Bagalatia 2 - Sechuana Tlhaping Moffatt Bible 1890(TSN1890)

KHAOLO 2.

1MI erile nyaga li forten li sina heta, ka ba ka ea kua Yerusalema le Barenaba, le ena Tito ka mo cula le ’na.

2Mi ka ea ka ntla ea ponatsego, mi ka ba bela pele evangelio e ki e rerañ mo bahaiteniñ, le bagoluane ka e ba rutela thoko, gore e si re khotsa ka siana, khotsa ka bo ki sianetse, lehela.

3Mi le ena Tito, eo o la a na le ’na, eo o leñ Mogerika, a si ka a kholeloa go guerisioa;

4Mi e le le ka ntla ea bakauleñue ba tsieco ba ba ikukuntsitseñ ka bosaitsioeñ, ba ba itsentseñ go tlola tlomamo ea rona e re nañ naeo mo go Keresete Yesu, gore ba re lere mo kholegoñ;

5Ba re se kañ ra ba thibogela ka go ba utlua, le esiñ ka oura o le moñue hela, gore boamarure yoa evangelio bo sale mo go lona.

6Mi ga bona ba ba le ha kaioa ha ba le señue, le kaha ba le bantse pele ka gona, ga si sepe go ’na; Morimo go o cule cuano ea bathu; gone ba ba le ba kaioa segolu, ga ba ’nkokeletse sepe;

7Mi bogolu go mouo, ka ba bona ha evangelio ea go bisa boguera ki e necoe, yaka ea boguera e le e necoe Petero;

8(Gone eo o rihileñ thata mo go Petero, go tiho ea boapostolo ea ba boguera, le ena o la a riha thata mo go ’na go bahaitene;)

9Mi ka Yakobo, le Kefe, le Yohane, ba ba kaioañ ha e le lipilara, ba lemoga tsegohaco e ki e necoeñ, ba ’nnela le Barenaba liatla tse ri siameñ, tsa kabalano; gore re ee bahaiteniñ, le bona go ba boguera.

10Mi le gona gore re gopole bahumanegi; ba, le ’na ki le kintse ki ba gopola ka tloahalo.

11Mi erile Petero a sina tla Antioka, ki le ka mo khatlantsa ka sehatlogo, gone a cuanecoe ki go bueloa.

12Gone a la a ya le bahaitene pele, bañue ba ga Yakobo ba e si ba tle; mi eare ba sina tla, a ñuega, a ithibosa, a boiha ba boguera.

13Le Bayuda ba bañue le bona ba itimokanya le ena; ga tsamaea Barenaba le ena a haposioa ki itimokanyo ea bona.

14Mi erile ki bona ba sa tsamaee ka tsiamo kaha boamarureñ yoa evangelio, ka raea Petero ha pele ha botle, Ha uena, eo u leñ Moyuda, u tsela yaka mokhua oa bahaitene, esiñ yaka mokhua oa Bayuda, u kholelañ bahaitene go tsela yaka mokhua oa Bayuda?

15Rona ba re leñ Bayuda ka mekhua, esiñ baleohi ba bahaitene.

16Ka re itse ha mothu a sa siamisioe ki tiho tsa molao, e le ka tumelo ea ga Yesu Keresete; le rona re rumetse yalo mo go Yesu Keresete, gore re siamisioe ka tumelo ea ga Keresete, mi esiñ ka tiho tsa molao; gone go si kitla go siamisioa nama epe ka tiho tsa molao.

17Mi rona ba re batlañ go siamisioa ki Keresete, ha re bonoa baleohi, le rona, a Keresete ki motlañka oa boleo? A go si ne yalo.

18Gone ha ki ba ki aga tse ki li rutlileñ, yalo ki itiha motlori.

19Gone ki setlashu mo molaoñ ka molao, gore ki tselele Morimoñ.

20Ki bapocoe le Keresete; leha gontse yalo ki tserile; mi esiñ ’na, mi ki Keresete eo o tserileñ mo go ’na; mi botselo yo ki tselañ ka yona yanuñ mo nameñ, ki bo tsela ka tumelo ea Moroa Morimo, eo o ’nthatileñ, eo o inneletseñ.

21Ga ki nyeletse tsegohaco ea Morimo; gone ha tsiamo e le ka molao, Keresete o tla bo a shuetse lehela.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help