Lipesalema 78 - Sechuana Tlhaping Moffatt Bible 1890(TSN1890)

PESALEM 78.¶ Masikile a ga Asefe.

1LONA bathu ba me, utluañ thuto ea me; sekegelañ tsebe tsa lona go mahukuñ a molomo oa me.

2Ki tla bula molomo oa me ka mahuku a a rutañ; ki tla bulela tsi ri gopolesegañ tsa bogolugolu.

3Tse re li utluileñ, ra li itse, tse bo‐rra ecu ba li re buleletseñ.

4Ga re kitla re li shubela bana ba bona, mo losikeñ lo lo rularañ, go bulela lipako tsa ga Yehova, thata tsa gague, le likhakhamaco tsa gague, tse o li rihileñ.

5Gone o la tlomamisa kaelo mo go Yakoba, mi a laolela molao mo Yeserela, o o o laoletseñ bo‐rra ecu, gore ba li itsise mo baneñ ba bona.

6Gore losika lo lo rularañ lo li itse; eboñ bana ba ba tla tsaloañ; ba ba tla tlogañ, go li bulelela mo baneñ ba bona;

7Gore ba tlome culuhelo ea bona mo Morimoñ, le esiñ go lebala tiho tsa Morimo, mi gore ba buluke litaolo tsa ona.

8Mi gore ba si ne yaka bagolu ba bona, ba e le le ba losika lo lo tlogo e thata le lo lo tlapeisañ; losika lo lo lo sa siamisa pelu tsa lona, le lo moea oa lona o lo sa ikañoa ha go Morimo.

9Bana ba ga Eferaima, ba ba le ba na le lilo tsa tlabano, ba gokere mara, ba boea, ba tsaba mo tsatsiñ ya tlabano.

10Ba si ka ba buluka kholagano ea Morimo; mi ba gana go tsamaea mo molaoñ oa ona;

11Mi ba lebala litiho tsa ona, le likhakhamaco tsa ona, tse o lo oa li ba bontsa;

12Tse ri gakhamatsañ tse o lo oa li riha ha pele ga bagolu ba bona; mo hatsiñ ya Egepeto le mo nageñ ea Tsoana.

13O lo oa tsetsereganya leoatle, mi oa ba khabagantsa; oa emisa metse yaka mokooa.

14Oa ba goga ka leru mo tsatsiñ; le mo sigoñ yotle ka leseri ya mulelo.

15Oa kakabolosa mahika mo gareñganaga; mi oa ba nosa yaka mo mateñeñ a magolu.

16Gone o lo oa entsa likelelo mo lehikeñ, mi oa holosa metse yaka melapo.

17Leha gontse yalo ba coelela pele go o leohela bogolu bogolu, go galehatsa Mogorimo oa bogorimo bogolu kua gareganaga.

18Ba le ba raela Morimo mo peluñ tsa bona, ka go eleletsa khatlego tsa bona liyo.

19E, ba le ba buela Morimo, ba re, A Morimo o nonohile go bakanya lomati loa boyelo mo gareñganaga?

20Bonañ, o tubile lehika, ga tsamaea metse a cabanyetsega, mi likelelo tsa khurumetsa; señkhua le shona a o ka se naea? a o ka tlamela bathu ba ona ka nama?

21Ki gona Yehova a utlua, mi a na bogale bogolu; mi molelo oa cuyoa mo go Yakoba, mi ga tlatlogela Bayeserela bogale.

22Gone ba si ka ba rumela Morimo le esiñ go ikanya puluko ea ona.

23Leha o lo oa laola maru kua gorimoñ, mi oa bula meyako ea legorimo;

24Mi oa nesetsa mana mo go bona go yeoa: mi oa ba naea mabele a legorimo;

25Mi bathu ba le ba ya liyo tsa linatla; oa ba romela liyo tsa go khoroa.

26O lo oa hokisa pheho ea Iseta mo magorimoñ; mi oa kharametsa pheho ea Southa ka thata ea ona.

27Mi oa ba nesetsa nama yaka lorole; le linunyane tse li liphuka yaka moshaua oa leoatle.

28Oa li osetsa mo gareñ ga botlaolelo yoa bona, mo eintleñ cotle tsa maago a bona.

29Eriha gona ba yañ, mi ba khora segolu; mi oa ba leretsa keleco ea bona.

30Ba le ba e si ba khutle go khorisa keleco ea bona, liyo tsa bona li li sa le mo melomoñ ea bona,

31Ka bogale yo bogolu yoa Morimo bo ba tlatlogela; mi oa bolaea ba ba nonneñ segolu ba bona; mi ba ba itseñkecoeñ ba Yeserela oa ba tubela hatsi.

32Leha gontse yalo, ba le ba coelela pele go leoha bogolu, mi ba si ka ba rumela likhakhamaco tsa ona.

33Ki gona yalo o lo oa nyeletsa malatsi a bona ka boithamako; le linyaga tsa bona ka therego.

34Erile o ba bolaea, eriha gona ba o batlañ; ba boea, ba batla Morimo go sale gale.

