re, Bona, ki tla baea pelumeta gare ga Bayeserela bathu ba me: ga ’nkitla ki tlola ki ba heta:

9Mi mahelo a a gorimo a Yitsaka a tla señoa, mi mahelo a boitsepho a Bayeserela a tla khakhabarioa; mi ki tla cogela ba ntlu ea ga Yeroboame ka caka.

10¶ Ereha gona, Amatsie moperiseti oa Beta‐ela o romelañ go Yeroboame khosi ea Bayeserela a re, Amose o gu hunaganyeritse gare ga ba ntlu ea Yeserela: lehatse ga le kake le belega mahuku a gague aotle.

11Gone Amose o buile yalo, a re, Yeroboame o tla shua ka caka, mi Bayeserela ba tla isioa rure bacuaroi go coa mo hatsiñ ya bona.

12Mi Amatsie a raea Amose, Uena molebi, ea, u tsabele kua hatsiñ ya Yuda, mi u yele liyo gona, u perofese gona:

13Mi u si tlole u perofesa mo Beta‐ela: gone ki helo ga boitsepho ga khosi, le ntlu ea bogosi.

14Mi Amose a araba, a raea Amatsie, Ga ki moperofeti, mi ga ki moroa moperofeti; mi ki morisa, le mohuri oa lisekamora.

15Mi Yehova a ’ntsaea morago ga lecomane, mi Yehova a ’nthaea, Ea, u perofesetse Bayeserela bathu ba me.

16Mi yana, utlua lehuku ya ga Yehova: Ua re, Si perofese kaga Bayeserela, mi u si perofese kaga ba ntlu ea Yitsaka.

17Ki gona go buañ yalo Yehova: Mosari oa gago o tla akahala mo motseñ, mi bomoroau le bomoroariu ba tla oa ka caka, mi hatse ya gago le tla khaogañoa ka lori; mi u tla shua mo hatsiñ ye le itsekologileñ: mi Bayeserela ba tla isioa rure bacuaroi go coa mo hatsiñ ya bona.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help