Lipesalema 24 - Sechuana Tlhaping Moffatt Bible 1890(TSN1890)

PESALEM 24.¶ Pesalem ea ga Davide.

1LEHATSI ki ya ga Yehova, le botlalo yoa yeona; lehatsi, le ba ba agileñ mo go yeona.

2Gone a le theile mo linokeñ, mi a le tlomamisa mo meroaleleñ.

3Go tla tlatlogela mañ go thabeñ ea Yehova? khotsa go tla ema mañ mo heloñ ga gague ga boitsepho?

4Ena eo o nañ le liatla tse liñtle, le pelu e e itsekileñ; le eo o sa culeletseñ moea oa gague mo thamakoñ, le eo o sa ikaneñ ka tsieco.

5Eo, o tla bona tsegahaco go Yehova, le tsiamo mo Morimoñ oa puluko ea gague.

6Losika lo ki loa bona ba ba o batlañ, ba ba batlañ hatlogo sa gago, Morimo oa Yakoba. Sela.

7Lona likhoro, culetsañ tlogo tsa lona; mi culetsegañ, lona meyako e e sa khutleñ; gore khosi ea khalalelo e tsene.

8Khosi ea khalalelo e mañ? Yehova, thata le bonatla, Yehova, bonatla mo tlabanoñ.

9Lona likhoro, culetsañ tlogo tsa lona; mi culetsegañ, lona meyako e e sa khutleñ, gore khosi ea khalalelo e tsene.

10Khosi ea khalalelo e mañ? Yehova oa lintua, ki ena khosi ea khalalelo. Sela.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help