35Mi ba gakologeloa ha Morimo o lo le lehika ya bona; le Morimo oa bogorimo bogolu e le le Morekolori oa bona.

36Mi yalo ba le ba o baka ka boitimokanyo ka melomo ea bona, mi ba o akela ka liteme tsa bona.

37Gone pelu tsa bona li li sa siama le ona; mi le gona ba si ka ba ikanya kholagano ea ona.

38Leha gontse yalo, ka o lo le boicuarelo, oa icuarela tsiamololo ea bona, mi o si ka oa ba senya; mi oa bosa bogale yoa ona ka gantsi; mi o si ka oa tlotleletsa bogale yoa ona yo bogolu yotle.

39Gone o lo oa gakologeloa, ha ba le nama; pheho e e hetañ, e e sa beñ e boea.

40Ba le ba o galehatsa gantsi yañ, mo gareñganaga, ba o lapisa mo hatsiñ ya lokhere!

41E, ba boea, ba ba ba raela Morimo; mi ba bela Moitsephi oa Yeserela moleloane.

42Ba si ka ba gopola atla sa ona; le tsatsi ye, ka o ba golola mo mabeñ.

43Ka o riha licupo tsa ona mo Egepeto; le likhakhamaco tsa ona mo nageñ ea Tsoana.

44Ka o hetola melapo ea bona mari; le likelelo tsa bona, ga tsamaea ba reteleloa ki go noa.

45Oa roma bontsi yoa lintsi li sele tse ri leñ tsa ba nyeletsa, le liguagua tse ri ba sentseñ.

46Mi oa nela liboku totahalo ea bona, le tihelo ea bona litsie.

47Oa senya tlare tsa vine tsa bona ka sehako, le tlare tsa sekamore tsa bona ka sehako se segolu.

48Le gona oa nela matlape a bona sehako, le macomane a bona khabuñ tsa mulelo.

49Oa roma bogale yoa ona yo bo tukañ mo go bona; bogale, le bogale yo bogolu, le tlalelo, ka go roma baroñoi ba boshula.

50Oa rihela bogale yoa ona tsela; o si ka oa golola meoea ea bona mo loshuñ; mi oa nela matselo a bona pesetelense.

51Oa bolaea batsaloi ba eintla botle mo Egepeto; mauñuo a eintla a thata ea bona mo litenteñ tsa Hama;

52Mi oa isa bathu ba ona yaka liñku, oa ba gogela yaka lecomane kua gareganaga.

53Oa ba goga ka puluko, mi ba si ka ba boiha; gone leoatle ya khurumetsa baba ba bona.

54Oa ba lere mo khaoloñ ea lehatsi ea ona ea boitsepho; mo thabeñ e atla sa ona se se siameñ se e rekileñ.

55Oa khoromeletsa eintle baeteni ha pele ga bona; mi oa aba boshua yoa bona ka lori; mi oa agisa lico tsa Yeserela mo tenteñ tsa bona.

56Mi leha gontse yalo, ba raela ba galakisa Morimo oa bogorimo bogolu; mi ba si ka ba buluka licupo tsa ona.

57Mi ba tenega ba riha ka tsieco yaka bo‐rabo; ba boela morago yaka bora yo bo laologileñ.

58Gone ba o tlotleletsa mo bogaleñ ka mahelo a a bogorimo a bona; mi ba o tlotleletsa mo lehuheñ ka merimo ea bona e e setiloeñ.

59Morimo oa utlua, mi oa na bogale bobe; mi oa ila Yeserela segolu;

60Ga tsamaea oa tlogela taberenakela ea ona mo Shilo; tenta e o loa aga mo bathuñ ka eona.

61Oa nelela mo kholegoñ thata ea ona; le khalalelo ea ona mo thateñ ea maba.

62Oa nelela bathu ba ona caka; mi oa na bogale yo bo tukañ le boshua yoa ona.

63Molelo oa nyeletsa makau a bona; mi makharebe a bona a si ka a bakoa.

64Baperiseti ba bona ba oa ka caka; mi batlolagari ba bona ba si ka ba lelela.

65Eriha gona Yehova o cogañ yaka moñue eo o robetseñ; yaka monona oa bonatla eo o bitsañ ka boyaloa.

66Mi a tlanya baba ba gague ka kua morago; a ba riha botlabisa litloñ yo bo sa khutleñ.

67A gana taberenakela ea Yosefa; mi a si ka a itseñkela loco loa Eferaima;

68Mi a itseñkela loco loa Yuda; thaba ea Tsiona, e o e ratileñ.

69Mi a aga helo ga boitsepho ga gague, yaka bogorimo, yaka lehatsi ye o le tlomamisitseñ ka bosina bokhutlo.

70Le gona a itseñkela Davide motlañka oa gague; oa mo cula mo marakaneñ a liñku.

71A mo lere ka a sala liñku tse ri amusañ morago, go hurisa bathu ba gague Yakoba, le Yeserela boshua yoa gague.

72Mi a ba hurisa kaha tsiamoñ ea pelu ea gague; mi a ba goga kaha tlaloganyoñ ea atla tsa gague.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help