1MO tsatsiñ yeuo, Yehova o tla tla betsa liviatana, noga e e harimañ, liviatana, noga e e ikharañ, ka caka ea gague e e thata, le e e kholu, le e e bonatla; mi o tla bolaea derako e e leñ mo leoatleñ.
2Opelanañ mo tsatsiñ yeuo, kaga tsimo ea movina e e eletsegañ.
3’Na, Yehova, kia e lebela, ki tla e nosa ka ponyo cotle: ki tla e lebela bosigo le motsegare, gore ope a si e senye.
4Ga go na bocarara mo go ’na; a ’nko ki na le likhi le loroana mo tlabanoñ? ’nko ki li bololela, ’nko ki li hisa mogo.
5Mi ha moñue a ñaparela thata ea me, re tla agisanya; kagisho re tla e rihana.
6Bayakoba ba tla nama mecoe mo malatsiñ a a tlañ; mi Bayeserela ba tla tloga ba thunya, mi ba tla tlatsa lehatse yeotle ka louñuo.
7¶ A o ba lotlile yaka a lotlile ba ba le ba ba lotla? a ba bolailoe yaka polao ea ba ba bolailoeñ ba bona?
8U lu ua ganela le bona ka tekano erile u ba gorometsa: go ba tlosa ka seheho se se thata mo tsatsiñ ya pheho ea Iseta.
9Ki gona tsiamololo ea Bayakoba e tla ruañoañ ka mouo; mi lo ki louñuo lotle loa go tlosa libe tsa bona; mogañ o rihañ maye a aletara, yaka manyaphiri a a thubagancoeñ; le licuanco tsa Arasetarete, le licuanco tsa letsatsi, ga li kitla li coga.
10Gone motse o o hemecoeñ o le marope, bonno yo bo tlogecoeñ, yo bo tlobogiloeñ yaka bogareganaga: hoñ namane e tla hula gona, e tla botha gona, e nyeletsa likala tsa ona.
11Etlare mogañ likala tsa ona li shuabañ, li tla phaloloa: basari ba tla tla, ba li cuba: gone e si bathu ba tlaloganyo; ki gona ena eo a ba rihileñ ga a ka a ba utluela botluku, le eo o ba bopileñ ga a kitla a ba tlomogela pelu.
12¶ Mi go tla rihala mo tsatsiñ yeuo, Yehova o tla goba louñuo, go simolola ka kelelo ea molapo, go ea kua molapoñ oa Egepeto; mi moñue le moñue oa lona o tla nopoloa, lona bomoroa Yeserela.
13Mi go tla rihala mo tsatsiñ yeuo, terompeta e kholu e tla rumisioa; mi ba tla tla, ba ba helañ mo hatsiñ ya Asiria, le ba ba phatlaletseñ mo hatsiñ ya Egepeto; mi ba tla obamela Yehova mo thabeñ ea boitsepho mo Yerusalema.
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.
