1 Likhosi 18 - Sechuana Tlhaping Moffatt Bible 1890(TSN1890)

KHAOLO 18.

1MI ga rihala malatsi mantsi a sina heta, lehuku ya ga Yehova ya rihalela Eliyahue ka ñuaga oa boteri, ya re, Ea, u iponatse go Ahabe; mi ki tla naea pula mo ombuñ.

2Mi Eliyahue a ea go iponatsa go Ahabe. Mi loshekeri lo le thata mo Samaria.

3Mi Ahabe o la a bitsa Obadie motlameri eintlu. (Mi Obadie a boiha Yehova segolu:

4Gone ga rihala erile ka Yesebele a khaola baperofeti ba Yehova, Obadie a tsaea baperofeti ba uan hundereda, a ba shuba mo moñoboñ ka ba faevete, a ba otla ka liyo le metse.)

5Mi Ahabe o la a raea Obadie, Ralala lehatsi, kua mecoeriñ ea metse eotla, le kua melacoaneñ eotle: etlare khotsa re tla bona boyañ go tserisa lipitse le limule, gore re si li khaoleloe.

6Mi ba ikhaoganyetsa lehatsi go le ralala: Ahabe a ea ka esi mo tseleñ eñue, mi Obadie a ea ka esi mo tseleñ e eñue.

7¶ Mi ka Obadie a le mo tseleñ, bonañ, Eliyahue a mo khatlantsa: mi a mo itse, a oela ka hatlogo sa gague, mi a re, A u Eliyahue morena oa me?

8Mi a mo raea, Ki ’na: ea, u bulelele morena oa gago, Bona, Eliyahue o ha.

9Mi a re, Ki leohileñ, ka u tsenya motlañka oa gago mo atleñ sa ga Ahabe go ’mpolaea?

10 Yaka Yehova Morimo oa gago o tserile, ga go morahe khotsa bogosi yo, kua morena oa me o sa romelañ gona go gu batla: mi eare ba re, Ga eo; a ikanisa bogosi yo le morahe o, ha ba si ka ba gu bona.

11Mi yana ua re, Ea, u bulelele morena ca gago, Bona, Eliyahue o ha.

12Mi go ka rihala, ki sina coa go uena, Moea oa Yehova o ka gu belegela kua ki sa go itseñ; mi ha ki hitla ki bulelela Ahabe, mi a sa gu bone, o tla ’mpolaea: mi ’na motlañka oa gago ki boiha Yehova le mo bokauñ yoa me.

13A morena oa me ga a buleleloa se ki le ka se riha ka Yesebele a bolaea baperofeti ba Yehova, kaha ki le ka shuba banona ba uan hundereda ba baperofeti ba Yehova mo moñoboñ ka ba faevete, ka ba otla ka liyo le metse?

14Mi yana ua re, Ea, u bulelele morena oa gago, Bona, Eliyahue o ha: mi o ka ’mpolaea.

15Mi Eliyahue, a re, Yaka Yehova oa lintua a tserile, eo ki emeñ ha pele ga gague, rure ki tla iponatsa go Ahabe ka yenu.

16Mi Obadie a ea go khatlantsa Ahabe, a go mulelela: mi Ahabe a ea go khatlantsa Eliyahue.

17Mi ga rihala ka Ahabe a bona Eliyahue, Ahabe a mo raea, A u ena eo o khoberañ Bayeserela?

18Mi a araba, ga kia ka ka khobera Bayeserela; mi ki uena, le ba eintlu ea rago, ka u latlile taolo tsa ga Yehova, mi u latetse Bobaala.

19Mi yana roma, u phuthele go ’na Bayeserela botle kua thabeñ ea Karemela, le baperofeti ba Baale ba for hundereda le faevete, le baperofeti ba likhuana ba for hundereda, ba ba yañ ha loyeloñ loa ga Yesebele.

20Mi Ahabe a roma kua baneñ ba Yeserele botle, a phuthele baperofeti kua thabeñ ea Karemela.

21Mi Eliyahue a atamela bathu botle, mi a re. Lo tla akabala go lele go li kai gare ga khopolo li tu? Ha Yehova e le Morimo, mo ineleñ: mi ha e le Baale, mo ineleñ. Mi bathu ba si ka ba mo araba ka huku lepe.

22Ereha gona Eliyahue o raeañ bathu, Ki ’na moperofeti esi eo o setseñ oa ga Yehova; mi baperofeti ba Baale e le banona ba for hundereda le faevete.

23Ki gona a ba re nee lipoana li tu; mi a ba itseñkelele poana e le eñue, ba e khabetlele, ba e bee mo likhoñeñ, mi a molelo o si tseñoe: mi ’na, ki tla bakanya poana e eñue, ki e baea mo likhoñeñ ki sa tsenye molelo:

24Mi lo bitse leina ya morimo oa lona, mi ’na, ki tla bitsa leina ya ga Yehova: mi Morimo o o tla arabañ ka molelo, a o ne Morimo. Mi bathu botle ba araba ba re, Lehuku ye le molemo.

