Levitiko 10 - Sechuana Tlhaping Moffatt Bible 1890(TSN1890)

KHAOLO 10.

1MI Nadabe le Abihue bomoroa Arone, moñue le moñue oa bona a tsaea leisho ya gague ya molelo, mi a tsenya molelo go shona, mi a baea ensense go ona, mi a isa molelo o sele ha pele ga Yehova, o o sa o ba laolelañ.

2Mi ga coa molelo go Yehova, o ba nyeletsa, mi ba shuela ha pele ga Yehova.

3Mi Moshe a raea Arone, Se ki shona se Morimo o se buileñ oa re, Ki tla tsephisioa ki bona ba ba ’nkatamelañ, mi ki tla galalerioa ha pele ga bathu botle. Mi Arone a ririmala.

4Mi Moshe a bitsa Mishaele le Eletsafane, bomoroa Usiële malomague Arone, a ba raea, Atamelañ, tlosañ bana ba rra‐enu ha pele ga helo ga boitsepho, ba iseñ eintle ga botlaolelo.

5Mi ba atamela mi ba ba entsetsa kua eintle ga botlaolelo le litunika tsa bona, yaka Moshe a buile.

6Mi Moshe a raea Arone, le Eleasare le Itamare, bomoroaue, Lo si role tlogo tsa lona, le esiñ go gagola aparo tsa lona, gore lo si shue, le bogale yoa tla mo kokoanoñ eotle: mi a bana ba rra‐enu, eboñ ba eintlu ea Yeserele botle ba lelele phisho e Yehova o e hisitseñ.

7Mi lo si coe moyakoñ oa tenta ea kokoanelo, gore lo si shue: gone loukuane loa tlolo loa ga Yehova lo go lona. Mi ba riha yaka lehuku ya ga Moshe.

8¶ Mi Yehova a bua le Arone, a re,

9Si noeñ boyaloa yoa vine le boyaloa yo bo thata, uena, le esiñ bomoroau nau, ha lo tsena mo tenteñ ea kokoanelo, gore lo si shue: a e ne taeo e e sa khutleñ mo kokomaneñ tsa lona:

10Le go lomologanya gare ga boitsepho le boitsephologo, le gare ga boitsekologo le boitseko;

11Le go ruta bana ba Yeserele litaeo tse Yehova o li buileñ le bona ka Moshe.

12¶ Mi Moshe a bua le Arone, le Eleasare le Itamare, bomoroaue ba ba setseñ; Tsaeañ cupelo ea liyo e e setseñ ga cupelo ea molelo ea ga Yehova, mi e yeñ e sa berisioa ha aletareñ, gone e itsepho ea maitsepho:

13Mi lo e yele mo heloñ ga boitsepho, ecua e le kabelo ea gago e e laocoeñ, le kabelo ea bomoroau e e laocoeñ ea cupelo ea molelo ea ga Yehova: gone ki laocoe yalo.

14Mi sehuba sa kelero le lecogo ya culeco lo li yele mo heloñ ga boitseko; uena, le bomoroau, le bomoroariu nau: gone ki kabelo ea gago e e laocoeñ, le kabelo ea bomoroau e e laocoeñ, e lo e necoeñ ga cupelo tsa tebogo tsa bana ba Yeserele.

15Lecogo ya culeco le sehuba sa kelero, le cupelo tsa molelo ea mahura, tse ba li tlisañ go li kelelera cupelo ea kelero ha pele ga Yehova: li tla na tsa gago le tsa bomoroau nau, ka taeo e e sa khutleñ; yaka Yehova a laotse.

16¶ Mi Moshe a batla ka tloahalo pori ea cupelo ea boleo, mi bonañ e le ea hisioa: mi a yayaregela Eleasare le Itamare, bomoroa Arone ba ba setseñ, a re,

17Lo lo sa yeleleñ cupelo ea boleo mo heloñ ga boitsepho; ecua e le itsepho ea maitsepho, mi lo e neiloe go belega tsiamologo ea kokoano, le go e ruantsa ha pele ga Yehova?

18Bonañ, mari a eona ga a ka a isioa kua teñ ga helo ga boitsepho: lo lo cuanetse go e yela rure mo heloñ ga boitsepho, yaka ki laotse.

19Mi Arone a raea Moshe, Bona, ba isitse cupelo ea boleo ea bona le cupelo ea bona ea phisho ka yenu ha pele ga Yehova, mi lilo tse rintseñ yalo li ’nkoetse: ha ’nkabo ki yele cupelo ea boleo ka yenu, a e kabo e le molemo mo maitloñ a ga Yehova?

20Mi erile Moshe a utlua mouo, e le le molemo mo maitloñ a gague.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help