1ITUMELELEÑ Yehova; bitsañ leina ya gague; itsiseñ tiho tsa gague mo bathuñ.
2Mo opeleleñ; mo opeleleñ lipesalem; buañ ga tiho tsa gague tse ri gakhamatsañ.
3Belahalañ mo ineñ ya gague ya boitsepho; a pelu tsa ba ba batlañ Yehova li itumele.
4Batlañ Yehova, le thata ea gague; batlañ sehatlogo sa gague ka bosa khutleñ.
5Gopolañ likhakhamaco tsa gague tse o li rihileñ; likhakhamaco tsa gague, le litsekisho tsa molomo oa gague;
6Lona losika loa ga Aberahame, motlañka oa gague; lona bana ba ga Yakobe, baitseñkeroi ba gague.
7Ena ki Yehova, Morimo oa rona; litsekisho tsa gague li mo hatsiñ yeotle.
8O gopola kholagano ea gague ka bosina bokhutlo; lehuku ye o le laoletseñ litsika li thousanda.
9 Kholagano e o la e riha le Aberahame, le ikano ea gague go Yitsake;
10E o la e tlomamisetsa Yakobe, go na taolo; le go Yeserela go na kholagano e e sa khutleñ;
11A re, Ki tla gu naea lehatsi ya Kanana, kabelo ea boshua yoa gago;
12Ka ba le ba botlana mo paloñ; E, ba le banye, le baeñ mo go yeona;
13Ka ba tlatlologanya morahe moñue go o moñue; le go bogosi yo boñue go bathu ba sele.
14A si ka a lesa mothu ope go ba patika; E, a buela likhosi ka eintla ea bona;
15 A re, Si ameñ motlorioi oa me; mi si riheñ baperofeti ba me boshula.
16Le gona a biletsa tlala mo hatsin; a roba tsamma ea señkhue.
17A roma monona ha pele ga bona; Yosefe eo o la baparioa go na motlañka.
18Ba gatisa nao tsa gague mo logoñyeñ; ba mo golega mo tsipiñ;
19Ga tsamaea motla o o laocoeñ o tla, lehuku ya Yehova ya mo leka.
20Khosi ea roma, mi ea mo golola; molaori oa bathu a mo golola.
21Ea mo riha morena oa eintlu ea eona, le molaori mo lithotoñ tsa eona cotle;
22Gore a golege likhosana kaha thatoñ ea gague; le go ruta bagoluane ba gague botlale.
23Mi Yeserela a tla yalo mo Egepetoñ; mi Yakobe a na yaka moeñ mo hatsiñ ya Hama.
24Mi a atisa bathu ba gague segolu; a ba thatahatsa bogolu go baba ba bona.
25A shukulola pelu tsa bona go ila bathu ba gague; le go riha tsieco le batlañka ba gague.
26A roma Moshe motlañka oa gague, le Arone eo o mo itseñketseñ.
27Ba riha licupo tsa gague mo go bona, le litiho tse ri gakhamatsañ mo hatsiñ ya Hama.
28A roma lehihi, mi a le hihihatsa; mi leha gontse yalo, ba ganela le lehuku ya gague.
29A hetola metse a bona mari, mi a bolaea tlapi tsa bona.
30Lehatsi ya bona ya uñua liguagua segolu, le kua teñ ga matlu a likhosi tsa bona.
31A bua, mi ge tla metsitse e e tlakanyeñ le linta mo hatsiñ yotle ya bona.
32A riha pula ea bona go na sehako; mi a roma khabu tsa mulelo mo hatsiñ ya bona.
33A daea tlare tsa movine tsa bona, le litlare tsa mofeige tsa bona; mi a roba litlare tsa hatsi ya bona.
34A bua, mi ge tla litsie, le liboku, le cona li sina palo;
35Tse ri yeleñ tsa uetsa merogo ea lehatsi ya bona, mi tsa ya louñuo loa masimo a bona.
36Le gona a bolaea ba burure botle mo hatsiñ ya bona, le ba eintla botle ba thata eotle ea bona.
37Mi a ba entsa go yeona ka selevera le gouda; mi go sina ope eo sekooa mo litsikeñ tsa bona.
38Egepeto ya itumela ka ba huruga go yeona; gone therego oa bona e le e oetse go bona.
39A tsarolola leru go na setsiro, le molelo go serihatsa mo bosigoñ.
40Ba lopa, mi a lere bokabakayeoe; mi a ba khorisa ka señkhue sa legorimo.
41A bula lehika, mi metse a caban-yatsega; a elela mo hatsiñ ya lokhere yaka molapo.
42Gone a gakologeloa huku ya gague ya boitsepho, go Aberahame motlañka oa gague.
43A entsa yalo bathu ba gague ka boitumelo, baitseñkeroi ba gague ka kopelo ea boitumelo.
44Mi a ba naea mahatsi a baeteni; mi ba bona boshua yoa tihelo tsa bathu.
45Gore ba tsetsie litaeo tsa gague, le go buluka melao. Bakañ Yehova.
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.