Lipesalema 71 - Sechuana Tlhaping Moffatt Bible 1890(TSN1890)

PESALEM 71.

1KIA gu ikanya, Yehova; a ki si tlabisioe litloñ ka bosina bokhutlo.

2’Nkholola ka eintla ea tsiamo ea gago, mi ’nthelerisa; sekegela tsebe ea gago go ’na, mi u ’mpuluke.

3U ne kago e e thata ea me, e ki tsenañ ka gale mo go eona; u neile taolo go ’mpuluka, gone u hika ya me le botsabelo yoa me.

4Morimo oa me, ’nkholola mo atleñ tsa baikepi, mo atleñ sa eo o burulogileñ, le eo o gatisañ.

5Gone Morena, u culuhelo ea me, Yehova, boikanyo yoa me le ga bokauñ yoa me.

6Ki sale ki gu ikaega ki sa coa mo sebopeloñ, u lu le mothusi oa me ga botsaloñ yoa me; ki tla gu baka.

7Kintse yaka khakhamaco mo ban-tsiñ; mi u botsabelo yoa me yo bo thata.

8A molomo oa me o tlale pako ea gago le khalalelo ea gago ka tsatsi yeotle.

9U si ’ntatle mo motleñ oa bocohe; u si ’ntlogele ka thata ea me e nyelela.

10Gone baba ba me ba bua kaga me; le ba ba ikuaelañ moea oa me, ba gakololana.

11Ba re, Morimo o mo tlogetse; lelekañ, lo mo cuare; gone ga go na mogolori ope.

12Morimo, u si ne khakala le ’na; Morimo oa me itlaganele go ’nthusa.

13A ba tlabisioe litloñ, a ba nyelerioe, ba ba leñ baganetsi ba me; a ba khurumerioe ka khobo le litloñ, ba ba batlañ boshula yoa me.

14Mi ’na ki tla shuluhela ka gale; mi ki tla hela ki okeletsa pako ea gago eotle.

15Molomo oa me o tla bulela tsiamo ea gago, ka tsatsi yeotle; puluko ea gago, leha ki sa itse palo ea eona.

16Ki tla coelela mo thateñ ea ga Yehova Morena; ki tla bulela tsiamo ea gago, ea gago eosi.

17Morimo, u sale u ’nthuta le mo bokauñ yoa me; mi le go yana ki sa bulela likhakhamaco tsa gago.

18Ki gona le yana, ka le mororo ki cohetse, ki thuntse moriri, u si ’ntlogele, Morimo, go tlo go tsamaee ki shupetse losika lo, cogo ya gago; le thata ea gago go ba ba rularañ botle.

19Tsiamo ea gago le eona, Morimo, e gorisicoe; uena eo o rihileñ lilo tse ri kholu, Morimo, mañ eo o cuanañ nau?

20Uena eo o ’mpontsitseñ litlalelo le mashula a le mantsi, u tla ba u ’ntserisa, mi u tla ba u ’nkuetola mo mateñeñ a lehatsi.

21U tla totisa bogolu yoa me, mi u ’nkhomotsa mo eintleñ cotle.

22Le gona ki tla gu baka ka saletare; boamarure yoa gago, Morimo oa me. Ki tla gu opelela ka harepe, Moitsephi oa Yeserela.

23Lipounama tsa me li tla itumela, ka ki gu opelela; le moea o u o rekolotseñ.

24Loleme loa me lo tla bua ga tsiamo ea gago, ka tsatsi yeotle; gone ba siloharicoe, gone ba tlabisicoe litloñ, ba ba batlañ boshula yoa me.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help