1MI Yehova a bua le Moshe, a re,
2Intsephele ba burure botle; mi botle ba ba mo baneñ ba Yeserele ba maitibolo, a ba ne ba me, ga mothu, le khomu.
3¶ Mi Moshe a raea bathu, Gakologeloañ tsatsi yenu, ye lo loa coa Egepeto, le mo tluñ ea botlañka ka yeona; gone Yehova o la a lo entsa monu ka atla se se thata; ki gona a se se berisicoeñ se si yeoe.
4Lo loa coa ka tsatsi yenu, le ka khueri ea Abiba.
5Mi ere mogañ Yehova a sina lo isa hatsiñ ya Bakanana, le ya Baheta, le ya Baamora, le ya Baheva, le ya Bayebusa, ye o la a le ikanela bo‐rra enu go le lo naea, lehatsi ye le elañ mashi le linotse, lo rihe tihelo e mo khueriñ enu.
6Lo ye señkhue se se sa berisioañ ka malatsi a seven, mi moletlo oa ga Yehova e ne ka tsatsi ya bo‐seven.
7 Señkhue se se sa berisioañ a se yeoe ka malatsi a seven; mi se se berisicoeñ a se si bonoe mo go lona, le seberisho a se si bonoe mo likhoreñ tsa lona cotle.
8Mi lo ree bana ba lona mo tsatsiñ yeuo, lo re, Se se rihoa ka eintla ea se Yehova o la a se re rihela mogañ o re coañ Egepeto ka ona.
9Mi se a se ne yaka seshupo mo atleñ tsa lona, le yaka segopoco gare ga maitlo a lona, gore molao oa ga Yehova o ne melomoñ ea lona: gone Yehova o la a lo entsa mo hatsiñ ya Egepeto ka atla se se thata.
10Ki gona tlokomelañ molao o mo motleñ oa ona ka ñuaga ñuaga.
11¶ Mi go tla rihala mogañ o Yehova a sina lo isa hatsiñ ya Bakanana yaka a la a lo ikanela le bo‐rra enu, a le lo naea,
12Mi lo lomololele Yehova oa burure moñue le moñue oa mosari, le maitibolo aotle a tse ri tserileñ tse lo nañ naco; tse ri tona ki tsa ga Yehova.
13Leitibolo leñue le leñue ya esela lo le rekolole ka kuana; mi ha lo sa e rekolole lo khaole thamo ea yeona: mi ba burure botle ba bathu, mo baneñ ba lona lo ba rekolole.
14Mi ha go tla rihala bana ba lona ba lo botsa motla o o tlañ, ba re, Eñ se? Lo ba ree, Yehova o la a re entsa mo Egepeto mo tluñ ea botlañka ka atla se se thata;
15Gone gole ga rihala erile Faroe a thatahala, a gana go re lesa go ea, Yehova a bolaea ba burure botle mo hatsiñ ya Egepeto, go simolola ka ba burure ba bathu go ea maitiboloñ a likhomu: ki gona re shupelañ Yehova maitibolo aotle a litona; mi ba burure botle ba bana ba rona rea ba rekolola.
16Mi se a se ne seshupo mo atleñ tsa lona, le mekare gare ga maitlo a lona: gone Yehova o la a lo entsa mo Egepeto ka atla se se thata.
17¶ Mi yana erile Faroe a sina lesa bathu go ea, Morimo o lo o si ka oa ba goga mo tseleñ ea Bafiliseta, leha e le le gauhe, gone Morimo oa re; Gore e si re khotsa eare bathu ba bona tlabano ba ikuatlaea, ba boela Egepeto:
18Mi Morimo oa goga bathu ka cokeco mo tseleñ ea gareganaga yoa Leöatle ye le Hubiru, mi bana ba Yeserele ba coa mo hatsiñ ya Egepeto ka thulaganyo.
19Mi Moshe a tsaea marapo a ga Yosefe le aona; gone o la a ikanisa bana ba Yeserele ka ikano e e thata, a re, Morimo o tla lo lekolela rure, mi lo belege marapo a me le aona a coe monu.
20¶ Mi ba tloga mo Sukota, mi ba tlaolela kua Etama ha khutloñ sa bogareganaga.
21Mi Yehova a ba etelela pele ka pilara ea leru ka motsegare, go ba goga mo tseleñ; le mo pilareñ ea molelo bosigo, go ba bonesa, go coelela motsegare le bosigo:
22A si ka a tlosa pilara ea leru motsegare, le esiñ pilara ea molelo mo bosigoñ ha pele ga bathu.
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.