1MO tsatsiñ yeuo sehela se, se tla opeloa mo hatsiñ ya Yuda: Re na le motse o o thata; Morimo o tla laolela lithako le liphemelo puluko.
2Cualololañ likhoro, gore morahe o o siameñ, o o tsegetsañ boikanyo, o tsene.
3U tla buluka boitlomo yoa eo oa tlomamo, mo kagishoñ e kholu, ka a gu ikanya.
4Ikanyeñ Yehova ka bosakhutleñ: gone Ya, Yehova, ki lehika ya bosakhutleñ.
5¶ Gone o holoseritse ba ba le ba nntse bogorimoñ; o holoseritse motse oa gorimo kua tlatse, le mo mbuñ; o o rigetse mo loroleñ.
6Lonao lo tla o gata, linao tsa bahumanegi, le likhato tsa batloki.
7Tselana ea mosiami e le thokhamo hela: u papana tsela ea mosiami.
8E, Yehova, re gu lebeletse mo tseleñ tsa litsiamisho tsa gago, keleco ea meoea ea rona e le go leina ya gago, le khakologelo ea gago.
9Ki gu eleritse ka moea oa me mo sigoñ; mi ka gu batla go sale gale ka moea oa me o o mo teñ ga me: gone ha tsiamisho tsa gago li mo hatsiñ, banni ba lehatse ba tla ithuta tsiamo.
10Leha moikepi a tlomogeloa pelu, ga a kake a ithuta tsiamo: o tla shokamisa mo hatsiñ ya tsiamo, a sa tlokomele bonatla yoa bogorimo yoa ga Yehova.
11Yehova, atla sa gago se culericoe, mi ga ba se bone: ba tla se bona, ba tlabisioa litloñ ki khuhanyo kaga bathu; E, molelo o tla nyeletsa baganetsi ba gago.
12¶ Yehova o tla re laolela kagisho: gone u re rihetse le cona tiho cotle tsa rona.
13Yehova, Morimo oa rona! barena ba le ba na le taolo go rona bogolu go uena: mi uena uesi, le leina ya gago, re tla le umaka.
14Ba shule, ga ba kitla ba tsela; ba gonogile, mi ga ba kitla ba ruloa: gone u ba khopolotse, u ba sentse, mi u heritse kumako ea bona eotle.
15Yehova u totisitse morahe, u totisitse morahe; u galalericoe: u katoseritse meleloane eotle ea lehatse khakala.
16Yehova, ba gu batlile mo tlaleloñ; ba thetse morapelo oa phohonyeco ka koatlao ea gago e le e le go bona.
17Yaka mosari eo o ithueleñ, a atamela go belega, a na le botluku, a khayayega mo metlotseriñ ea gague; le rona re le re ntse yalo ha pele ga gago, Yehova.
18Re le ra ithuala, re le re le mo botlukuñ; mi erile re belega, e le e le pheho hela; re si ka ra rihela lehatse khololo; le gona banni ba lehatse yeotle ba si ka ba tsaloa.
19Bashui ba gago ba tla ba ba tsela; mebele e e shuleñ ea bona e tla coga. Kubugañ, lo opele, lona ba lo nntseñ mo loroleñ: gone monyo oa gago o cuana le monyo oa merogo, mi mbu o tla tlatsa ba ba gonogileñ ba ona.
20¶ Tlañ, bathu ba me, tsenañ mo matluñ a lona a a kua teñ, mi khosetsañ licualo tsa lona morago: icubeñ yaka ka ponyo e nyenye, e tsamaee bocarara bo hete.
21Gone, bonañ, Yehova o coa mo heloñ ga gague go beletsa banni ba lehatse tsiamololo ea bona: mi lehatse le tla bipolola mari a yeona, mi ga le kitla le tlola le bipa ba ba bolailoeñ ba yeona.
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.