1 Likhosi 12 - Sechuana Tlhaping Moffatt Bible 1890(TSN1890)

KHAOLO 12.

1MI Rehoboame a ea Shekema: gone Bayeserela ba le ba ile Shekema botle go mo riha khosi.

2Mi ga rihala ka Yeroboame moroa Nebate, eo o saleñ kua Egepeto a utlua, (gone a la a tsaba ha pele ga Solomone khosi, mi Yeroboame a nna mo Egepetoñ;)

3Ba roma ba mitsa. Mi Yeroboame le phuthego eotle ea Bayeserela ba tla ba bua le Rehoboame, ba re,

4Rago o la a thatahatsa iokoe ea rona: mi yana, u hehohatse tihelo e e thata ea rago, le iokoe e e bokete ea gague e o la a e baea go rona, mi re tla gu rihela.

5Mi a ba raea, Eañ le go tsatsiñ ya bo‐teri, erehe gona boelañ go ’na. Mi bathu ba ea.

6¶ Mi Rehoboame khosi a gakololana le bagolu, ba ba le ba ema ha pele ga Solomone rague ka a sa tserile, a re, Lo gakolola yañ, gore ki arabe bathu ba?

7Mi ba bua le ena, ba re, Ha u tla na motlañka oa bathu ba ka yenu, u ba rihela u ba araba, u bua le bona ka mahuku a molemo, ereha gona ba tla nañ batlañka ba gago ka bosakhutleñ.

8Mi a latla khakololo ea bagolu, e ba e mo gakolotseñ, mi a gakololana le makau a a gorisicoeñ nae, a a emeñ ha pele ga gague.

9Mi a a raea, Lo gakolola yañ, gore re arabe bathu ba, ba ba buileñ le ’na, ba re, Hehohatsa iokoe e rago e o la a e baea go rona.

10Mi makau a a gorisicoeñ nae, a bua le ena, a re, U bue yalo le bathu ba, ba ba buileñ nau, ba re, Rago o la a ketehatsa iokoe ea rona, mi uena, u e re hehohaletse: u bue yalo le bona, Monuana oa me o motlana o tla na mokima bogolu go lotheka loa ga rre.

11Mi yana ha rre a lo belesitse ka iokoe e e bokete, ’na, ki tla lo okeletsa iokoe ea lona: rre o la a lo oatlaea ka lime, mi ’na, ki tla lo oatlaea ka liphepheñ.

12¶ Mi ga tla Yeroboame le bathu botle go Rehoboame ka tsatsi ya bo‐teri, yaka khosi e le ea bua, ea re, Boelañ go ’na ka tsatsi ya bo‐teri.

13Mi khosi ea araba bathu ka boima, gone e latlile khakololo e bagolu ba e e gakolotseñ;

14Mi ea bua le bona kaha khakololoñ ea makau, ea re, rre o la a ketehatsa iokoe ea lona, mi ’na, ki tla okeletsa iokoe ea lona: rre o la a lo oatlaea ka lime, mi ’na, ki tla lo oatlaea ka liphepheñ.

15Mi khosi e si ka ea retsa bathu; gone pitikologo e ea coa go Yehova, gore a tlomamise lehuku ya gague ye Yehova o la a le bua le Yeroboame moroa Nebate ka Ahiye oa Moshilona.

16¶ Mi erile Bayeserela botle ba bona ha khosi e si ka ea ba retsa; bathu ba araba khosi ba re, Re na le kabo ehe go Davide? mi ga re na boshua go moroa Yishae: lona Bayeserela, eañ kua tenteñ tsa lona: yana Davida u lebele ba eintlu ea gago. Mi Bayeserela ba ea kua tenteñ tsa bona.

17Mi kaga bana ba Yeserele ba ba nntseñ mo metseñ ea Yuda, Yeroboame a ba busa.

18Mi Rehoboame khosi a roma Adorame eo o laolañ lekhetho; mi Bayeserela botle ba mo khobotletsa ka maye, mi a shua. Mi Rehoboame khosi a inonotsa go palama mo carioteñ ea gague, go tsabela kua Yerusalema.

19Mi Bayeserela ba tenoa ki ba eintlu ea ga Davide le ka yenu.

20Mi ga rihala ka Bayeserela botle ba utlua ha Yeroboame a boile, ba roma ba miletsa go kokoanoñ go mo riha khosi ea Bayeserela botle: ga bo go si ope eo o inelañ ba eintlu ea ga Davide ha e si loco loa Yuda losi.

21¶ Mi erile Rehoboame a tla Yerusalema, a phutha ba eintlu ea Yuda botle, le lona loco loa Benyamine, eboñ banona ba ba itseñkecoeñ ba uan hundreda thousanda le eite ba ba tloaetseñ tlabano, go tlabana le ba eintlu ea Yeserele, go bosetsa bogosi go Rehoboame moroa Solomone.

22Mi lehuku ya Morimo ya rihalela Shemaye monona oa Morimo, ya re,

23Bua le Rehoboame, moroa Solomone, khosi ea Yuda, le ba eintlu ea Yude botle le ea Benyamine, le ba ba setseñ ba bathu, u re,

24Go bua yalo Yehova, Si bololeñ, le esiñ go tlabana le bana ba Yeserele bana ba rra‐enu: a moñue le moñue a boele kua tluñ ea gague; gone seo se se coa go ’na. Mi ba utlua lehuku ya Yehova, mi ba boea, ba tloga kaha hukuñ ya Yehova.

25¶ Mi Yeroboame a aga Shekema, mo thabeñ tsa Eferaima, a nna go ona; mi a coa gona a aga Penuela.

26Mi Yeroboame a re mo peluñ ea gague, Yana bogosi bo tla boela go ba eintlu ea ga Davide.

27Ha bathu ba, ba ea ba tlabela mo tluñ ea Yehova kua Yerusalema, ereha gona pelu tsa bathu ba li tla boelañ go moreneñ oa bona, eboñ go Rehoboame khosi ea Yuda, mi ba tla ’mpolaea, ba boela Rehoboame khosi ea Yuda.

28Ki gona khosi ea gakololañ, mi ea riha linamane li tu tsa gouda mi ea ba raea, Go thata go lona go ea Yerusalema: bonañ merimo ea lona, lona Bayeserela, e e lo entsitseñ mo hatsiñ ya Egepeto.

29Mi ea baea eñue kua Betaela, mi e eñue ea e baea kua Dana.

30Mi seo se sa na boleo: gone bathu ba ea go obamela eñue kua go Dana.

31Mi ea aga matlu mo maheloñ a a gorimo, ea riha baperiseti ka bathu hela, ba esiñ ba bomoroa Leve.

32Mi Yeroboame a riha moletlo ka khueri ea bo‐eit, le ka tsatsi ya bo‐faevten oa khueri, yaka moletlo o o mo Yudeñ, a hisetsa ha aletareñ. A riha yalo kua Beta‐ela, ka go tlabela linamane tse o la a li riha: mi baperiseti ba mahelo a a gorimo ba o la a ba riha, a ba emisa kua Beta‐ela.

33Mi a hisetsa ha aletareñ e o la a e riha kua Beta‐ela ka tsatsi ya bo‐faeveten ya khueri ea bo‐eit, khueri e pelu ea gague e e logileñ; mi a rihela bana ba Yeserele moletlo: a hisetsa ha aletareñ, mi a hisa ensense.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help