1MI gole gole loshekeri ka nyaga li teri mo malatsiñ a ga Davide ka ñuaga ñuaga; mi Davide a batla hatlogo sa Yehova. Mi Yehova a araba, E le ka eintla ea ga Saule le ba eintlu ea gague ba mari, gone a la a bolaea Bagibeona.
2Mi khosi ea bitsa Bagibeona, ea ba raea, (mi Bagibeona e le e si ba bana ba Yeserele, e le le ba lesalela ya Baamora; mi bana ba Yeserele ba le ba ba ikanela: mi Saule a batla go ba khemetha ka go huhanela bana ba Yeserele le Bayuda.)
3Mi Davide a raea Bagibeona, Ki tla lo rihelañ? mi ki tla ruanya kañ, gore go tsegahatse boshua yoa ga Yehova?
4Mi Bagibeona ba mo raea, Ga re eletse selevera le esiñ gouda go Saule, le esiñ go ba eintlu ea gague, le gona u si re bolaele monona ope mo Bayesereleñ. Mi a re, Se lo se buañ, ki tla se lo rihela.
5Mi ba araba khosi, Monona eo o la a re nyeletsa, a ikaelela kaga rona gore re señoe re si ka ra nna mo moleloaneñ ope oa Bayeserela,
6A re neoe banona ba seven ba bomoroaue, mi re tla ba pegela Yehova kua Gibea oa Saula, uena moitseñke-rioi oa Yehova. Mi khosi ea re, Ki tla ba lo naea.
7Mi khosi ea rekegela Mefiboshete, moroa Yonatane moroa Saule, ka eintla ea ikano ea Yehova e e le gare ga bona, gare ga Davide le Yonatane moroa Saule.
8Mi khosi ea tsaea bomoroa Ritsepe moroaria Aye ba tu, ba o la a ba tsaletse Saule, eboñ Aremone le Mefiboshete; le bomoroa khantsaria Mikale, moroaria Saule ba faeve, ba o la a ba tsaletse Aderiele moroa Baresile oa Momeholata:
9Mi a ba tsenya mo atleñ tsa Bagibeona, mi ba ba pega ha pele ga Yehova mo thabeñ: mi ba oa ba seven mogo, ba bolaoa ka malatsi a thobo, ka malatsi a eintla a tsimologo ea thobo ea barele.
10¶ Mi Ritsepe moroaria Aye a tsaea letsela ya khetse, a le ikalela ha lehikeñ, go simolola ka tsimologo ea thobo ea barele ea tsamaea metse a ba rothela a coa legorimoñ, a sa leseletse nunyane tsa legorimo go lula go bona ka motsegare, le esiñ tse ri tserileñ tsa naga ka bosigo.
11Mi ga buleleloa Davide se Ritsepe moroaria Aye, mogariñuana oa Saule a se rihileñ.
12¶ Mi Davide a ea a tsaea marapo a ga Saule le marapo a ga Yonatane moroaue beñ ba Yabeshagileada, ba ba le ba a ucua mo mileñ oa Beta‐shana, kua Bafiliseta ba le ba ba pega gona, ka Bafiliseta ba bolaea Saule kua Gileboa:
13Mi a entsa marapo a ga Saule le marapo a ga Yonatane moroaue gona: mi ba phutha marapo a bona ba le ba ba pegoa.
14Mi ba hitla marapo a ga Saule le a ga Yonatane moroaue mo hatsiñ ya Benyamina kua Tsela, mo phupuñ ea Kishe rague: mi ba riha cotle tse khosi e li ba laoletseñ. Mi morago ga mouo, Morimo oa rapelesegela lehatsi.
15¶ Mi Bafiliseta ba hela ba na le tlabano le Bayeserela; mi Davide a ea, le batlañka ba bo ba na nae, ba tlabana le Bafiliseta: mi Davide a lapa.
16Mi Ishebi‐benobe, eo e le le oa bana ba morobana, eo bokete yoa lerumo ya gague, bo le yoa lishekela li teri hundereda tsa khotlo, a cuele caka e enca, mi a itloma go bolaea Davide.
17Mi Abishe moroa Tseruye a mo thusa, a bolaea Mofiliseta, a mo gonola. Mi banona ba Davide ba mo ikanela, ba re, U si tlole u bololela le rona mo tlabanoñ, gore u si time lampe ea Bayeserela.
18Mi ga rihala morago go mouo, ga hela go na tlabano le Bafiliseta kua Goba: hoñ Sibeke oa Mohushata a bolaea Safe, eo e le le oa bana ba morobana.
19Mi ga hela go na tlabano le Bafiliseta kua Goba, kua Elehanane moroa Yaire‐origime a bolaea Laheme gona, monna oa Goliate oa Mogita, eo lori loa lerumo ya gague lo lo kana ka mosipuri oa monyedi.
20Mi ga hela go na tlabano kua Gata, kua monona moñue o la le gona eo molele, a na le menuana e sekes mo atleñ tsa gague, le menuana e sekes mo linaoñ tsa gague, palo ea eona e le le tuente‐for; le ena a boneloa morobana.
21Mi eare a khoba Bayeserela, Yonatane moroa Shime mogolu oa Davide a molaea.
22Ba for ba ba le ba boneloa morobana oa Gata, mi ba oa ka atla sa ga Davide, le ka atla tsa batlañka ba gague.
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.