1SIMONE Petero, motlañka le moapostoloi oa ga Yesu Keresete, go bona ba ba bonyeñ le rona tumelo e e rategañ ka eosi, ka tsiamo ea Morimo oa rona le Muluki Yesu Keresete:
2Tsegohaco le kagisho a li lo ntsihalele, ka kico ea Morimo, le ea ga Yesu Morena oa rona,
3O o re neileñ kaha thateñ ea gague ea Morimo, cotle tse ri cuanetseñ botselo le poihomorimo, ka kico ea gague, eo o re bileritseñ khalaleloñ le bonatla;
4Eo re neoañ lipulelelo‐pele tse ri kholu le tse ri rategañ ka ena, gore lo ne baaberoi ba mokhua oa Morimo ka cona, ka lo halotse mo seboruñ se se mo lehatsiñ ka ntla ea khatlego.
5Mi bogolu go tse, ntsañ tloahalo eotle, tlomelelañ bonatla mo tumeloñ ea lona, le kico mo bonatleñ;
6Le tekano mo kicoñ; le boicoko mo tekanoñ; le poihomorimo mo boicokoñ;
7Le lorato loa bokauleñue mo poihoñmorimo; le lorato mo loratoñ loa bokauleñue.
8Gone ha lilo tse li le mo go lona, mi ha li tota bogolu, li tla lo riha go na lo si na tlokahalo, le go bisa go uñua, mo kicoñ ea ga Yesu Keresete Morena oa rona.
9Mi ena eo o tlokañ lilo tse, o hohuhetse, mi ga a bonele khakala, mi o lebetse itsephisho ea libe tsa gague tsa ntla.
10Ki gona, bakauleñue, tloahalañ thata go tlomamisa pico le boitseñkelo yoa lona; gone ha lo riha lilo tse, ga lo kitla lo khopioa ka motla ope;
11Gone yalo lo tla riheloa botseno yo bogolu mo bogosiñ yo bo sa khutleñ yoa Morena oa rona le Muluki Yesu Keresete.
12Ki gona ki si kitlañ ki riega go lo goporisa ka gale kaga lilo tse, leha lo li itse, lo tlomamisicoe mo boamarureñ youo.
13Mi kia gopola ha e le tsiamo ka ki sale mo taberenakeleñ e, go lo tlotleletsa ka go lo goporisa;
14Ka ki itse ki tla akoha ki apola taberenakela ea me, yaka Yesu Keresete Morena oa rona a ’ncuperitse.
15Mi ki tla tloahala ka lipaka cotle, gore lo tsegetse lilo tse mo khakologeloñ tsa lona morago ga go coa ga me.
16Gone ga rea ka ra latela litlamane tsa tsieco tse li rihiloeñ, ka re lo itsise thata le go tla ga Yesu Keresete Morena oa rona, mi re le re le balebi ba bonatla yo boiñtle yoa gague.
17Gone a la a bona tlotlo le khalalelo mo Morimoñ Rra, ka go tla go ena koru e entseñ yalo e coa mo khalaleloñ e e bonatla, e re, Eo ki Moroake eo o rategañ, eo ki mo itumelelañ.
18Mi koru e, re le ra e utlua, ka e coa mo legorimoñ, ka re na le ena mo thabeñ ea boitsepho.
19Mi re na le lehuku ya pulelo ca tihahalo, ye le tlomameñ segolu; mi lo riha seiñtle ka lo le tsatsia, yaka leseri ye le phatsimañ mo heloñ ga lehihi, go tlo go tsamaee mosho o phepahale, le naleri ea mosho e coe mo peluñ tsa lona;
20Ka go itse pele, ha go si na pulelo ea tihahalo epe ea lokualo e e phuthololoañ ki phuthololo eosi ea bathu;
21Gone pulelo ea tihahalo e sa tle mo motleñ oa bogolugolu ka thato ea mothu; mi banona ba boitsepho ba Morimo ba le ba bua yaka ba tlotlelerioa ki Moea oa Boitsepho.
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.