Lipalo 20 - Sechuana Tlhaping Moffatt Bible 1890(TSN1890)

KHAOLO 20.

1MI bana ba Yeserele, eboñ kokoano eotle, ba hitla mo bogareñganaga yoa Tsina ka khueri ea eintla: mi bathu ba nna kua Kadesha: mi Miriame a shuela gona, mi a hitloa gona.

2Mi metse a tlokohalela kokoano: mi ba iphuthela go Moshe le Arone.

3Mi bathu ba ganela le Moshe, mi ba bua, ba re, Au! intla re ko re gonogile ka bana ba ga rra ecu ba gonogile ha pele ga Yehova.

4Mo lo tliseritseñ phuthego ea ga Yehova bogareñganaga yo, gore rona le khomu tsa rona re shuele ha?

5Mi lo re huruseritseñ kua Egepeto, go re tlisa heloñ ha ga boshula? Ga si helo ga peu, le ga mefeige, le ga mevina, le ga megeranata, le gona ga go na metse go noa.

6Mi Moshe le Arone ba coa ha pele ga phuthego, ba ea moyakoñ oa tenta ea kokoanelo, mi ba oa ka hatlogo tsa bona: mi khalalelo ea ga Yehova ea iponatsa go bona.

7¶ Mi Yehova a bua le Moshe, a re,

8Tsaea tsama, mi phutha phuthego, uena, le Arone moroa rago, mi lo bue le lehika ha pele ga maitlo a bona; mi le tla entsa metse a yeona, mi yalo u tla ba entsetsa metse mo hikeñ go nosa kokoano le khomu tsa eona.

9Mi Moshe a tsaea tsama ha pele ga Yehova, yaka a mo laotse.

10Mi Moshe le Arone ba phutha phuthego ha pele ga lehika, mi a ba raea, Utluañ yana bacuulori ki lona; a re tla lo entsetsa metse mo hikeñ ye?

11Mi Moshe a culetsa atla sa gague, a gatla lehika ga tu ka tsama ea gague: mi ga coa metse a magolu, mi kokoano ea noa, le khomu tsa eona.

12Mi Yehova a raea Moshe le Arone, Ere ka lo lo sa ’ntumele go ’ntsephisa ha pele ga maitlo a baua ba Yeserele, ki gona lo si kitlañ lo isa phuthego e mo hatsiñ ye ki le e neileñ.

13Ua ki metse a Meriba, gone bana ba Yeserele ba ganela le Yehova, mi a tsephiloe go bona.

14¶ Mi Moshe a romela kua khosiñ ea Edoma baroñoi go coa Kadesha, a re, Go bua yalo Moyeserela ñoana oa ga rago, Ua itse tapisho e e le ea tla go rona:

15Le kaha bo‐rra ecu ba le ba ea kua Egepeto, mi ra nna Egepeto ka bolele; mi Baegepeto ba le ba re rihela boshula, le bo‐rra ecu:

16Mi erile re biletsa go Yehova, a utlua koru tsa rona, mi a roma moengela, a re entsa mo Egepeto: mi bona, re mo Kadesha, motse o o ha sekhutloñ sa moleloane oa gago:

17A ko u ’me re ralale hatsi ya gago: ga re kitla re ralala maota, khotsa masimo a movina, mi ga re kitla re noa metse a liriba: re tla ea ka tsela ea khosi, ga re kitla re hapogela atleñ se se siameñ, khotsa go sa molema e tsamaea re khabaganya moleloane oa gago.

18Mi Baedoma ba ba raea, Si re ralaleñ, gore e si re khotsa ra lo bololela ka caka.

19Mi bana ba Yeserele ba ba raea, Re tla ea ka tsela e ’mheru: mi ha re noa ga metse a lona le khomu tsa rona li a noa, ereha gona re tla a lehañ: re tla ralala ka linao cosi, esiñ go riha sepe.

20Mi ba re, Si ralaleñ. Mi Baedoma ba ba bololela ka bathu bantsi, le ka atla se se thata.

21Mi Baedoma ba ganela Bayeserela go khabaganya moleloane oa bona: ki gona Bayeserela ba ba hapogañ.

22¶ Mi bana ba Yeserele, eboñ kokoano eotle, ba tloga ma Kadesha, mi ba hitla mo thabeñ ea Hora.

23Mi Yehova a bua le Moshe le Arone ha thabeñ ea Hora, ha moleloaneñ oa hatsi ya Edoma, a re,

24Arone o tla phutheloa bathuñ ba gague: gone ga a kitla a hitla mo hatsiñ ye ki le neileñ bana ba Yeserele, gone lo loa cuülola molomo oa me ha metseñ a Meriba.

25Tsaea Arone le Eleasare moroaue, mi u ba tlatlose thaba ea Hora:

26Mi apola Arone aparo tsa gague, mi u li apese Eleasare moroaue: mi Arone o tla phuthoa, a shuela gona.

27Mi Moshe a riha yaka Yehova a laotse: mi ba tlatlogela thabeñ ea Hora, ha pele ga maitlo a kokoano eotle.

28Mi Moshe a apola Arone aparo tsa gague, a li apesa Eleasare moroaue; mi Arone a shuela gona, ha tloreñ ea thaba: mi Moshe le Eleasare ba hologa mo thabeñ.

29Mi ka kokoano eotle e bona ha Arone a gonogile, ba hutsahalela Arone ka malatsi a terete, eboñ ba eintlu ea Yeserele botle.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help