1MI Davide a re, A go sa setse moñue oa eintlu ea ga Saule, gore ki mo rihele bopelunomi ka eintla ea ga Yonatane?
2Mi gabo gole motlañka oa eintlu ea ga Saule, eo leina ya gague e le le Tsibe. Mi ba miletsa go Davide. Mi khosi ea mo raea, A u Tsibe? Mi a re, Ki ’na motlañka oa gago.
3Mi khosi ea re, A ga go ope eo o sa leëoñ oa eintlu ea ga Saule, gore ki mo rihele ka bopelunomi yoa Morimo? Mi Tsibe a raea khosi, Go sale moroa Yonatane moñue, eo o robegileñ linao.
4Mi khosi ea mo raea, O kae? Mi Tsibe a raea khosi, Bona, o mo tluñ ea ga Makire, moroa Amiele kua Lo‐debara.
5Mi Davide khosi a roma a mo entsa mo tluñ ea ga Makire, moroa Amiele kua Lo‐debara.
6¶ Mi erile Mefiboshete moroa Yonatane, moroa Saule, a ea go Davide, a oela ka hatlogo sa gague a ikoba. Mi Davide a re, Mefibosheta. Mi a re, Bona motlañka oa gago.
7Mi Davide a mo raea, U si boihe: gone ki tla gu rihelela bopelunomi rure ka eintla ea ga Yonatane rago, mi ki tla gu rebolela maota aotle a ga Saule rago; mi u tla ya liyo ha loyeloñ loa me ka gale.
8Mi a ikoba, a re, Motlañka oa gago eñ, ka u ñokile enca e e shuleñ, yaka kintse?
9Mi khosi ea bitsa Tsibe motlañka oa ga Saule, mi a mo raea, Ki neile moroa morena oa gago cotle tse Saule o la a na naco le tsa eintlu ea gague cotle.
10Ki gona u mo lemele lehatsi, uena, le bomoroau, le batlañka benu, u kokoanye totahalo, gore moroa morena oa gago a ne le liyo go li ya; mi Mefiboshete moroa morena oa gago, o tla ya liyo ha loyeloñ loa me ka gale. Mi Tsibe a na le bomoroa ue ba faeve-teñ le batlañka ba tuente.
11Mi Tsibe a raea khosi, Motlañka oa gago o tla riha kaha cotleñ tse khosi morena oa me e li laoletseñ motlañka oa eona ka gona. Mi khosi ea re, Mefiboshete o tla ya ha loyeloñ loa me yaka moñue oa bomoroa khosi.
12Mi Mefiboshete a na le moroa ue ea motlana, eo leina ya gague e le le Mike. Mi botle ba ba nntseñ mo tluñ ea ga Tsibe e le le batlañka ba Mefiboshete.
13Mi Mefiboshete a nna mo Yerusalema: gone a ya ha loyeloñ loa khosi ka gale; mi a tlotsa linao tsa gague co‐tu.
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.
