Episetole go Baroma 1 - Sechuana Tlhaping Moffatt Bible 1890(TSN1890)

KHAOLO 1.

1PAULO, motlañka oa ga Yesu Keresete, eo o bilericoeñ go na moapostoloi; a lomololeloa evangelio ea Morimo,

2(E o e buleletseñ pele ka baperofeti ba ona mo likualoñ tsa boitsepho,)

3Ga Moroa ona Yesu Keresete Morena oa rona, eo o rihiloeñ oa losika loa ga Davide kaha nameñ;

4Eo o bontsicoeñ ha e le Moroa Morimo ka thata, kaha moeeñ o o itsephisañ, ka cogo mo bashuiñ:

5(Eo, re bonyeñ tsegohaco, le tiho ea boapostolo, mo go ena, go lere bahaitene botle mo kutluoñ ea tumelo, ka leina ya gague;

6Le lona lo bilericoe nabo ki Yesu Keresete:)

7Botle ba ba mo Roma, baratoi ba Morimo ba lo birioañ baitsephi: Tsegohaco e ne le lona, le kagisho e e coañ Morimoñ Rra ecu, le Yesu Keresete Morena.

8Ga ntla, kia itumelela Morimo oa me, ka Yesu Keresete kaga lona lotle, ka tumelo ea lona e bulecoe mo hatsiñ yeotle.

9Gone Morimo ki moshupi oa me, o ki o rihelañ ka moea oa me mo evangelioñ ea Moroa ona, ki lo gopoa ka go bisa go khutla;

10Ki rapela ka gale mo merapeloñ ea me, ha go ka na yalo, ’nka neoa lobaka lo lo molemo ka thato ea Morimo, gore ki ee go lona.

11Gone ki tlologelecoe go lo bona, gore ki lo abele lineo liñue tsa moea, gore lo tlomamisioe;

12Ki go re, ’nke ki gomorioe mo go lona, ka tumelo ea tsalano, ea lona, le ea me.

13Mi yana, bakauleñue, ga ki rate gore lo si itse, ha ki le ki itloma go ea go lona gantsi, (mi ki santse ki thiyoa,) gore ki ne le mauñuo mañue le mo go lona, yaka gontse ma bahaiteniñ ba bañue.

14Ki molatu go Bagerika, le go Babarabai; le go ba botlale, le go ba ba siñ botlale.

15Yalo, yaka bokai yo bo mo go ’na, ki iketleritse go lo rerela evangelio, le lona ba lo mo Roma.

16Gone ga ki tlayoe ki litloñ kaga evangelio ea ga Keresete; gone ki thata ea Morimo mo pulukoñ ea moñue le moñue eo o rumelañ; ga ntla Bayuda, le bona Bagerika.

17Gone tsiamo ea Morimo e bonaricoe mo tumeloñ go tumeloñ mo go eona; yaka go kuariloe, Mosiami o tla tsela ka tumelo.

18Gone bogale yoa Morimo bo coa legorimoñ, bo bonalericoe boikepo yotle, le tsiamololo ea bathu, ba ba khoreletsañ boamarure ka tsiamololo;

19Gone se se ka itsioeñ sa Morimo, se bonaricoe mo go bona, gone Morimo o se ba bonaritse.

20Gone lilo tse ri sa itsioeñ tsa ona, le mo popoñ ea lehatse le mo nakoñ enu, li bonoa ka ponatsego, mi li tlalogañoa, ka ntla ea lilo tse ri rihiloeñ, eboñ thata ea ona, e e sa khutleñ, le boikemo yoa ona, gore ba si ne go itatoholola;

21Gone, erile ka ba itse Morimo, ba si ka ba o galaletsa yaka Morimo, le go o itumelela; mi ba le ba na boithamako mo khakologeloñ tsa bona, mi pelu tsa bosilo tsa bona tsa hihiharioa.

22Ka ba le ba ipaea matlale, ba rihegile masilo,

23Mi khalalelo ea Morimo o o sa boleñ, ba le ba e hetolela cuano ea secuanco sa mothu eo o bolañ, le sa linunyane, le sa tse ri mautu a for, le sa lilo tse ri gagabañ.

24Ki gona ka mouo, Morimo le ona, o ba neletseñ go tse ri mashue, ka ntla ea likhatlego tsa pelu tsa bona, go tlotlolola mebele ea bona mo go bona;

25Ba ba hetotseñ boamarure kaga Morimo leaka, mi ba tlotla, ba rihela se se tserileñ, bogolu go Mopi eo o tsegohalañ ka bo sina bokhutlo. Amen.

26Ki gona ka mouo Morimo o ba neletseñ kilecoñ tse ri mashue bogolu; gone le basari ba bona ba le ba hetola mokhua oa bona ba riha o esiñ oa tlolego;

27Gontse yalo banona le bona ba le ba tlogela go riha le mosari yaka mokhua, ba gotetsana mo khatlegoñ tsa bona; banona le banona, ba riha tsa botlabisa litloñ; ba bona tuelo ea timelo ea bona, e e ba cuanetseñ, mo go bona.

28Mi ereka ba sa ka ba rata go tsegetsa Morimo mo kicoñ ea bona, Morimo oa ba nela mo moeeñ oa cokamo, go riha lilo tse ri sa cuanelañ;

29Ba tlaricoe ka tsiamololo cotle, khokahalo, boshula, timano, le bogale yoa cubo; ba tletse khutlogo, polao, khañ, tsieco, mekhua e mashue;

30Babui‐tsebeñ, basebi, bairi ba Morimo, baomani, babopeluumpe, babelahari, bashahatsi ba lilo tse ri boshula, ba ba sa utlueñ bagolu,

31Ba ba sa tlaloganyeñ, batlori ba likholagano, ba ba sinañ lorato loa bathu, ba ba sa icuareleñ, ba ba sa utlueleñ botluku;

32Ba, ka ba itse tsekisho ea Morimo, ha ba ba rihañ lilo tse rintseñ yalo, ba cuanetse loshu, ba riha esiñ lilo tse cosi, mi ba na le nateho le bona ba ba li rihañ.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help