25Mi Eliyahue a raea baperofeti ba Baale, Itseñkeleñ poana e le eñue, mi lo e bakanye pele; gone lo bantsi; mi bitsañ leina ya morimo oa lona, mi si tsenyeñ molelo.

26Mi ba tsaea poana e ba e neiloeñ, ba e bakanya, mi ba bitsa leina ya Baale go simolola ka mosho go ea motsegareñ, ba re, Baale, re arabe. Mi ga bo go sina koru, le esiñ ope eo o arabañ. Mi ba tlola ha aletareñ e e rihiloeñ.

27Mi ga rihala ka motsegare, Eliyahue a ba shotla, a re, Bitsañ ka koru e kholu: gone a le morimo; oa akanya, khotsa o kakegile, khotsa o etile, ekare khotsa a bo a robetse, mi o tla kubuga.

28Mi ba bitsa ba koru e kholu, ba itsegaka ka lithipa le marumo yaka mokhua oa bona, ea tsamaea mari a elela go bona.

29Mi ga rihala motsegare o sina heta, ba perofesa, ea tsamaea cupelo ea liyo ea matsiboea e hisioa, mi ga bo go si na koru, le esiñ eo o arabañ, le eo o elañtloko.

30¶ Mi Eliyahue a raea bathu botle, ’Nkatamelañ. Mi bathu ba mo atamela botle. Mi a mamatlelela aletara ea ga Yehova, e e le ea rutloa.

31Mi Eliyahue a tsaea maye a tueleve, kaha paloñ ea lico tsa bomoroa Yakobe, eo lehuku ya ga Yehova ya mo rihalela, ya re, Yeserele e tla na leina ya gago:

32Mi a agela leina ya ga Yehova aletara ka maye ua: mi a riha mosele tikologoñ ea aletara, o kana ka go tsegetsa lilekanyo li tu tsa peu.

33Mi a rulaganya likhoñ, mi a khabetlela poana, a e baea mo likhoñeñ, a re, Tlatsañ liñkho li for ka metse, lo a thele mo cupeloñ ea phisho, le mo likhoñeñ.

34Mi a re, Rihañ yalo ka loa bo‐tu. Mi ba riha ka loa bo‐tu. Mi a re, Rihañ yalo ka loa bo‐teri. Mi ba riha ka loa bo‐teri.

35Mi metse a ela tikologoñ ea aletara; a tlatsa le ona mosele ka metse.

36Mi ga rihala ka cupelo ea liyo ea matsiboea e tla hisioa, Eliyahue moperofeti a atamela, mi a re, Yehova Morimo oa Aberahame, le oa Yitsake, le oa Yeserele, a go itsisioe ka yenu ha u le Morimo mo Bayesereleñ, ha le ’na ki le motlañka oa gago, mi ha ki rihile lilo tse ka lehuku ya gago.

37’Nkaraba, Yehova, u ’nkarabe, gore bathu ba, ba itse ha Yehova u le Morimo, mi u menole pelu tsa bona.

38Ereha gona molelo oa ga Yehova o oañ, o nyeletsa cupelo ea phisho, le likhoñ, le maye, le lorole, mi oa lacoa metse a a mo moseleñ.

39Mi erile bathu botle ba go bona, ba oela ka hatlogo tsa bona: mi ba re, Yehova, ki ena Morimo; Yehova ki ena Morimo.

40Mi Eliyahue a ba raea, Cuarañ baperofeti ba Baale; a go si ne ope oa bona eo o phelañ. Mi ba ba cuara: mi Eliyahue a ba holosetsa kua molacoaneñ oa Kishona, a ba bolaela gona.

41¶ Mi Eliyahue a raea Ahabe, Tloga, u ye u noe; gone go le tumo ea pula e kholu.

42Mi Ahabe a ea go ya le go noa. Mi Eliyahue a tlatlogela kua tloreñ ea Karemela; mi a itatlela ha hatsi, a baea hatlogo sa gague gare ga mañuole a gague,

43Mi a raea lekau ya gague, U ee yana, u señke kua eintleñ ea leoatle. Mi ya ea ya señka, mi ya re, Ga go na sepe. Mi a re, Boea ga seven.

44Mi ga rihala ka loa bo‐seven, ya re, Bona, lerunyana yaka atla sa monona le coa mo leoatleñ. Mi a re, Ea u ree Ahabe, Golega cariota ea gago, u hologe, gore pula e si gu thibe.

45Mi ga rihala gare ga mouo, Legorimo ya neuhala ka maru le pheho, mi ga na pula e kholu. Mi Ahabe a palama, a ea Yisereela.

46Mi atla sa ga Yehova se le se le go Eliyahue; mi a ikokoaela lotheka loa gague, a taboga ha pele ga Ahabe le kua botsenoñ yoa Yisereela.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help