Episetole go Baroma 15 - Sechuana Tlhaping Moffatt Bible 1890(TSN1890)

KHAOLO 15.

1MI rona ba re thata re cuanetse go iphapanya le lithetelelo tsa ba ba bokoa, esiñ go ikhatla ka rosi.

2A moñue le moñue oa rona a ikhatlele moñ ka ena molemo mo kageleloñ.

3Gone Keresete le ena a si ka a ikhatla; mi yaka go kuariloe, Likhobo tsa bona ba ba gu khobileñ li oetse mo go ’na.

4Gone cotle tse ri tsa kualoa pele, li kualecoe thuto ea rona; gore re ne le culuhelo ka bopelutelele le khomoco ea likualo.

5Mi yana, Morimo oa bopelutelele le khomoco, a o lo nee boitlomo yo boñue hela mo go lona kaha Kereseteñ Yesu:

6Gore lo galaletse Morimo, Rra Yesu Keresete Morena oa rona, ka boitlomo yo boñue hela, le ka molomo o moñue hela.

7Ki gona, culanañ, yaka Keresete le ena a re culetse khalaleloñ ea Morimo.

8Gone ka re, Yesu Keresete o la a na moriheri oa ba boguera ka boamarure yoa Morimo, gore a tlomamise lipulelelo‐pele tse ri rihecoeñ bo‐rra;

9Mi gore bahaitene ba galaleletse Morimo boicuarelo yoa ona; yaka go kuariloe, Ki tla gu ipobola mo bahaiteniñ ka ntla ea mouo, mi ki tla opelela leina ya gago.

10Mi a ba a re, Itumeleñ, lona bahaitene le bathu ba gague.

11Mi gape, Lona bahaitene botle, bakañ Yehova, le lona bathu botle, mo tlotleñ.

12Mi Yesaye a ba a re, Go tla na mocoe oa ga Yeshae, le eo o tla cogañ go laola bahaitene; bahaitene ba tla shuluhela mo go ena.

13Mi yana, Morimo oa culuhelo, a o lo tlatse ka boitumelo yotle, le kagisho mo tumeloñ, gore lo tote bogolu mo culuheloñ, ka thata ea Moea oa Boitsepho.

14Mi, bakauleñue ba me, le ’na ki itsisicoe rure ga lona, ha le lona lo tletse molemo, lo tlaricoe ka kico eotle, mi le gona lo nonohile go kaelana.

15Leha gontse yalo, bakauleñue, ki lo kualetse ka thanolo go lo goporisa ka ntla ñue, ka tsegohaco e ki e neiloeñ ki Morimo,

16Gore ki ne moriheri oa ga Yesu Keresete mo bahaiteniñ, go ba rihela evangelio ea Morimo, gore cupelo ea bahaitene e natehe, ka e itsephisicoe ki Moea oa Boitsepho.

17Ki gona ki nañ le pelahalo mo liloñ tse tsa Morimo ka Keresete Yesu.

18Gone ki sa kake ka leka go bua sepe sa lilo tse Keresete o si kañ a li riha ka ’na, go utluisetsa bahaitene evangelio, ka mahuku le litiho,

19Ka licupo tse ri thata, le likhakamaco, le ka thata ea Moea oa Morimo; ka tsamaea ka rera ka botlalo evangelio ea ga Keresete, ka simolola ka Yerusalema, le go ntleñ cotle tsa ona, le kua Iliriko.

20E, ki le ka itlaganela yalo go rera evangelio, esiñ kua leina ya ga Keresete le utluetseñ gona, gore ki si age mo motheoñ oa eo moñue;

21Mi yaka go kuariloe, Ba o sa ba buleleloeñ, ba tla bona; mi ba ba sa utlueñ, ba tla tlaloganya.

22Le gona ki le ka khorelerioa go ea go lona ka gantsi ka ntla ea mouo.

23Mi yana ka ki sa tlole ki na le bonno mo maheloñ a, mi ka ki tlologelecoe nyaga li lintsi tse go ea go lona;

24Ki tla ea go lona mogañ ki etelañ kua Sepania; gone kia shuluhela go lo bona ka loeto loa me, le go isioa ki lona gona, ki sina go khorisioa ki lona gole gonye.

25Mi yana kia etela kua Yerusalema, go rihela baitsephi.

26Gone go le go khatlile bona ba Makedonia le Akaia go phuthela señue bahumanegi ba ba mo baitsephiñ kua Yerusalema.

27Gone go le go ba khatlile; mi rure ba molatu go bona. Gone ha bahaitene ba le ba rihiloe baaberoi ba lilo tsa moea tsa bona, ki gona ki cuanelo ea bona go ba rihela ka lilo tsa mele tsa bona.

28Ki gona etlareñ ki sina uetsa tse, le go ba kanela louñuo lo, ki tla tla ka lona, ki ea kua Sepania.

29Mi kia itse ha ki tlare ki hitla go lona, ki tla tla mo botlaloñ yoa tsegohaco ea evangelio ea ga Keresete.

30Mi kia lo rapela, bakauleñue, ka Yesu Keresete Morena oa rona, le ka lorato loa Moea, gore lo ganele mogo le ’na mo merapeloñ e lo ’nthapelelañ Morimoñ;

31Gore ki gololoe mo go bona ba ba sa rumeleñ mo Yudea; mi gore tihelo e ea me, e ki e rihelañ Yerusalema, e natehele baitsephi;

32Gore ki ee go lona ka boitumelo, ka thato ea Morimo, le go tsitsibosioa le lona.

33Mi yana Morimo oa kagisho, a o ne le lona lotle. Amena.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help