Lipesalema 31 - Sechuana Tlhaping Moffatt Bible 1890(TSN1890)

PESALEM 31.¶ Pesalem ea ga Davide, go Mooperi eo mogolu.

1YEHOVA, ki ikanya mo go uena; si ’ntese ka tlayoa ki litloñ ka bosina bokhutlo; ’nkholola ka eintla ea tsiamo ea gago.

2Sekegela tsebe ea gago go ’na; ’nkholola ka bonako; na lehika ye le thata go ’na; le kago ea phemelo go ’mpuluka.

3Gone u hika ya me le kago ea phemelo ea me; ’nkhoga, mi u ’nkise ka eintla ea leina ya gago.

4’Ncuabola mo lotloeñ lo ba lo ’ncubetseñ; gone u thata ea me.

5Ki nela moea oa me mo atleñ sa gago; Yehova, u ’nthekholotse, Morimo oa boamarure.

6Ki ila bona ba ba tsañtsia maithamako a kako; mi ki ikanya Yehova.

7Ki tla itumela ki ipela mo boicuareloñ yoa gago; gone u etsetloko khumanego ea me, mi ua itse moea oa me mo litlaleloñ.

8Mi ga ua ka ua ’nnelela mo atleñ tsa maba; u emisitse nao tsa me mo heloñ ha go atlameñ.

9Yehova, u ’nkutluele botluku, gone ki mo poihoñ; leitlo ya me le nyelericoe ki bohutsana, E, moea oa me le empa ea me.

10Gone botselo yoa me bo hetisi-coe ki bohutsana, le nyaga tsa me ki liphegelo; thata ea me e nyelericoe ki pogisho ea me, mi marapo a me a nyelericoe.

11Ki se se khobioañ mo babeñ botle ba me, le se se boitsañ segolu go bañ ka ’na, le tsala tsa me; ba ba ’mponañ mo mebileñ, ba ’ntsaba.

12Ki lebecoe mo peluñ yaka moshui; kintse yaka enkho e e thubegileñ.

13Gone ki utluile khalo ea bantsi; poiho e mo eintleñ cotle; le mororo ba gakololana kaga me, ba gopola go tlosa moea oa me.

14Mi, Yehova, ki ikanya mo go uena; ka re, U Morimo oa me.

15Metla ea me e mo atleñ sa gago; ’nkholola mo atleñ tsa baba ba me, le ba ba ’mpogisañ.

16Phatsimisa sehatlogo sa gago go motlañka oa gago; ’mpuluka ka eintla ea boicuarelo yoa gago.

17Yehova, si ’ntese ka tlayoa ki litloñ, gone kia gu bitsa; a baikepi ba tlayoe ki litloñ, a ba ririmale mo bobipoñ.

18A lipounama tsa kako li ririma-rioe, tse ri buañ thata, ka bopeluumpe, le nyatsego kaga mosiami.

19Molemo oa gago o mogolu yañ, o u o beetseñ thoko ba ba gu boihañ; o u o itleleritseñ ba ba gu ikanyañ, ha pele ga bana ba bathu.

20U ba shubela litalelo tsa bathu mo bosaitsioeñ yoa hatlogo sa gago; u ba shubela khañ ea liteme mo tenteñ.

21Yehova a bakoe, gone a ’ncuperitse likhakhamaco tsa boicuarelo yoa gague, yaka mo motseñ o o thata.

22Gone ki le ka re mo kakohoñ ea me, Ki khaocoe ha pele ga maitlo a gago. Leha gontse yalo u lua utlua koru ea merapelo e e thata ea me, ka ki biletsa go uena.

23Ratañ Yehova, lona baitsephi botle ba gague; gone Yehova o buluka baikañoi; mi o ruela bogolu eo o rihañ bopeluumpe.

24Namatsegañ, mi o tla thatahatsa pelu tsa lona, lona lotle ba lo shuluhelañ go Yehova.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help