1 Likhosi 14 - Sechuana Tlhaping Moffatt Bible 1890(TSN1890)

KHAOLO 14.

1ABIYE moroa Yeroboame a bobola, ka motla ouo.

2Mi Yeroboame a raea mosari oa gague, A ko u nanoge, u iphetole, gore u si itsioe ha u le mosari oa Yeroboame; mi u ee Shilo: bona, Ahiye moperofeti o gona, eo o la a bua ga me, a re, ki tla na khosi ea bathu ba.

3Mi tsaea liñkhue li ten mo atleñ sa gago, li liñkhuana tse ri papetla, le kuruana ea linotse, mi ea go ena: o tla gu bulelela se se tla rihalelañ ñuana eo.

4Mi mosari oa Yeroboame a riha yalo, mi a nanoga, a ea go Shilo, a hitla kua tluñ ea Ahiye. Mi Ahiye a bo a sa bone; gone maitlo a gague a eme ka bocohe yoa gague.

5¶ Mi Yehova a raea Ahiye, Bona, mosari oa Yeroboame o etla go lopela moroaue señue go uena; gone a bobola: u bue yalo le yalo le ena; mi go tla na ka a tsena, o tla ipaea moeñ.

6Mi ga rihala, ka Ahiye a utlua khuasho ea linao tsa gague, ka a tsena mo moyakoñ, are, Tsena, uena mosari oa Yeroboame; u ipelañ moeñ? gone ki gu romecoe ka mahuku a a thata.

7Ea, u bulelele Yeroboame, Go bua yalo Yehova Morimo oa Bayeserela, A ere ka ki gu gorisitse ka gu entsa mo bathuñ, ka gu riha mokaeri oa Bayeserela bathu ba me,

8Ka gagola bogosi go ba eintlu ea ga Davide, ka bo gu naea: mi ga u cuane le Davide motlañka oa me, eo o la a tsegetsa taolo tsa me, a ’ntatela ka pelu ea gague eotle, go thokhamisa hela mo maitloñ a me;

9Mi u shulatsitse ua setisa botle ba ba le ba le pele ga gago: gone u lu ua ea u itihela merimo e sele, eboñ licuanco tse ri thecoeñ, go ’nkhakatsa, mi ’na, ua ’ntatlela morago ga motlana oa gago:

10Ki gona, bona, ki tla tlisetsa ba eintlu ea ga Yeroboame boshula, mi ki tla khaola go ba eintlu ea ga Yeroboame lonona lotle, eo o cualecoeñ le eo o setseñ mo Bayesereleñ, mi ki tla tlosa bahulari ba eintlu ea ga Yeroboame, yaka lecutelo le tlosioa e tsamaea le hela.

11Oa ga Yeroboame eo o shuelañ mo motseñ o tla yeoa ki linca; mi eo o shuelañ mo nageñ o tla yeoa ki nunyane tsa legorimo: gone Yehova o buile.

12Mi uena u nanoge, mi u ee kua tluñ ea gago: etlare nao tsa gago li tsena mo motseñ, ñuana o tla shua.

13Mi Bayeserela botle ba tla mo hutsahalela, ba mo hitla: gone ki ena esi oa Yeroboame eo o tla eañ go phupuñ, gone go bonyoe señue sa molemo go ena mo tluñ ea Yeroboame kaga Yehova Morimo oa Bayeserela.

14Le gona Yehova o tla icosetsa Bayeserela khosi, e e tla khaolañ ba eintlu ea ga Yeroboame mo tsatsiñ yeuo: le gona yana, go tla na yañ?

15Gone Yehova o tla khemetha Bayeserela, yaka lotlaka lo thukhu-thega mo metseñ, mi o tla mumula Bayeserela mo hatsiñ ye ya molemo ye o le neileñ bo‐rabo, a ba halatsa kua boseyeñ yoa molapo, gone ba rihile likhuana tsa bona, ba gakatsa Yehova.

16Mi o tla nela Bayeserela ka eintla ea maleo a ga Yeroboame, eo o leohileñ, le go leohisa Bayeserela.

17¶ Mi mosari oa Yeroboame a nanoga, a ea, a hitla Tiretsa: mi ka a tla go serepuriñ sa eintlu, ñuana a shua;

18Mi ba mo hitla; mi Bayeserela ba mo hutsahalela botle, kaha hukuñ ya Yehova ye o la a le bua ka Ahiye moperofeti motlañka oa gague.

19Mi tihalo tse ri setseñ tsa ga Yeroboame, kaha o la a tlabana, le kaha a busa ka gona, bonañ, li kuariloe mo bukeñ ea tihalo tsa khosi tsa Bayeserela.

20Mi malatsi a Yeroboame a busa ka aona, e le le nyaga li tuente tu: mi a robala le bo‐rague, mi Nadabe moroaue a busa boemoñ yoa gague.

21Mi Rehoboame moroa Solomone a busa mo Yudeñ. Rehoboame a simolola go busa ka a le oa nyaga li forte uan, mi a busa mo Yerusalema ka nyaga li seventen, motse o Yehova o la a o itseñkela mo licoñ tsa Bayeserela cotle, go baea leina ya gague gona. Mi leina ya mague e le le Naäme oa Moamona.

22Mi Bayuda ba shulatsa mo maitloñ a Yehova, mi ba mo huhantsa bogolu go cotle tse bo‐rabo ba le ba li riha, ka maleo a bona a ba a leohileñ.

23Mi le gona ha ikagela mahelo a a gorimo, le licuanco tse ri thokhameñ, le likhuana, mo thabaneñ tse ri gorileñ cotle, le kua tlatse ga tlare tse ri talana cotle.

24Mi le gona ga bo gole basodoma mo hatsiñ: mi ba riha kaha maileñ aotle a merahe e Yehova o la a e leleka ha pele ga bana ba Yeserele.

25¶ Mi ga rihala ka ñuaga oa bo‐faeve oa Rehoboame, Shishake khosi ea Egepeto a bololela Yerusalema:

26Mi a tsaea mahumo a eintlu ea ga Yehova, le mahumo a eintlu ea khosi; E, a tsaea aotle: mi a tsaea theyana tsa gouda cotle tse Solomone o la a li riha.

27Mi Rehoboame khosi a riha theyana tsa khotlo boemoñ yoa cona, mi a li tsenya mo atleñ sa molaori oa batabogi, eo o lebelañ moyako oa eintlu ea khosi.

28Mi ga rihala, eare khosi e tsena mo tluñ ea ga Yehova, batabogi ba li sikara, mi ba li bosetsa mo tluñ ea batabogi.

29¶ Mi tihalo tse ri setseñ tsa Rehoboame, le cotle tse o la a li riha, a ga lia kualoa mo bukeñ ea tihalo tsa likhosi tsa Yuda.

30Mi ga bo gole tlabano gare ga Rehoboame le Yeroboame mo malatsiñ aotle a bona.

31Mi Rehoboame a robala le bo‐rague, mi a hitloa ha go bo‐rague mo motseñ oa Davide. Mi leina ya mague e le le Naäme oa Moamona. Mi Abie moroaue a busa boemoñ yoa gague.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help