1KI gona ki kaelañ pele ga lilo cotle, gore merapelo e e thata le merapelo, le merapelelo, le maitumelelo, a riheloe bathu botle;
2Le likhosi, le bona botle ba ba leñ bagolu, gore re tsele ka botselo yoa kagisho le tirimalo, mo poihoñmorimo eotle, le tsamao e e molemo.
3Gone go riha yalo, go molemo le nateho ha pele ga Morimo Morebuluki;
4Eo o ratañ gore bathu botle ba bulukoe, lo go tla kicoñ ea boamarure.
5Gone go Morimo o le moñue hela, le motseriganyi a le moñue hela gare ga Morimo le bathu, eboñ monona Keresete Yesu;
6Eo o la a inela go na thekololo ea botle, go na cupo mo motleñ oa eona.
7E ki e laolecoeñ go na moreri le moapostoloi, (ki bua boamarure mo go Keresete, ga ki ake;) moruti oa bahaitene mo tumeloñ le mo boamarureñ.
8Ki gona ki ratañ gore banona ba rapele mo maheloñ aotle, ba culetse liatla tsa boitsepho, ka go sina bogale le pelaelo.
9Le gona yalo, gore basari ba khabe ka liaparo tsa bonolo yoa pelu, ka litloñ, le tekano, esiñ ka meriri e e horiloeñ, khotsa gouda, khotsa liperela, khotsa liaparo tse ri rategañ;
10Mi a ba apare litiho tse ri molemo, (yaka go cuanela basari ba ba ipobolañ poihomorimo.)
11A mosari a ithute mo tirimaloñ, le mo kutloñ eotle.
12Mi ga ki leseletse mosari go ruta le esiñ go laola mo mononeñ, mi a ne mo tirimaloñ.
13Gone Adame o la a bopioa pele, eriha gona go bopioañ Eve.
14Mi Adame o la a sa tsierioe, mi mosari ka a tsiericoe, o la a na mo tloloñ.
15Leha gontse yalo o tla bulukoa ka go belega bana, ha ba nna mo tumeloñ le mo loratoñ, le mo boitsephishoñ, le mo tekanoñ.
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.
