1MORIMO, utlua koru ea me, ka ki rapela; buluka botselo yoa me mo poitsegoñ e ki e boihañ ea baba ba me.
2’Ncubela khakololo e e sa itsioeñ ea barihalibe, le mo phuthegoñ ea basiamolori;
3Ba ba lotsañ liteme tsa bona yaka caka; ba gokara mecui ea bona, eboñ mahuku a a botluku,
4Go hula mosiami, mo maheloñ a a sa itsioeñ; ba mo hula ka bonako, mi ga ba boihe.
5Ba itlomamisa mo puoñ ea boshula; ba bua ga go baea liru ka bosaitsioeñ; ba re, Li tla bonoa emañ?
6Ba tlotlomisa thata litsiamololo tse riñue, ba tlotlomisa gotle tse ri tlo-tlomisioañ; boteñ yoa megopolo yoa bona, le pelu, e teñ teñ.
7Mi Morimo o tla ba hula ka mocui; ba tla kueniserioa ka bonako.
8Likhobo tsa liteme tsa bona li tla oela go bona ka bosi; mi moñue le moñue eo o ba bonañ, o tla tsaba.
9Mi bathu botle ba tla boiha, ba bulela tiho ea Morimo; mi ba gakologeloa tiho ea ona ka tlaloganyo.
10Mosiami o tla itumela mo go Yehova, le go shuluhela mogo ena; mi botle ba ba pelu tsa tsiamo ba tla belahala.
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.
