1LO ki loa bo‐teri lo ki tlañ go lona. Mahuku aotle a tla tlomamisioa ka molomo oa bashupi ba tu khotsa ba teri.
2Ki lo buleletse pele, mi kia lo bulelelela pele yana, yaka ki le mo go lona ka loa bo‐tu; mi yana ka ki sieo go lona, ki kualela bona ba ba leohileñ pele, le ba bañue botle, go re, ha ki ba ba ki tla, ga ’nkitla ki ba rekegela;
3Ka lo batla teko ea ga Keresete eo o buañ mo go ’na, eo o siñ bokoa kaga lona, mi o thata mo go lona.
4Gone leba a bapocoe ka ntla ea bokoa, leha gontse yalo oa tsela ka thata ea Morimo. Gone le rona re bokoa mo go ena, mi re tla tsela le ena ka thata ea Morimo mo go lona.
5Ipotsiseñ, ha lo le mo tumeloñ; itekeñ. Khotsa a ga lo ikitse, ha Yesu Keresete a le mo go lona? ha lo si balatlegi.
6Mi ki shuluhela lo tla tlaloganya ha re si balatlegi.
7Mi yana kia rapela Morimo gore lo si rihe boshula bope; esiñ gore re bonoe re lekiloe, mi gore lo rihe se se molemo, leha rentse yaka balatlegi.
8Gone ga re kake ra ganetsanya sepe le boamarure, mi e le go rihela boamarure.
9Gone rea itumela mogañ re bokoa, mi lona lo le thata; mi se le shona rea se eletsa, eboñ, botlalo yoa lona.
10Ki gona ki kualañ lilo tse ka ki sieo go lona, gore e si re khotsa ha ki na le lona ka riha ka bogale, kaha taoloñ e ki e neiloeñ ki Morena, go agelela, mi esiñ go senya.
11Ya bohelo, bakauleñue, salañ señtle. Tlarioañ, gomorioañ, nañ boitlomo bo le boñue hela; agañ ka kagisho; mi Morimo oa lorato le kagisho o tla na le lona.
12Rumerisanyañ ka katlo ea boitsepho.
13Baitsephi botle ba lo rumerisa.
14Tsegohaco ea ga Yesu Keresete Morena, le lorato loa Morimo, le kabalano ea Moea oa Boitsepho e ne le lona lotle. Amena.
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.
